Isaia 6:1-13

  • Ponatshegelo ya fa Jehofa a le mo tempeleng ya gagwe (1-4)

    • “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa” (3)

  • Molomo wa ga Isaia o a phepafadiwa (5-7)

  • Isaia o a romiwa (8-10)

    • “Ke fano! Roma nna!” (8)

  • “Seno se tla tsaya lobaka lo lo kae, Jehofa?” (11-13)

6  Mo ngwageng o Kgosi Usia a suleng ka one,+ ke ne ka bona Jehofa a ntse mo setulong sa bogosi se se kwa godimo e bile se tsholetsegile,+ mme dintlha tsa seaparo sa gagwe di ne di tletse mo tempeleng.  Boserafe ba ne ba eme kwa godimo ga gagwe; mongwe le mongwe wa bone o ne a na le diphuka di le thataro. Mongwe le mongwe o ne a ikhurumeditse sefatlhego ka diphuka tse pedi mme a ikhurumeditse dinao ka diphuka tse pedi, e bile mongwe le mongwe wa bone o ne a fofa ka tse pedi.   Mme yo mongwe o ne a goa morago ga yo mongwe a re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa wa masomosomo.+ Lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.”  Mme ditshitswana tsa dikgoro di ne tsa roroma ka ntlha ya modumo wa go tlhaeletsa ga bone,* mme ntlo e ne ya tlala mosi.+   Foo ke ne ka re: “Ijoo! Go ile fela jalo ka nna! Ruri ke tlile go swa!* Ka gonne mafoko a a tswang mo molomong wa me ga a phepa,E bile ke tshela le batho ba mafoko a bone a seng phepa;+Gonne matlho a me a bone Kgosi, e bong Jehofa wa masomosomo ka boene.”  Ka yone nako eo, mongwe wa boserafe o ne a fofela kwa go nna, mme mo seatleng sa gagwe go ne go na le legala le le tukang+ le a neng a le ntshitse ka tang mo sebesong.+  O ne a kgoma molomo wa me a bo a re: “Ke kgomile molomo wa gago ka seno. Molato wa gago o phimotswe,Le boleo jwa gago bo itshwaretswe.”*  Go tswa foo, ke ne ka utlwa lentswe la ga Jehofa le re: “Ke tla roma mang, mme ke mang yo o tla re elang?”+ Ke ne ka re: “Ke fano! Roma nna!”+   Mme o ne a nthaya a re: “Tsamaya, mme o reye batho bano o re: ‘Lo tla utlwa gangwe le gape,Mme ga lo kitla lo tlhaloganya;Lo tla bona gangwe le gape,Mme ga lo kitla lo nna le kitso epe.’+ 10  Thatafatsa pelo ya batho bano,+Thiba ditsebe tsa bone,+O bo o ngaparaganye matlho a bone,Gore ba se ka ba bonaE bile ba se ka ba utlwa,Gore pelo ya bone e se ka ya tlhaloganyaE bile ba se ka ba boela mo go nna mme ba fodisiwa.”+ 11  Foo ke ne ka re: “Seno se tla tsaya lobaka lo lo kae, Jehofa?” Mme o ne a re: “Go fitlha metse e thubagana e nna marope, e sala e se na banni,Le matlo a sala a se na batho,Le naga e senngwa e bo e kgakgabala;+ 12  Go fitlha Jehofa a tlosa batho a ba isa kgakala+Le go kgakgabala ga lefatshe go nna maswe thata. 13  “Le fa go ntse jalo, go tla bo go sa ntse go na le batho ba le mmalwa* mo go lone, mme le tla fisiwa gape, jaaka setlhare se segolo le jaaka setlhare sa moakere,* tse e reng fa di sena go rengwa go sale sesana; losika lo lo boitshepo e tla nna sesana sa lone.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ya lentswe la yo o tlhaeletsang.”
Seheb., “Ke didimaditswe.”
Kgotsa “bo diretswe tetlanyo.”
Kgotsa “go na le nngwesomeng.”
Mofuta mongwe wa ditlhare tse dikgolo. Ka Seesemane se bidiwa oak.