Duteronome 23:1-25

  • Ba ba sa tshwanelegeng go tsena mo phuthegong ya Modimo (1-8)

  • Bophepa mo kampeng (9-14)

  • Batlhanka ba ba tshabileng (15, 16)

  • Go gweba ka mmele ga go a letlelelwa (17, 18)

  • Morokotso le maikano (19-23)

  • Se bafetikatsela ba letleletsweng go se ja (24, 25)

23  “Go se nne le monna ope yo o opafaditsweng ka go letla gore dikgeleswa tsa gagwe tsa bonna di thubiwe kgotsa yo o neng a letla gore serwe sa gagwe sa bonna se kgaolwe, yo o ka tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa.+  “Go se nne le morwa ope yo o tshotsweng pele ga lenyalo yo o ka tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa.+ Tota le go ya kokomaneng ya bolesome, ope wa ditlogolwana tsa gagwe a se ka a tsena mo phuthegong ya ga Jehofa.  “Go se nne le Moamone ope kgotsa Momoabe ope yo o ka tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa.+ Tota le go ya kokomaneng ya bolesome, ope wa ditlogolwana tsa bone le ka motlha a se ka a tsena mo phuthegong ya ga Jehofa,  ka gonne ba ne ba se ka ba lo thusa ka dijo le metsi fa lo ne lo le mo tseleng lo tswa kwa Egepeto,+ le ka gonne ba ne ba lo thapela Balaame morwa Beore yo o tswang kwa Pethore wa Mesopotamia gore a lo hutse.+  Le fa go ntse jalo, Jehofa, Modimo wa gago o ne a gana go reetsa Balaame.+ Go na le moo, Jehofa, Modimo wa gago o ne a fetola phutso eo gore e nne tshegofatso mo go wena+ ka gonne Jehofa, Modimo wa gago o ne a go rata.+  Le ka motlha o se ka wa ba thusa gore dilo di ba tsamaele sentle kgotsa gore ba atlege malatsi otlhe a gago.+  “Ga o a tshwanela go tlhoa Moedoma ka gonne ke morwarrago.+ “Ga o a tshwanela go tlhoa Moegepeto ka gonne o ne wa nna motswakwa kwa nageng ya gagabo.+  Bana ba kokomana ya boraro ba ba tla ba tsholelwang ba ka nna ba tsena mo phuthegong ya ga Jehofa.  “Fa o tlhomile kampa ya gago gore o tlhasele baba ba gago, o ithibe mo go sengwe le sengwe se se bosula.*+ 10  Fa monna a itshekologa ka ntlha ya go tswa peo+ bosigo, a a tswele kwa ntle ga kampa mme a se ka a boela mo go yone. 11  Fa go nna maitseboa, a tlhape ka metsi, go tswa foo a ka nna a boela kwa kampeng fa letsatsi le phirima.+ 12  Go tlhophiwe lefelo le le kwa thoko* kwa ntle ga kampa, mme ke gone kwa lo tla ithomelang gone. 13  Mo didirisiweng tsa gago, go nne le kepu. Fa o kotama kwa ntle, o epe mosima ka yone, go tswa foo o bo o katela mantle a gago. 14  Gonne Jehofa, Modimo wa gago o mo kampeng ya gago+ gore a go golole le gore a tsenye baba ba gago mo seatleng sa gago, mme kampa ya gago e tshwanetse go nna boitshepo,+ gore a se ka a bona sepe se se sa siamang mo go wena mme a tlogela go tsamaya le wena. 15  “O se ka wa busetsa motlhanka kwa go mong wa gagwe fa a tshaba kwa go mong wa gagwe mme a tla kwa go wena. 16  A ka nna a aga mo lefelong lepe fela le a le tlhophang mo metseng mengwe ya gago, gongwe le gongwe fela kwa a batlang gone. Ga o a tshwanela go mo tshwara setlhogo.+ 17  “Go se nne le ope wa bomorwadia Iseraele yo o nnang mogwebakammele wa tempele+ e bile go se nne le ope wa bomorwa Iseraele yo o nnang mogwebakammele wa tempele.+ 18  Ga o a tshwanela go tlisa kwa ntlong ya ga Jehofa, Modimo wa gago, tlhwatlhwa e e duetseng mogwebakammele wa mosadi kgotsa tlhwatlhwa e e duetseng* mogwebakammele wa monna* e le go diragatsa maikano, ka gonne tsoopedi ke dilo tse di makgapha mo go Jehofa, Modimo wa gago. 19  “Ga o a tshwanela go duedisa morwarrago morokotso,+ e ka tswa e le morokotso wa madi, wa dijo kgotsa wa sepe fela se motho a ka duedisiwang morokotso wa sone. 20  O ka nna wa duedisa motswakwa morokotso,+ mme ga o a tshwanela go duedisa morwarrago morokotso,+ gore Jehofa, Modimo wa gago a go segofatse mo tirong nngwe le nngwe ya gago mo lefatsheng le o yang go le rua.+ 21  “Fa o direla Jehofa, Modimo wa gago maikano,+ o se ka wa nna bonya go a diragatsa.+ Gonne ruri Jehofa, Modimo wa gago o tla a batla mo go wena; go seng jalo, seo e tla nna boleo mo go wena.+ 22  Mme gone, fa o ithiba go dira maikano, ga o kitla o nna le molato wa boleo.+ 23  O boloke mafoko a molomo wa gago,+ mme o tshwanetse go diragatsa se molomo wa gago o se ikanetseng e le setlhabelo se se ntshediwang Jehofa, Modimo wa gago ka go rata.+ 24  “Fa o tsena mo tshimong ya morara* ya moagelani wa gago, o ka nna wa ja morara o o lekaneng go go kgorisa, mme gone o se ka wa tsenya ope wa one mo mmanking wa gago.+ 25  “Fa o tsena mo tshimong ya moagelani wa gago ya dijo tsa ditlhaka tse di iseng di robiwe, o ka nna wa kgetla diako* tse di buduleng, mme gone o se ka wa kgaola dijo tsa ditlhaka tsa moagelani wa gago.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “se se leswafatsang.”
Go tewa ntlwana ya boithomelo.
Kgotsa “dituelo tsa.”
Seheb., “ntša.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “karolo e e kwa godimo ya dijalo e e nang le dijo.”