Jeremia 30:1-24

  • Ba solofediwa gore ba tla boela kwa lefatsheng la bone ba bo ba fodisiwa (1-24)

30  Leno ke lefoko le le neng la tla mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa:  “Jehofa, Modimo wa Iseraele a re, ‘Kwala mafoko otlhe a ke a buang le wena mo bukeng.  Gonne “metlha e etla,” go bua Jehofa, “e ke tla phuthang batho ba me ba ba isitsweng botshwarwa ka yone, ba Iseraele le ba Juda,”+ go bua Jehofa, “mme ke tla ba busetsa kwa lefatsheng le ke neng ka le naya borraabonemogolo, mme ba tla nna mo go lone gape.”’”+  Ano ke mafoko a Jehofa a neng a a bua le Iseraele le Juda.   Seno ke se Jehofa a se buang: “Re utlwile modumo wa thoromo;Go na le poifo, mme e seng kagiso.   Tsweetswee, botsang gore a monna o kgona go belega. Jaanong ke ka ntlha yang fa ke bona monna mongwe le mongwe yo o maatla a beile diatla tsa gagwe mo mpeng*Jaaka mosadi yo o belegang?+ Ke ka ntlha yang fa difatlhego tsotlhe di setlhafetse?   Ijoo! Ruri letsatsi leo ke le le boifisang!*+ Ga go na lepe le le tshwanang le lone,Ke nako ya matshwenyego mo go Jakobe. Le fa go ntse jalo, o tla gololwa mo go lone.”  “Mme mo letsatsing leo,” go bua Jehofa wa masomosomo, “ke tla robaganya jokwe mo molaleng wa gago, e bile ke tla kgaola dikgole* tse o bofilweng ka tsone sebedi; mme batswakwa ga ba kitla ba tlhola ba mo* dira motlhanka wa bone.  Ba tla direla Jehofa, Modimo wa bone le Dafide kgosi ya bone, yo ke tla mo ba tlhomelang.”+ 10  “Mme wena Jakobe motlhanka wa me, o se ka wa boifa,” go bua Jehofa,“E bile o se ka wa tshoga, wena Iseraele.+ Gonne ke tla go golola go tswa kgakalaLe bana ba gago go tswa kwa lefatsheng le ba neng ba isitswe botshwarwa kwa go lone.+ Jakobe o tla boa mme o tla nna a ritibetse e bile a sa tshwenngwe ke sepe,Go se na ope yo o ba tshosang.”+ 11  “Gonne ke na le wena, gore ke go boloke,” go bua Jehofa. “Mme ke tla fedisa ditšhaba tsotlhe tse ke go gasamiseditseng kwa go tsone;+Le fa go ntse jalo, wena ga nkitla ke go fedisa.+ Ke tla go otlhaya ka selekanyo se se tshwanetseng,Mme ga nkitla ke go tlogela o sa otlhaiwa.”+ 12  Gonne seno ke se Jehofa a se buang: “Go robega ga gago ga go na kalafi.+ Ntho ya gago ga e fole. 13  Ga go na ope yo o ka go buelelang,Ga go na sepe se se ka fodisang lethopa* la gago. Ga o ka ke wa bona kalafi epe. 14  Botlhe ba ba go ratang thata ba go lebetse.+ Ga ba tlhole ba go batla. Gonne ke go iteile jaaka e kete o iteilwe ke mmaba,+Ke go otlhaile jaaka e kete o otlhailwe ke mongwe yo o setlhogo,Ka ntlha ya molato wa gago o mogolo le maleo a gago a mantsi.+ 15  Ke ka ntlha yang fa o goa ka gonne o robegile? Setlhabi sa gago ga se alafesege! Ke go dirile jalo Ka ntlha ya molato wa gago o mogolo le maleo a gago a mantsi.+ 16  Ka jalo, botlhe ba ba go kometsang ba tla komediwa,+E bile baba ba gago botlhe le bone ba tla isiwa botshwarwa.+ Ba ba go kgothosang ba tla kgothosiwa,E bile ke tla dira gore botlhe ba ba go gapelang ba gapelwe.”+ 17  “Le fa go ntse jalo, ke tla go fodisa e bile ke tla alafa dintho tsa gago,”+ go bua Jehofa,“Le fa gone ba ne ba go bitsa yo o latlhilweng ba re: ‘Siona, yo go se nang ope yo o mmatlang.’ ”+ 18  Seno ke se Jehofa a se buang: “Jaanong ke phutha batshwarwa ba ditente tsa ga Jakobe,+E bile ke tla tlhomogela metlaagana ya gagwe pelo. Motse o tla agiwa sesha mo thotaneng ya one,+Le tora e e sireletsegileng e tla agiwa mo lefelong la yone le le tshwanetseng. 19  Mme ba tla ntsha ditebogo e bile go tla utlwala modumo wa setshego.+ Ke tla ba ntsifatsa, mme ga ba kitla ba nna mmalwa;+Ke tla dira gore ba nne bantsi,*Mme ga ba kitla ba nna bannye ka palo.+ 20  Barwa ba gagwe ba tla nna jaaka mo nakong e e fetileng,E bile ke tla nonotsha phuthego ya gagwe fa pele ga me.+ Ke tla otlhaya botlhe ba ba mo gatelelang.+ 21  Yo o maatla wa gagwe e tla nna mongwe yo o tswang mo go ene,E bile mmusi wa gagwe o tla tswa mo ditlogolwaneng tsa gagwe. Ke tla dira gore a atamele, mme o tla nkatamela.” “Gonne kwantle ga gagwe, ke mang yo o ka lekang* go nkatamela?” go bua Jehofa. 22  “Lo tla nna batho ba me,+ mme nna ke tla nna Modimo wa lona.”+ 23  Setsuatsue sa ga Jehofa se bolotse, eleruri bogale jwa gagwe bo bolotse jaaka setsuatsue,+E leng sefefo se se tsamayang se gogola, se se welang mo ditlhogong tsa badirabosula. 24  Bogale jwa ga Jehofa jo bo tukang ga bo kitla bo boela moragoGo fitlha a diragatsa a bo a fitlhelela maikaelelo a gagwe.+ Lo tla tlhaloganya seno go ela kwa bokhutlong jwa metlha.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mo lothekeng.”
Seheb., “le legolo.”
Seheb., “dibofo.”
Kgotsa “ba.”
Kgotsa “sekaku; tlhagala.”
Kgotsa gongwe “ba tlotliwe.”
Seheb., “yo o ka ntshang pelo ya gagwe e le peeletso gore a.”