Jeremia 5:1-31

  • Batho ba gana go reetsa fa Jehofa a ba otlhaya (1-13)

  • Ba a senngwa mme ga ba fedisiwe gotlhelele (14-19)

  • Jehofa o bona batho molato (20-31)

5  Tsamayang mo mebileng ya Jerusalema. Lebang mo tikologong mme lo ele tlhoko. Batlang mo dipatlelong tsa gagwe lo boneGore a lo tla fitlhela motho yo o dirang tshiamiso,+Motho yo o batlang go ikanyega,Mme ke tla itshwarela motse ono.   Tota le fa ba ka re: “Re ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang!” Ba tla bo ba sa ntse ba ikanela se e seng boammaaruri.+   Ao tlhe Jehofa, a matlho a gago ga a batle batho ba ba ikanyegang?+ O ba iteile, mme seo ga se a ka sa ba dira sepe.* O batlile o ba fedisa botlhe, mme ba ne ba gana go amogela kotlhao.+ Ba ne ba thatafatsa dipelo* tsa bone go gaisa lefika,+E bile ba ne ba gana go sokologa.+   Le fa go ntse jalo, ke ne ka ipolelela jaana: “Eleruri bano e tshwanetse ya bo e le batho ba maemo a a kwa tlase. Ba dira ka boeleele, ka gonne ga ba itse thato* ya ga Jehofa,E leng molao wa Modimo wa bone.   Ke tla ya kwa banneng ba ba tlotlegang mme ke bue le bone,Gonne ba tshwanetse ba ka bo ba tlhaloganya thato ya ga Jehofa,E leng molao wa Modimo wa bone.+ Mme gone, botlhe ba ne ba robagantse jokweE bile ba kgaogantse dikgole.”*   Ka ntlha ya seo, tau e e nnang kwa sekgweng e a ba tlhasela,Phiri e e nnang mo sekakeng e nna e ba bolaya,Lengau le lalela mo metseng ya bone. Mongwe le mongwe yo o tswang mo metseng eo o a gagoganngwa. Gonne melato ya bone e mentsi;Ditiro tsa bone tsa go sa ikanyege di atile.+   Nka go itshwarela jang? Bomorwao ba ntlogetse,E bile ba ikana ka medimo ya maaka.+ Ke ne ka ba naya dilo tse ba di tlhokang,Le fa go ntse jalo, ba ne ba tswelela ba dira boaka,E bile ba ne ba kokoanela kwa ntlong ya mogwebakammele.   Ba tshwana le dipitse tse di matlhagatlhaga tse di batlang go gwela,Mongwe le mongwe a lelekisitse mosadi wa monna yo mongwe.+   Jehofa a re, “A ga ke a tshwanela go ba bona molato ka ntlha ya dilo tseno? A ga ke a tshwanela go ipusolosetsa mo setšhabeng se se ntseng jaana?”+ 10  “Tlhaselang masimo a gagwe a morara* mme lo a senye,Le fa go ntse jalo, lo se ka lwa a senya gotlhelele.+ Kgaolang dikalana tsa gagwe tse e leng gone di tlhogang,Gonne ga se tsa ga Jehofa. 11  Gonne batho ba setšhaba sa Iseraele le setšhaba sa JudaBa ntiretse boferefere jo bogolo,” go bua Jehofa.+ 12  “Ba itatotse Jehofa mme ba nna ba re,‘Ga a kitla a dira sepe.*+ Ga re kitla re welwa ke masetlapelo ape;Ga re kitla re bona tšhaka kgotsa leuba.’+ 13  Baporofeti ba bua mafoko a a se nang mosola fela,E bile lefoko la Modimo ga le mo dipelong tsa bone. A ba diragalelwe ke dilo tseno!” 14  Ka jalo, seno ke se Jehofa, Modimo wa masomosomo, a se buang: “E re ka batho bano ba bua jalo,Jaanong ke dira gore mafoko a me e nne molelo mo molomong wa lona,+Mme batho bano ke dikgong,Mme molelo o tla ba laila.”+ 15  Jehofa a re, “Jaanong ke lo tlisetsa setšhaba se se tswang kgakala, lona Baiseraele.+ Ke setšhaba se se sa bolong go nna teng. Ke setšhaba sa bogologolo,Setšhaba se lo sa itseng puo ya sone,Le se lo ka se tlhaloganyeng se se se buang.+ 16  Mokotlopo* wa bone o tshwana le lebitla le le bulegileng;Botlhe ke batlhabani. 17  Ba tla kometsa thobo ya gago le senkgwe sa gago.+ Ba tla senya bomorwao le bomorwadio. Ba tla fedisa matsomane a gago le metlhape ya gago. Ba tla senya ditlhare tsa gago tsa morara le tsa mofeige. Ba tla senya metse ya gago e e sireletsegileng e o e ikanyang ba dirisa tšhaka.” 18  Jehofa a re, “Mme gone, le mo metlheng eo ga nkitla ke lo fedisa gotlhelele.+ 19  Mme fa ba botsa ba re, ‘Ke ka ntlha yang fa Jehofa, Modimo wa rona a re dirile dilo tseno tsotlhe?’ o ba reye o re, ‘Fela jaaka lo ntlogetse gore lo direle modimo o sele mo lefatsheng la lona, ka tsela e e tshwanang lo tla direla batswakwa mo lefatsheng le e seng la lona.’”+ 20  Bolelang ditlogolwana tsa ga Jakobe senoLo bo lo se itsise mo Juda, lo re: 21  “Utlwang seno lona batho ba ba dieleele e bile ba se na tlhaloganyo:*+ Ba na le matlho mme ga ba bone;+Ba na le ditsebe mme ga ba utlwe.+ 22  ‘A ga lo mpoife?’ go bua Jehofa,‘A ga lo a tshwanela go roroma fa pele ga me? Ke nna yo ke beileng motlhaba* gore e nne molelwane wa lewatle,Molao o o ntseng ka bosakhutleng o lewatle le ka se kang la o tlola. Le fa gone makhubu a lone a kgaphasela, ga a ka ke a o tlola;Le fa gone a fuduega, ga a ka ke a o kgabaganya.+ 23  Le fa go ntse jalo, batho bano ba na le pelo e e kgwaraletseng le e e sa reetseng;Ba fapogile e bile ba tsamaile ka tsela ya bone.+ 24  Mme ga ba bue jaana mo pelong ya bone: “Jaanong a re boifeng Jehofa, Modimo wa rona,Ene yo o nesang pula ka paka ya yone,Pula ya letlhabula mmogo le pula ya dikgakologo,Ene yo o tlhomamisang gore re nna le dibeke tsa thobo tse di tlhomilweng.”+ 25  Melato ya lona e thibetse dilo tseno go tla;Maleo a lona a lo amogile se se molemo.+ 26  Gonne mo bathong ba me go na le batho ba ba bosula. Ba nna ba tlhodumela fela jaaka batshwaradinonyane ba ba bataletseng. Ba baya serai se se bolayang. Ba tshwara batho. 27  Matlo a bone a tletse tsietsoFela jaaka hoko e e tletseng dinonyane.+ Ke gone ka moo ba nang le maatla e bile ba humile. 28  Ba nonne e bile ba borethe;Bosula bo bontsi thata mo go bone. Ga ba seke kgetsi ya khutsana,*+Gore ba tle ba atlege;E bile ba gana go direla bahumanegi tshiamiso.’”+ 29  Jehofa a re, “A ga ke a tshwanela go ba bona molato ka ntlha ya dilo tseno? A ga ke a tshwanela go ipusolosetsa mo setšhabeng se se ntseng jaana? 30  Go diragetse sengwe se se akabatsang le se se tshosang mo lefatsheng: 31  Baporofeti ba porofeta maaka,+E bile baperesiti ba dirisa taolo ya bone go gatelela ba bangwe. Mme ke sone se batho ba me ba se ratang.+ Mme gone, lo tla dira eng fa bokhutlo bo tla?”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ga ba a ka ba nna bokoa.”
Seheb., “difatlhego.”
Seheb., “tsela.”
Seheb., “dibofo.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa gongwe “Ga a yo.”
Kgotsa “Kgetsana e e tsenyang metswi.”
Seheb., “lona batho ba ba dieleele ba ba se nang pelo.”
Kgotsa “moshawa.”
Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”