Fetela kwa tshedimosetsong

Pego ya Pokano ya Ngwaga le Ngwaga

“Buka ya Modimo—Letlotlo”

Pego ya Pokano ya Ngwaga le Ngwaga

Ka mafelobeke a Diphalane 5 le 6, 2013, batho ba le 1 413 676 mo dinageng di le 31 ba ne ba reetsa pokano ya ngwaga le ngwaga ya bo129 ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, bangwe ba le kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jersey City, New Jersey, U.S.A., mme ba bangwe bone ba gokagantswe ka Internet.

Guy Pierce wa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e ne e le modulasetulo mo pokanong eno. O ne a dira gore bareetsi ba swegaswege pelo ka go ba tlhomamisetsa gore thulaganyo eno e ne e tla araba dipotso tsa botlhokwa tsa Baebele, e phatsimise lesedi la boammaaruri le go ba naya ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.’—Mathaio 24:45; Diane 4:18.

“Lefelo la Dipontsho le le Tlotlomatsang Jehofa.”

Mark Sanderson wa Setlhopha se se Laolang o ne a bua ka lefelo leno la dipontsho le lesha la Basupi le le kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, New York, U.S.A., la setlhogo se se reng “Baebele le Leina la Modimo.” Le bontsha mo leina la Modimo le tlhagang gone mo Dikwalong Tsa Sehebera le mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika e bile le na le Dibaebele tse dintsi tsa bogologolo, dirisiwa tsa bogologolo le ditsebe tsa Baebele tsa Metlha ya Bogare.

Dingwe tsa dilo tse di tlhomologileng mo lefelong leno la dipontsho ke ditsebe tsa thanolo ya Baebele ya lekgolo la bo16 la dingwaga ya ga William Tyndale yo e leng moranodi wa ntlha wa Baebele yo o neng a ranolela leina la Modimo mo Seesemaneng, le ditsebe tsa kgatiso ya 1602 ya thanolo ya Se-Spain e e itsegeng e le Reina-Valera Bible e e ranolang leina la Modimo e le “Iehova.” Gape go na le thanolo ya Seesemane e e itsegeng e le Great Bible (e e gatisitsweng ka 1549), khopi ya Baebele ya dipuo tse 12 ya ga Elias Hutter (Kgatiso ya 1599 e gape e bidiwang Nuremberg Polyglot) le Geneva Bible (e e gatisitsweng ka 1603) mme tsotlhe di dirisa leina la Modimo.

Mokaulengwe Sanderson o ne a laletsa mongwe le mongwe gore a tle go bona lefelo leno la dipontsho la Dibaebele ka go re: “Re rapelela gore . . . le thuse batho ba dingwaga tsotlhe ba ba peloephepa le ba ba rutegileng ka ditsela tse di farologaneng gore ba rate dilo tse pedi tse le rona re di ratang—Lefoko la Modimo le le tlhwatlhwakgolo, Baebele, le leina la gagwe le le galalelang, Jehofa.”

Temana ya Ngwaga ya 2014.

Fa Gerrit Lösch wa Setlhopha se se Laolang a sena go sobokanya Tora ya Tebelo ya beke eo, Mokaulengwe Pierce o ne a itsise temana ya ngwaga ya 2014 e e reng, “A Bogosi jwa gago bo tle.” (Mathaio 6:10) Le fa temana eno ya ngwaga e tla nna e tshwanela Basupi ba ga Jehofa, e botlhokwa thata mo ngwageng wa 2014 ka gonne e tla bo e le ngwaga wa bo100 Bogosi jwa Modimo bo tlhomilwe kwa legodimong.

“Mpho e e Tlhwatlhwakgolo e e Tswang Kwa Modimong.”

Mo karolong eno, bareetsi ba ne ba itumelela bidio e e tlhalosang ka hisitori ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha, Baebele e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa le e batho ba bangwe ba e tsayang e le thanolo e e botoka go di gaisa tsotlhe. Fa Nathan Knorr a ne a golola bolumo ya ntlha ya thanolo eno ka 1950 kwa Kopanong ya Boditšhabatšhaba ya Koketsego ya Puso ya Modimo, o ne a bolelela bareetsi se se sa ntseng se le botlhokwa le gompieno: Balang thanolo eno yotlhe. E ithuteng. Thusang ba bangwe gore ba e ithute ka gonne seno se tla ba thusa gore ba bitse leina la ga Jehofa.

“Tse di Itumedisang Tsa Maloba.”

Samuel Herd wa Setlhopha se se Laolang o ne a neela puo ya setlhogo seno se se neng se akaretsa go tshameka bidio e mo go yone go neng go botsolodiwa maloko a le manѐ a lelapa la Bethele la kwa United States, a a neng a le teng fa go ne go gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka dibolumo di le thataro magareng ga 1950 le 1960.

Eunice Timm o gakologelwa a dirisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha kwa dipokanong tsa Bokeresete. O ne a itumelela dikarolo tse di thusang go dira dipatlisiso tse di jaaka ditshupiso tse di fa gare mo ditsebeng. A re e re ka go rwala dibolumo tseno tsotlhe go ne go imela, o ne a tle a tseye fela dibolumo tse a neng a tla di tlhoka le Baebele e nnye ya King James Version gore a e dirise fa go ka balwa ditemana tse a neng a sa lebelela gore di tla balwa.

Thanolo e ntšha e ne ya ama le dikarolo tse dingwe tsa kobamelo ya rona. Ka sekai, Fred Rusk o ne a re pele ga 1950, ba ba neng ba rapelela lelapa la Bethele ba ne ba dirisa mafoko a King James Version a a jaaka, “puso ya gago a e tle.” Le fa go ntse jalo, fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha e sena go gololwa, ba ne ba tlogela go dirisa puo ya bogologolo ba bo ba rapela ka puo e e dirisiwang letsatsi le letsatsi.

John Wischuk o ne a kgatlhiwa thata ke boleng jwa thanolo le boikokobetso jo Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha e ileng ya bo bontsha. O ne a re: “Ba ne ba sa batle gore maina a bone a itsiwe, fa ba sa ntse ba tshela kgotsa fa ba setse ba sule ka gonne ba ne ba batla gore kgalalelo yotlhe e ye kwa go Jehofa Modimo.” Charles Molohan o ne a tlhalosa kafa batho bano ba ba neng ba botsolodiwa ba neng ba ikutlwa ka gone fa a ne a re: “Thanolo ya Lefatshe le Lesha e re thusitse go tlhomamisa boammaaruri mo dipelong tsa rona le go nonotsha tumelo ya rona gore re nonotshe tumelo ya ba bangwe.”

“Re ba Utlwa ba Bua ka Diteme Tsa Rona Kaga Dilo Tse Dikgolo Tsa Modimo.”

(Ditiro 2:11) Geoffrey Jackson wa Setlhopha se se Laolang o ne a neela puo e mo go yone a neng a golola Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya 2013 ya Seesemane. Kwa bokhutlong jwa puo ya gagwe, ba ba neng ba reeditse go akaretsa le ba ba neng ba gokagantswe ka Internet, ba ne ba newa Dibaebele.

Mokaulengwe Jackson o ne a re go setse go fetile dingwaga di feta 60 fa e sale bolumo ya ntlha ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e golotswe. Go tloga ka nako eo, puo ya Seesemane e ntse e fetoga mme mokgele wa rona fa re ranola Baebele ga o fetoge. Re batla go ranola Lefoko la Modimo jaaka le ntse re sa fetole bokao jwa lone.

Ka 2005, Setlhopha se se Laolang se ne sa tlhoma mogopolo mo go reng Baebele e ranolelwe mo dipuong tse dintsi. Fa e sale ka nako eo, dipuo tse Thanolo ya Lefatshe le Lesha e gatisiwang ka tsone di ne tsa oketsega go tloga go 52 go ya go 121, mme e sa ntse e tla ranolelwa mo dipuong tse dingwe tse 45. Fa baranodi ba ntse ba ranolela Thanolo ya Lefatshe le Lesha mo dipuong tse dingwe, ba ne ba botsa ka mafoko kgotsa dipolelwana dingwe ba kopa go di tlhalosediwa botoka. Go setse go rometswe dipotso di feta 52 000 tse di neng tsa arabiwa, mme bontsi jwa tsone bo ne jwa bontsha gore ke mo dikarolong dife mo Seesemane se tshwanetseng go tlhabololwa kgotsa go kwalwa ka Seesemane se se dirisiwang gompieno.

Ka sekai, Mokaulengwe Jackson o ne a tlhalosa gore pelenyana dikgatiso tsa Seesemane tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha mo go 1 Samuele 14:11, di ne di re Jonathane le motsholadibetsa wa gagwe ba ne ba “itshenolela masole a tshireletso a Bafilisitia.” E le gore temana eno e se ka ya tlhaloganngwa ka tsela e e sa tshwanelang, kgatiso e ntšha e e tlhabolotsweng ya re ba ne ba “itlhagisa.” Ka tsela e e tshwanang, Mika 2:6 e balega jaana fa e ranola mafoko jaaka a ntse: “Lo se ka lwa letla mafoko a tswa. Ba ne ba letla mafoko a tswa.” Gone jaanong mafoko ano a balega jaana: “‘Kgaotsang go rera!’ ba a rera.”

Mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, Setlhopha se se Laolang se ne sa tlhoma komiti gore e tlhabolole Thanolo ya Lefatshe le Lesha e bile gompieno re kgona go bona maduo a tiro ya bone. Baebele e e tlhabolotsweng e a kgatlha, e balega motlhofo e bile ga e senyege ka bonako le fa e ka tswa e dirisitswe ka lobaka lo loleele. Mokaulengwe Jackson o ne a itsise gore go ise go ye kae kgatiso eno ya Seesemane e tla bo e le teng ka mokwalo o mogolo le ka kgatiso e nnye.

‘Go Tshwara Lefoko la Boammaaruri Sentle.’

Mo puong eno e e theilweng mo go 2 Timotheo 2:15, Stephen Lett wa Setlhopha se se Laolang o ne a bua ka dintlha tse di oketsegileng tsa Baebele e e tlhabolotsweng. Mafoko a a reng ‘go tshwara sentle’ a a dirisitsweng mo temaneng eno a kaya “go sega ka tlhamalalo.” Re batla go dirisa “tšhaka ya moya” ka tsela e e tlhamalaletseng le e e boammaaruri. (Baefeso 6:17) Ka jalo, Mokaulengwe Lett o ne a bontsha gore dintlha tse di oketsegileng tsa Baebele eno di ka re thusa jang go dira jalo.

  1. Karolo e e simololang, ya setlhogo se se reng, “Go Itse Lefoko la Modimo” e na le ditemana tsa Baebele tse di arabang dipotso di le 20 tsa dithuto tsa motheo tsa Baebele.

  2. Dintlha Tse di Oketsegileng A, di tlhalosa dikarolo tsa Baebele e e tlhabolotsweng tse di jaaka diphetogo tse di dirilweng mo mokwalong le mo puong le kafa e ranolang leina la Modimo ka gone.

  3. Dintlha Tse di Oketsegileng B, di kgaogantswe ka dikarolo di le 15 tsa mebala e mentle e bile di na le dimmapa le ditshwantsho tse di ka thusang motho fa a ithuta a le nosi le fa a ruta ba bangwe.

  4. Kwa tshimologong ya buka nngwe le nngwe ya Baebele go na le “Dintlha Tsa Diteng” tse di tlhalosang buka eo, go thusa mmadi go bona karolo e a e batlang ka bonako. Karolo eno e emisetsa mokwalo o o neng o tlhaga kwa godimo mo tsebeng nngwe le nngwe ya dikgatiso tse dikgologolo.

  5. Lenaane la Mafoko a Baebele” le tlhalosa ka bokhutshwane mafoko a mantsi a a dirisitsweng mo Baebeleng.

  6. Mafoko a le mantsi a a neng a tlhaga mo go “Kaedi ya Mafoko a Baebele” a fokoditswe. Gone jaanong go tsentswe fela mafoko le ditemana tse di ka re solegelang molemo mo tirong ya go rera le go ruta.

  7. Ditshupiso tse di mo kholomong e e fa gare mo tsebeng nngwe le nngwe le tsone di fokoditswe. Gone jaanong go tsentswe fela tse di tla re thusang mo tshimong.

  8. Dintlha tse di kwa tlase di tlhalosa tsela e nngwe e mafoko a ka ranolwang ka yone, di bontsha thanolo ya lefoko ka lefoko le tshedimosetso e e oketsegileng malebana le se go buiwang ka sone.

JW Library.

John Ekrann, leloko la Komiti ya Lekala la United States, o ne a bontsha kafa thulaganyo e ntšha ya JW Library e ka dirisiwang ka gone mo didirisiweng tsa ileketeroniki tse di jaaka di-smartphone le dikhomputara tsa di-tablet. O ka kgona go bona Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e tlhabolotsweng le dithanolo tse dingwe tse tlhano tsa Baebele o dirisa thulaganyo eno. E ne ya gololwa mahala go dirisiwa dithulaganyo tsa madirelo a magolo tsa dikhomputara ka Diphalane 7, 2013.

“Go Ranola Lefoko la Modimo Gore le Tlhalose Bokao ka Tsela e e Tshwanetseng.”

Anthony Morris wa Setlhopha se se Laolang o ne a tswelela ka go tlhalosa melaometheo e e neng e kaela Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha fa e ne e ranola kgatiso e e tlhabolotsweng. Go tlhomamisa gore Baebele e tlhaloganyesega motlhofo, komiti eno e ne ya dirisa molaomotheo o o mo go 1 Bakorintha 14:8, 9 fa e dira tiro eno. Ba ne ba sa ranole lefoko ka lefoko fa e le gore seo se ne se tla fetola bokao jwa se Baebele e se buang.

Ka sekai, fa Genesise 31:20 e ne e ka ranolwa jaaka e ntse e ne e tla balega jaana: “Jakobe a utswa pelo ya ga Labane.” Le fa go ntse jalo, bokao jwa leele la Sehebera le le dirisitsweng mono bo farologane le jwa leele la Seesemane, ka jalo Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola mafoko ano jaana: “Jakobe a tsietsa Labane.” Ka tsela e e tshwanang, fa 1 Bakorintha 7:39 e ne e ka ranolwa lefoko ka lefoko, e ne e tla kaya gore mosadi yo o nyetsweng o ne a ka nyalwa ke monna yo mongwe fa monna wa gagwe “a ne a ka robala.” E re ka Baebele ka dinako dingwe e dirisa lefoko “boroko” go kaya go robala mo losong, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola mafoko ao e le ‘fa a ka robala mo losong,’ go thusa mmadi gore a tlhaloganye mafoko ao ka tsela e e tshwanetseng.

Mokaulengwe Morris o ne a re: “Fa Baebele e ne e kwalwa go ne go dirisiwa puo e e neng e buiwa letsatsi le letsatsi ya batho ba ba tlwaelegileng—balemi, badisa le batshwaraditlhapi. Thanolo e e molemo ya Baebele e dira gore molaetsa wa yone o tlhaloganngwe ke batho ba ba peloephepa go sa kgathalesege maemo a bone.”

“Go Dirisa ‘Mafoko a a Itumedisang’ le ‘Mafoko a a Nepileng a Boammaaruri.’”

David Splane wa Setlhopha se se Laolang o ne a neela puo ya setlhogo seno se se theilweng mo go Moreri 12:10. Bakwadi ba Baebele ba ne ba le kelotlhoko fa ba kwala dikakanyo tsa Modimo mme Komiti ya ntlhantlha ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha le yone e ne ya dira se se tshwanang. Go ne ga latelwa molaomotheo ono fa go ne go ranolwa kgatiso ya bosheng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha: “Kwala mafoko a a nepileng a boammaaruri” mme o dire gore molaetsa wa Modimo o utlwale sentle.

Mokaulengwe Splane o ne a re: “Lefoko le le lengwe la Seesemane le ka kaya dilo tse dintsi.” Ka sekai, mo go 2 Timotheo 1:13 dithanolo tse dikgologolo tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha di dirisa polelwana “sekao sa mafoko a a itekanetseng.” Lefoko “sekao” ka Seesemane le ka kaya dilo tse dintsi, sengwe sa tsone e le “tiro . . . ya motaki.” Go akantswe ka bokao jono, bangwe ba re polelwana eno e kaya sengwe se sentle se motho a ka se fitlhelang mo dithutong tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, fa lefoko leno le tlhalosiwa mo puong ya ntlhantlha, le kaya “sekao . . . se se ka etsiwang.” Ka jalo kgatiso e e tlhabolotsweng e dirisa polelwana “melao ya mafoko a a molemo.”

Gape Mokaulengwe Splane o ne a tlhalosa dilo dingwe tse di tlhabolotsweng mo puong ya Seesemane. Ka sekai, lefoko “bapolwa” le le dirisitsweng mo dithanolong tse dikgologolo tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha go tlhalosa tsela e Jesu a bolailweng ka yone, gantsi le kaya go phunyeletsa kota e e motsu mo mmeleng wa motho le go e tlogela mo go ene. E re ka go sa phunyelediwa kota ya tlhokofatso mo mmeleng wa ga Jesu, kgatiso e e tlhabolotsweng e dirisa mafoko “a kokotelwa mo koteng” go tlhalosa tsela e Jesu a bolailweng ka yone.—Mathaio 27:22, 23, 31.

Mokaulengwe Splane o ne a konela ka go re: “Re rapela gore fa o ntse o bala le go ithuta Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e tlhabolotsweng o atamalane le Jehofa go feta le fa e le leng pele. Mme e kete a ka nna Rraago, Modimo wa gago le Tsala ya gago ka bosakhutleng.”

Konelo.

Mokaulengwe Pierce o ne a tshwantsha thanolo e e tlhabolotsweng ya Baebele le dijo tsa konokono mo “moketeng wa dijo tse dintsi” wa ga Jehofa. (Isaia 25:6) Go tswa foo o ne a konela thulaganyo eno ka tsela e e tshwanelang ka go kopa bareetsi gore ba opele pina 114 ya setlhogo se se reng “Buka ya Modimo—Letlotlo” mo dibukeng tsa Opelelang Jehofa.