Jeremia 28:1-17
-
Jeremia o ganetsana le Hanania, moporofeti wa maaka (1-17)
28 Mo go one ngwaga oo, kwa tshimologong ya puso ya ga Kgosi Sedekia+ wa Juda, mo ngwageng wa bonê, mo kgweding ya botlhano, moporofeti Hanania morwa Asure yo o tswang kwa Gibeone+ o ne a mpolelela jaana mo ntlong ya ga Jehofa fa pele ga baperesiti le batho botlhe:
2 “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele a re, ‘Ke tla robaganya jokwe ya kgosi ya Babelona.+
3 Mo dingwageng tse pedi,* ke tla busetsa dilwana tsotlhe tsa ntlo ya ga Jehofa mo lefelong leno tse Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a neng a di tsaya mo lefelong leno a bo a di isa kwa Babelona.’ ”+
4 “ ‘E bile ke tla busetsa Jekonia+ morwa Jehoiakime,+ kgosi ya Juda, le batho botlhe ba Juda ba ba isitsweng botshwarwa kwa Babelona mo lefelong leno,+ ka gonne ke tla robaganya jokwe ya kgosi ya Babelona,’ go bua Jehofa.”
5 Go tswa foo, moporofeti Jeremia o ne a bua le moporofeti Hanania fa pele ga baperesiti le batho botlhe ba ba neng ba eme mo ntlong ya ga Jehofa.
6 Moporofeti Jeremia o ne a re: “Amen!* E kete Jehofa a ka dira seno! E kete Jehofa a ka diragatsa mafoko a o a porofetileng ka go busetsa dilwana tsa ntlo ya ga Jehofa mo lefelong leno mmogo le batho botlhe ba ba isitsweng botshwarwa kwa Babelona!
7 Le fa go ntse jalo, tsweetswee, utlwa molaetsa ono o ke o bolelelang wena le batho bano botlhe.
8 Baporofeti ba ba neng ba le teng pele ga me le pele ga gago bogologolo ba ne ba tle ba porofete se se tla diragalelang dinaga tse dintsi le magosi a magolo, ba porofeta ka ntwa, masetlapelo le bolwetse jwa leroborobo.
9 Fa moporofeti a porofeta kagiso mme lefoko la gagwe le bo le diragala, foo go tla itsege gore eleruri Jehofa o romile moporofeti yoo.”
10 Ka yone nako eo, moporofeti Hanania o ne a tsaya jokwe mo molaleng wa ga moporofeti Jeremia a bo a e robaganya.+
11 Go tswa foo, Hanania o ne a bua jaana fa pele ga batho botlhe: “Jehofa a re, ‘Ke tla robaganya jokwe ya ga Kgosi Nebukadenesare wa Babelona jalo mo molaleng wa ditšhaba tsotlhe mo dingwageng tse pedi.’”+ Mme moporofeti Jeremia o ne a tsamaya.
12 Fa moporofeti Hanania a sena go robaganya jokwe mo molaleng wa ga moporofeti Jeremia, Jehofa o ne a bolelela Jeremia molaetsa ono:
13 “Tsamaya mme o reye Hanania o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “O robagantse dijokwe tsa logong,+ mme mo boemong jwa tsone o tla dira dijokwe tsa tshipi.”
14 Gonne seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: “Ke tla baya jokwe ya tshipi mo molaleng wa ditšhaba tseno tsotlhe, gore di direle Kgosi Nebukadenesare wa Babelona, mme di tshwanetse go mo direla.+ Tota e bile ke tla mo naya le diphologolo tsa naga.”’”+
15 Foo moporofeti Jeremia o ne a raya moporofeti Hanania+ a re: “Tsweetswee, Hanania reetsa! Jehofa ga a go roma, mme wena o dirile gore batho bano ba ikanye maaka.+
16 Ka jalo, Jehofa a re, ‘Ke tlile go go bolaya. Mo ngwageng ono o tlile go swa, ka gonne o tlhotlheleditse batho gore ba tlhanogele Jehofa.’”+
17 Ka jalo, moporofeti Hanania o ne a swa mo ngwageng oo, mo kgweding ya bosupa.