Dipesalema 106:1-48

  • Baiseraele ga ba leboge

    • Ba ne ba lebala ditiro tsa Modimo ka bonako (13)

    • Kgalalelo ya Modimo e newa setshwantsho sa poo (19, 20)

    • Ba ne ba sa dumele mo tsholofetsong ya Modimo (24)

    • Ba ne ba kopanela mo kobamelong ya ga Baale (28)

    • Madimona a ntshediwa ditlhabelo ka bana (37)

106  Bakang Jah!* Ntshetsang Jehofa ditebogo, ka gonne o molemo;+Lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.+   Ke mang yo o ka bolelang ka botlalo ditiro tsa ga Jehofa tse di maatlaKgotsa a itsise ditiro tsotlhe tsa gagwe tse di tshwanelwang ke pako?+   Go itumela ba ba dirang tshiamiso,Ba ba dirang se se siameng ka metlha.+   Nkgakologelwe tlhe Jehofa, fa o amogela batho ba gago.+ Ntlhokomele o bo o mpoloke,   Gore ke tle ke itumelele molemo o o o bontshang batho ba gago ba o ba tlhophileng,+Gore ke tle ke itumele mmogo le setšhaba sa gago,Gore ke tle ke go bake mmogo le boswa jwa gago ke le motlotlo.*   Re leofile fela jaaka borraaronamogolo;+Re dirile phoso; re dirile bosula jo bogolo.+   Fa borraaronamogolo ba ne ba le kwa Egepeto ga ba a ka ba tlhaloganya bokao jwa ditiro tsa gago tse di gakgamatsang. Ga ba a ka ba gakologelwa lorato lwa gago lo logolo lo lo sa kgaotseng,Mme ba ne ba tlhanoga kwa lewatleng, kwa Lewatleng le Lehibidu.+   Le fa go ntse jalo, o ne a ba boloka ka ntlha ya leina la gagwe,+Gore maatla a gagwe a tle a itsiwe.+   O ne a kgalema Lewatle le Lehibidu, mme le ne la kgala;O ne a dira gore ba tsamaye mo boalong jwa lone jaaka e kete ba tsamaya mo sekakeng;*+ 10  O ne a ba golola mo seatleng sa sera+A bo a ba namola mo seatleng sa mmaba.+ 11  Metsi a ne a khurumetsa baba ba bone;Ga go na ope wa bone yo o neng a falola.*+ 12  Foo ba ne ba dumela tsholofetso ya gagwe;+Ba ne ba simolola go mo opelela pako.+ 13  Le fa go ntse jalo, ka bonako fela ba ne ba lebala se a neng a se dirile;+Ga ba a ka ba letela gore a ba kaele. 14  Ba ne ba itetla go fekeediwa ke dikeletso tsa bone tsa bopelotshetlha fa ba ne ba le kwa nageng;+Ba ne ba leka Modimo fa ba ne ba le kwa sekakeng.+ 15  O ne a ba naya se ba neng ba se kopa,Mme go tswa foo, o ne a ba otlhaya ka bolwetse jo bo neng jwa ba bolaya.+ 16  Fa ba le mo kampeng ba ne ba fufegela MosheGape ba ne ba fufegela Arone,+ yo o boitshepo mo go Jehofa.+ 17  Foo lefatshe le ne la bulega mme la kometsa DathaneLa bo la khurumetsa ba ba neng ba ikopantse le Abirame.+ 18  Molelo o ne wa fisa setlhopha sa bone;Kgabo ya molelo e ne ya laila batho bao ba ba bosula.+ 19  Ba ne ba dira namane kwa HorebaBa bo ba ikobela sefikantswe se se bopilweng;+ 20  Ba ne ba naya setshwantsho sa poo fela e e jang bojang+Kgalalelo e e ntshwanelang. 21  Ba ne ba lebala Modimo+ yo e leng Mmoloki wa bone,Yo o neng a dira dilo tse dikgolo kwa Egepeto,+ 22  Ditiro tse di gakgamatsang kwa lefatsheng la ga Hame,+Le ditiro tse di boitshegang kwa Lewatleng le Lehibidu.+ 23  O ne a le gaufi le go laela gore ba fedisiwe,Mme gone, Moshe yo a mo tlhophileng o ne a mo kopa*Gore a fapose bogale jwa gagwe jo bogolo.+ 24  Go tswa foo, ba ne ba nyatsa lefatshe le le eletsegang;+Ba ne ba sa dumele mo tsholofetsong ya gagwe.+ 25  Ba ne ba nna ba ngongorega mo ditenteng tsa bone;+Ga ba a ka ba reetsa lentswe la ga Jehofa.+ 26  Ka jalo, o ne a dira maikano*Gore o ne a tla dira gore ba swele mo nageng;+ 27  O ne a tla dira gore ditlogolwana tsa bone di swele mo ditšhabeng,E bile o ne a tla ba gasamisa mo mafatsheng.+ 28  Foo ba ne ba ikopanya le kobamelo ya* Baale wa Peore,+Mme ba ne ba ja ditlhabelo tse di neng di ntshediwa baswi.* 29  Ba ne ba galefisa Modimo ka ditiro tsa bone,+Mme ba ne ba tlelwa ke petso.+ 30  Mme fa Finease a ema a bo a tsereganya,Petso eo e ne ya emisiwa.+ 31  Mme ka ntlha ya seo o ne a tsewa e le motho yo o siamengGo ralala dikokomana tsotlhe ka bosakhutleng.+ 32  Ba ne ba galefisa Modimo kwa metsing a Meriba,*Mme dilo ga di a ka tsa tsamaela Moshe sentle ka ntlha ya bone.+ 33  Ba ne ba galefisa moya wa ga Moshe,Mme o ne a bua ka bogale.+ 34  Ga ba a ka ba nyeletsa ditšhaba,+Jaaka Jehofa a ne a ba laetse.+ 35  Le fa go ntse jalo, ba ne ba ikopanya le ditšhaba tseo+Ba bo ba ithuta* ditsela tsa tsone.+ 36  Ba ne ba tswelela ba direla medingwana ya tsone,+Mme e ne ya nna serai mo go bone.+ 37  Ba ne ba tle ba ntshe bomorwaaboneLe bomorwadiabone ditlhabelo, ba ba ntshetsa madimona.+ 38  Ba ne ba nna ba bolaya batho ba ba se nang molato,+Ba bolaya bomorwaabone le bomorwadiaboneBa ba neng ba ba ntsha ditlhabelo, ba ba ntshetsa medingwana ya Kanana;+Mme lefatshe le ne la kgotlelwa ke madi a a tsholotsweng. 39  Ditiro tsa bone di ne tsa dira gore ba itshekologe;Ditiro tsa bone di ne tsa dira gore ba se ka ba ikanyega mo Modimong.*+ 40  Ka jalo, bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela batho ba gagwe,Mme o ne a simolola go tlhoa boswa jwa gagwe. 41  Gangwe le gape o ne a ba tsenya mo seatleng sa ditšhaba,+Gore batho ba ba ba tlhoileng ba tle ba ba laole.+ 42  Baba ba bone ba ne ba ba gatelela,Mme ba ne ba le ka fa tlase ga taolo* ya bone. 43  O ne a ba golola ka makgetlo a le mantsi,+Le fa go ntse jalo, ba ne ba tle ba tlhanoge e bile ba sa ikobe,+Mme ba ne ba tle ba kokobediwe ka ntlha ya maleo a bone.+ 44  Le fa go ntse jalo, o ne a tle a bone matshwenyego a bone+E bile o ne a tle a utlwe selelo sa bone fa ba kopa thuso.+ 45  Ka ntlha ya bone o ne a tle a gakologelwe kgolagano ya gagwe,E bile o ne a tle a tlhomoge pelo,* a tlhotlhelediwa ke lorato lwa gagwe lo logolo lo lo sa kgaotseng.+ 46  O ne a tle a dire gore batho botlhe ba ba ba isitseng botshwarwaBa ba tlhomogele pelo.+ 47  Re boloke tlhe Jehofa, Modimo wa rona,+Mme o re phuthe go tswa mo ditšhabeng+Gore re tle re ntshetse leina la gago le le boitshepo ditebogoMme re itumelele go go baka.*+ 48  E kete Jehofa, Modimo wa Iseraele, a ka bakwaKa bosakhutleng.*+ Mme a batho botlhe ba re, “Amen!”* Bakang Jah!*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Halelujah!” “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.
Kgotsa “ke ipelafatsa.”
Kgotsa “mo nageng.”
Kgotsa “sala.”
Seheb., “a ema mo phatlheng fa pele ga gagwe.”
Seheb., “o ne a tsholetsa seatla sa gagwe.”
Kgotsa “ba ikgolaganya le.”
Go tewa ditlhabelo tse di neng di ntshediwa batho ba ba suleng kgotsa medimo e e sa tsheleng.
Mo go kayang “Go Omana.”
Seheb., “anya.”
Kgotsa “ba gwebe ka mmele ka tsela ya tshwantshetso.”
Seheb., “seatla.”
Kgotsa “a ikwatlhaye.”
Kgotsa “re itumelele pako ya gago.”
Kgotsa “Go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.”
Kgotsa “A go nne jalo!”
Kgotsa “Halelujah!” “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.