Dipesalema 143:1-12
Pina ya ga Dafide.
143 Ao tlhe Jehofa, utlwa thapelo ya me;+Reetsa thapelo ya me ya go kopa thuso.
Nkarabe, ka gonne o a ikanyega e bile o siame.
2 Ke motlhanka wa gago, o se ka wa ntshekisaKa gonne ga go na ope yo o tshelang yo o ka tlhokang molato* fa pele ga gago.+
3 Gonne mmaba o ntshetsetshetse morago;O thubaganyeditse botshelo jwa me fa fatshe.
O dirile gore ke nne mo lefifing jaaka batho ba ba sa bolong go swa.
4 Ke kgobegile marapo;*+Ga ke na maatla gotlhelele.+
5 Ke gakologelwa malatsi a bogologolo;Ke tlhatlhanya ka dilo tsotlhe tse o di dirileng;+Ke akanyetsa kwa teng* ka tiro ya diatla tsa gago.
6 Ke otlololela diatla tsa me kwa go wena;Ke tshwana le lefatshe le le omeletseng le le go nyoretsweng.+ (Selah)
7 Ao tlhe Jehofa, nkarabe ka bonako;+Ke feletswe ke maatla.*+
O se ka wa mphitlhela sefatlhego sa gago,+Go seng jalo ke tla tshwana le ba ba fologelang mo lebitleng.+
8 Dira gore ke utlwe lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng mo mosong,Gonne ke ikantse wena.
Nkitsise tsela e ke tshwanetseng go tsamaya mo go yone,+Gonne ke lebile kwa go wena.
9 Ao tlhe Jehofa, nkgolole mo babeng ba me.
Ke kopa gore o ntshireletse.+
10 Nthute go dira thato ya gago,+Gonne o Modimo wa me.
Moya wa gago o molemo;E kete o ka nkgogela mo lefelong le le sireletsegileng.*
11 Ao tlhe Jehofa, mpoloke ke tshela ka ntlha ya leina la gago.
Nkgolole mo matshwenyegong, ka gonne o siame.+
12 E re ka o na le lorato lo lo sa kgaotseng, fedisa* baba ba me;+Senya botlhe ba ba mpogisang,+Ka gonne ke motlhanka wa gago.+
Dintlha Tse di Kwa Tlase
^ Kgotsa “yo o ka nnang tshiamo.”
^ Seheb., “Moya wa me o a koafala.”
^ Kgotsa “ithuta.”
^ Seheb., “moya.”
^ Kgotsa “mo lefatsheng la thokgamo.”
^ Seheb., “didimatsa.”