Fetela kwa tshedimosetsong

Dikopano Tse di Kgethegileng Tsa Basupi ba ga Jehofa Tse di Neng di Tshwaretswe Kwa Dinageng di le Supa

Dikopano Tse di Kgethegileng Tsa Basupi ba ga Jehofa Tse di Neng di Tshwaretswe Kwa Dinageng di le Supa

Bosheng jaana Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwara dikopano tse di kgethegileng kwa Brazil, Costa Rica, Hong Kong, Ireland, Iseraele, New Zealand le kwa Sweden. Kopano ya ntlha mo motseletseleng ono e ne ya tshwarelwa kwa Sweden ka Phukwi 2012 mme tse tharo tsa bofelo di ne tsa tshwarelwa kwa Costa Rica le kwa New Zealand ka Ferikgong 2013.

Fela jaaka re rulaganya dikopano tse dingwe tsa ngwaga le ngwaga tsa malatsi a le mararo, dikopano tseno tse di kgethegileng le tsone di na le dipuo tse di theilweng mo Baebeleng, dipontsho le diterama.

Bayakopanong ba ne ba laleditswe go ya kwa motseletseleng ono wa dikopano tse di kgethegileng kwa dinageng di sele. Pele ga kopano le morago ga yone, ba ne ba nna le tshono ya go bontshiwa naga e kopano e tshwaretsweng kwa go yone.

Mongwe wa bayakopanong e e neng e tshwaretswe kwa Brazil o ne a re: “Go ne go itumedisa tota go bona kafa bakaulengwe ba neng ba re bontsha lorato le go re amogela ka teng. Go ne go ntse jaaka e kete ke sa tswa go nna le lelapa le lengwe le lesha.”

Mongwe wa bayakopanong e e kgethegileng e e neng e tshwaretswe kwa Hong Kong a re: “Ke ne ka amiwa thata ke go bona batlakopanong ba ba buang Se-Mandarin ba nyenya e bile ba kgapha dikeledi tsa boitumelo ba tlamparetse dikgatiso tsa Baebele tse di sa tswang go gololwa.”

Ngwaga le ngwaga Basupi ba ga Jehofa ba tshwara dikopano mo lefatsheng lotlhe. Batho ba le dimilione ba nna teng mo dikopanong tseno.

Dikopano tseno di dira gore ba ba leng teng ba bone kafa re ratanang ka teng, re itumetseng e bile re nang le kagiso ka teng. Seno se bonala thata kwa dikopanong tse di kgethegileng kgotsa tsa boditšhabatšhaba. Ka nako ya boikhutso batlakopanong ba itumelela go tlotla le go ja mmogo, ba fana dimpho le diaterese, ba tsaya dinepe le go bontshana lorato.

Fela jaaka go ntse ka dikopano tsotlhe tsa rona, batho ba e seng Basupi ba ga Jehofa le bone ba a lalediwa.