Jeremia 15:1-21

  • Jehofa ga a kitla a fetola katlholo ya gagwe (1-9)

  • Jeremia o a ngongorega (10)

  • Jehofa o a araba (11-14)

  • Thapelo ya ga Jeremia (15-18)

    • O itumelela go ja mafoko a Modimo (16)

  • Jehofa o nonotsha Jeremia (19-21)

15  Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re: “Tota le fa Moshe le Samuele ba ne ba eme fa pele ga me,+ ke ne nka se tlhomogele batho bano pelo. Ba ntshe fa pele ga me! A ba tsamaye!  Mme fa ba ka go botsa gore ba tla diragalelwa ke eng, o ba reye o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Bangwe ba lona ba tla bolawa ke bolwetse,Bangwe ba lona ba tla bolawa ka tšhaka,+Bangwe ba lona ba tla bolawa ke leuba,E bile bangwe ba lona ba tla isiwa botshwarwa.” ’+  “Jehofa a re, ‘Mme ke tla ba romelela masetlapelo a le manê,*+ e leng tšhaka gore e ba bolaye, dintša gore di ba gogagoge, dinonyane tsa magodimo le dibatana tsa lefatshe gore di ba je di bo di ba senye.+  Ke tla dira gore magosi otlhe a lefatshe a tshoge fa a bona se se ba diragaletseng+ ka ntlha ya se Manase morwa Hesekia, kgosi ya Juda, a se dirileng mo Jerusalema.+   Wena Jerusalema, ke mang yo o tla go tlhomogelang pelo,Ke mang yo o tla go utlwelang botlhoko,E bile ke mang yo o tla emang gore a go botse matsogo?’   Jehofa a re, ‘O ntatlhile.+ O nna o mphularela.*+ Ka jalo, ke tla go otlololela seatla sa me ke bo ke go senya.+ Ke lapisitswe ke go go utlwela botlhoko.*   Mme ke tla ba olosa ka foroko mo dikgorong tsa naga ya bone. Ke tla ba amoga bana.+ Ke tla senya batho ba me,Ka gonne ba gana go tlogela ditsela tsa bone.+   Batlholagadi ba bone ba tla nna bantsi fa pele ga me go feta motlhaba* wa mawatle. Ke tla ba tlisetsa mosenyi go le motshegare, gore a senye bommê le makawana. Ke tla ba tlisetsa khuduego le letshogo ka tshoganyetso.   Mosadi yo o neng a belega bana ba le supa o feletswe ke maatla;O palelwa ke go hema. Letsatsi la gagwe le phirimile go sa ntse go le motshegare,Le tlisa matlhabisaditlhong le tlontlologo.’* ‘Mme bone bao ba ba setseng ba le mmalwa,Ke tla dira gore baba ba bone ba ba kgemethe ka tšhaka,’ go bua Jehofa.”+ 10  Mmê wee! Ruri ke tlhomola pelo ka gonne o mpelege,+Nna motho yo o nnang a omanngwa e bile a gogagogwa mo lefatsheng lotlhe! Ga ke a ka ka adima ope, e bile ga ke a ka ka adimiwa ke ope;Le fa go ntse jalo, botlhe ba a mphutsa. 11  Jehofa o ne a re: “Eleruri ke tla go ema nôkeng;Eleruri ke tla tsereganya ka ntlha ya gago ka nako ya masetlapelo,Ka nako ya matshwenyego fa mmaba a go tlhasela. 12  A go na le mongwe yo o ka thubaganyang tshipi,Tshipi e e tswang kwa bokone, le kopore? 13  Ke tla naya baba ba gago dikhumo tsa gago le matlotlo a gago,+E seng ka tlhwatlhwa epe, mme ka ntlha ya maleo otlhe a gago a a tletseng mo nageng yotlhe ya gago. 14  Ke tla di naya baba ba gagoGore ba ye ka tsone kwa lefatsheng le o sa le itseng.+ Gonne bogale jwa me bo tlhoseditse molelo,Mme o a go tukela.”+ 15  Jehofa, o a itse,Nkgakologelwe o bo o nkele tlhoko. Mpusolosetse mo babogising ba me.+ O se ka wa nna pelotelele le bone mme wa letla gore ke nyelele.* Itse gore ke rwele kgobo eno ka ntlha ya gago.+ 16  Mafoko a gago a ne a tla mo go nna, mme ke ne ka a ja;+E bile lefoko la gago le ne la itumedisa pelo ya me la bo la e ipedisa,Gonne ke ntse ke bidiwa ka leina la gago, tlhe Jehofa Modimo wa masomosomo. 17  Ga ke a nna le batho ba ba dirang metlae ke bo ke itumela.+ E re ka seatla sa gago se le mo go nna, ke nna ke le nosi,Gonne o ntladitse tšhakgalo* ka ntlha ya dilo tse di bosula tse ba di dirileng.+ 18  Ke ka ntlha yang fa setlhabi sa me se sa fole le ntho ya me e sa alafesege? E gana go fola. A o tla nna jaaka motswedi wa metsi o o tsietsang,O o ka se kang wa ikanngwa? 19  Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang: “Fa o ka boela mo go nna, ke tla go amogela gape,Mme o tla ema fa pele ga me. Fa o ka kgaoganya se se tlhwatlhwakgolo le se se se nang mosola,O tla nna fela jaaka molomo wa me.* Ba tla tshwanelwa ke go boela kwa go wena,Mme wena ga o kitla o boela kwa go bone.” 20  “Ke go dirile lobota lwa kopore lo lo sireletsegileng mo bathong bano.+ Eleruri ba tla tlhabana le wena,Mme ga ba kitla ba go fenya,+Gonne ke na le wena gore ke go boloke ke bo ke go golole,” go bua Jehofa. 21  “Mme ke tla go golola mo seatleng sa badirabosula,E bile ke tla go falotsa mo seatleng sa batho ba ba setlhogo.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “mefuta e le menê ya katlholo.” Seheb., “malapa a le manê.”
Kgotsa gongwe “O nna o kata ka morago.”
Kgotsa “ke go ikwatlhaya.”
Kgotsa “moshawa.”
Kgotsa gongwe “Le tlhabilwe ke ditlhong e bile le ikutlwa le kokobeditswe.”
Seheb., “mme wa ntsaya.”
Kgotsa “molaetsa wa katlholo.”
Kgotsa “O tla nna mmueledi wa me.”