Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele e e Diretsweng go Nnela Ruri

Baebele e e Diretsweng go Nnela Ruri

Basupi ba ga Jehofa ba tsaya Baebele e le botlhokwa thata go gaisa buka epe fela. Ba e ithuta ka metlha ba bo ba e dirisa go ruta ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Go dirisa Baebele thata ka tsela eno go dira gore Dibaebele tsa bone di onale ka bonako. Ke gone ka moo Basupi ba ileng ba dira maiteko a a tseneletseng go tlhomamisa gore Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e e tlhabolotsweng ya 2013 e a kgatlha le gore e tla nnela ruri.

Baebele eno e ntšha ga e a tshwanela go nna e e onalang ka bonako. Fa baemedi ba bogatisetso jwa Basupi jo bo kwa Wallkill, New York, U.S.A., ba ne ba buisana le moeteledipele wa khampani nngwe e e kopanyang dibuka ka maikaelelo a bone, o ne a ba raya a re, “Ga go kgonege gore re ka dira Baebele e lo e batlang.” O ne a oketsa jaana, “Go utlwisa botlhoko, mme gone ke boammaaruri gore Dibaebele tse dintsi di diretswe go kgabisa kgotsa go bewa fela mo shelofong—ga di a direlwa go nna lobaka lo loleele.”

Dikgatiso dingwe tsa ntlhantlha tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha di ne di onala ka bonako—ka dinako tse dingwe di ne di senyega fa di le mo mafelong a a mogote thata. Fa ba ba berekang mo bogatisetsong ba ntse ba dira maiteko a go dira Baebele e e neng e ka se onale ka bonako fa e dirisiwa thata mo maemong a bosa a a farologaneng, ba ne ba sekaseka dikhabara, dikgomaretsi le mekgwa ya go kopanya dibuka e e neng e tla dirisiwa. Go ikaegile ka se ba neng ba se fitlhelela, ba ne ba dira Dibaebele tsa tekeletso mme ba di romelela Basupi ba ba nnang mo dinageng tse di nang le maemo a bosa a a tsididi thata le a a mogote thata gore ba di lekeletse.

Morago ga dikgwedi tse thataro, Dibaebele tseo di ne tsa busiwa gore di tlhatlhobiwe. Ba ba berekang mo bogatisetsong ba ne ba tokafatsa mo go tlhokegang teng mme ba romela Dibaebele tse dingwe gape tsa tekeletso. Dibaebele tsotlhe tse go neng ga dirwa ditekeletso ka tsone di ne di le 1 697. Di le mmalwa tsa tsone di ne tsa onala ka ntlha ya maemo a a sa lebelelwang. Ka sekai, Baebele e nngwe e ne e tlogetswe kwa ntle mo puleng bosigo jotlhe mme e nngwe yone e ne ya nwela mo morwaleleng o o neng o bakilwe ke setsuatsue. Diphelelo tse di nnileng teng ka ntlha ya ditekeletso tseo le ka ntlha ya maemo a a neng a sa lebelelwa, di ne tsa bontsha sentle gore buka eno e ka tsaya lobaka lo lo kae fa e dirisiwa thata.

Ka 2011, fa ditekeletso di ntse di tsweletse, Basupi ba ne ba reka metšhine e mesha e e kopanyang dibuka ka lobelo lo lo kwa godimo gore e dirisiwe kwa bogatisetsong jwa kwa Wallkill le jwa kwa Ebina, Japane. Mokgele wa bone e ne e se fela go fitlhelela palo ya Dibaebele tsa Seesemane tse di neng di tla tlhokega fa di gololwa kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga mme gape e ne e le go gatisa Dibaebele tse di tshwanang mo mafelong ano ka bobedi.

Dikhabara Tse di Konegang di Baka Mathata

Mo masimologong a 2012, magatisetso ano a mabedi a ne a simolola go gatisa Baebele e e neng e ntse e le teng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya mmala o montsho le o merunu ba dirisa khabara e ntšha e e kgonang go emelana le metsi le mogote (polyurethane). Le fa go ntse jalo, metšhini eno e mesha e ne e dirisa sekgomaretsi le letsela le le lebegang jaaka pampiri le le ngaparediwang mo teng ga khabara (liner), tse di neng di sa lekelediwa, mme ba ne ba lemoga gore dikhabara tseo di ne di konega fa di sena go kopanngwa le Baebele. Maiteko a ntlha a go leka go rarabolola bothata jono a ne a folotsa, ka jalo, go gatisa go ne ga emisiwa.

Badiri ba sengwe sa didirisiwa tseno ba ne ba lemoga gore go konega moo ke bothata jo bo tlwaelegileng mo dikhabareng tse di seng thata e bile ga go motlhofo go bo fedisa. Go na le gore Basupi ba dire Baebele ya khabara e e thata, ba ne ba ikemiseditse go gatisa Baebele ya khabara e e konegang e e neng e tla tswelela e lebega sentle. Morago ga dikgwedi di le nnè go ntse go dirwa ditekeletso tse di farologaneng, tse di neng di akaretsa go dirisiwa ga sekgomaretsi le liner, ba ne ba bona tse di neng tsa dira gore ba tswelele ka go gatisa​—mme jaanong ba gatisa Dibaebele tsa dikhabara tse di konegang mme gone di sa senyege.

Tiro ya go Gatisa e Emisiwa Gape

Ka Lwetse 2012, go ne ga ntshiwa taelo ya gore magatisetso a emise go gatisa Baebele e e neng e ntse e le teng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha le gore a anamise Dibaebele tsotlhe tse di leng teng mo setokong a bo a letela go gatisa Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e tlhabolotsweng. Go ne go rulagantswe gore Baebele eno e ntšha e gololwe ka Diphalane 5, 2013, kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

Ka Labotlhano, Phatwe 9, 2013, go ne ga romelwa difaele tsa ileketeroniki tse di nang le tshedimosetso ya Baebele e ntšha kwa magatisetsong mme a ne a simolola go gatisa mo letsatsing le le latelang. A ne a gatisa Baebele ya ntlha e e feletseng ka Phatwe 15. Mo dibekeng di le supa tse di neng tsa latela, ba ba berekang kwa magatisetsong a Wallkill le Ebina ba ne ba bereka ba refosana bosigo le motshegare ba gatisa le go romela Dibaebele di feta 1 600 000, e leng palo e e neng e lekane gore mongwe le mongwe yo o neng a tla nna gone kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga a kgone go amogela khopi ya gagwe.

Le fa gone Baebele eno e le ntle e bile e diretswe go nnela ruri, molaetsa wa yone o o nayang botshelo ke one o o botlhokwa le go feta. Mosadi mongwe wa kwa United States o ne a kwala jaana letsatsi fela a sena go amogela Baebele ya gagwe e ntšha, “Ka ntlha ya Baebele eno e ntšha, ke kgona go tlhaloganya Baebele botoka.”