KGAOLO YA NTLHA
Dithuto Tsa Boammaaruri ke Dife ka Modimo?
A tota Modimo o amega ka wena?
Modimo o ntse jang? A o na le leina?
A go a kgonega go atamalana le Modimo?
1, 2. Ke ka ntlha yang fa gantsi go le molemo go botsa dipotso?
A O KILE wa ela tlhoko tsela e bana ba botsang dipotso ka yone? Ba le bantsi ba bone ba simolola go botsakaka dipotso ka bonako fela fa ba sena go ithuta go bua. O tla bona ba go gotolela matlho ba bo ba go botsa dipotso tse di jaaka: Ke eng fa loapi lo le pududu? Dinaledi di dirilwe ka eng? Ke mang yo o rutileng dinonyane go opela? O ka nna wa leka go araba dipotso tseno mme gantsi ga go motlhofo go di araba. Tota le fa o ba arabile sentle, ba go botsa potso e nngwe gape, e e batlang lebaka la karabo ya gago.
2 Ga se bana fela ba botsang dipotso. Fa re ntse re gola, le rona re nna re ntse re botsa dipotso. Re botsa ka gonne re batla go nna le kitso, re batla go itse ka dikotsi tse re tshwanetseng go di tila, kgotsa ka gonne re batla go itse fela ka sengwe. Mme fa nako e ntse e ile go bonala batho ba le bantsi ba tlogela go tlhola ba nna ba botsa dipotso, segolobogolo tse di leng botlhokwa thata. Kgotsa gongwe re ka re, go bonala ba sa tlhole ba batla go itse dikarabo tsa tsone.
3. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba sa tlhole ba itshwenya ka go batla dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa?
3 Akanya ka potso e e kafa ntle ga buka eno,, dipotso tse di bodiwang mo ketapeleng ya yone, kgotsa tse di mo tshimologong ya kgaolo eno. Tseno ke dingwe tsa dipotso tse di botlhokwa thata tse motho a ka di botsang. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba tlhole ba itshwenya ka go batla dikarabo tsa tsone. Ka ntlha yang? A Baebele e ka kgona go di araba? Bangwe ba akanya gore ga o ka ke wa tlhaloganya dikarabo tsa yone. Ba bangwe ba akanya gore go botsa dipotso tse di tshwanang le tseno ke go itsenya matlho a batho. Mme ba bangwe bone ba akanya gore dipotso tse di ntseng jalo di ka arabiwa fela ke baeteledipele ba bodumedi le baruti. Wena wa reng?
4, 5. Dingwe tsa dipotso tse di botlhokwa mo botshelong tse re ka di botsang ke dife, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go batla dikarabo tsa tsone?
4 Ga go pelaelo gore wena o eletsa go itse dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa mo botshelong. Gongwe e bile ka dinako tse dingwe o ipotsa go re: ‘Tota re tshelela eng? A go na le botshelo jo bongwe gape kwantle ga jo re bo tshelang jono? Tota Modimo o ntse jang?’ Go molemo go botsa dipotso tse di ntseng jalo, e bile go botlhokwa gore o se ka wa tlogela go batla dikarabo tsa tsone tse di kgotsofatsang le tse o ka di ikanyang go fitlha o di bona. Morutisi yo o itsegeng thata e bong Jesu Keresete o ne a re: “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa.”—Mathaio 7:7.
5 Fa o ‘nna o batla’ dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa, o tla solegelwa molemo ke go dira jalo. (Diane 2:1-5) Lefa o ka tswa o teilwe ga tweng, dikarabo di teng, e bile o ka kgona go di bona—mo Baebeleng. Ga go thata go tlhaloganya dikarabo tseo. E bile se se molemo ka tsone ke gore di tla go tlisetsa tsholofelo le boitumelo. Di ka kgona go go thusa gore o tshele botshelo jo bo kgotsofatsang gone jaanong. Mma re simolole ka go sekaseka potso e e tshwentseng batho ba le bantsi.
A MODIMO GA A AMEGE KA RONA?
6. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba akanya gore Modimo ga a amege ka go boga ga batho?
6 Batho ba le bantsi ba akanya gore karabo ya potso eo ke gore nnyaa ga a amege ka rona. Ba botsa jaana, ‘Fa Modimo a ka bo a amega, a maemo a ka bo a se botoka mo lefatsheng?’ Fa re leba mo tikologong ya rona, re bona lefatshe le le tletseng ntwa, letlhoo le masetlapelo. Mme bangwe ba rona re a lwala, re a boga e bile re swelwa ke batho ba re ba ratang. Ka jalo, batho ba le bantsi ba botsa jaana, ‘Fa Modimo a ka bo a amega ka rona le ka mathata a rona, a o ne a se kitla a thibela dilo tseno go direga?’
7. (a) Baruti ba bodumedi ba ile ba dira jang gore batho ba le bantsi ba akanye gore Modimo ga a amege ka rona? (b) Tota Baebele e ruta eng ka diteko tse re ka tswang re lebane le tsone?
7 Se se maswe le go feta ke gore baruti ba na le go dira gore batho ba dumele gore Modimo ga a amege ka rona. Ba dira seo jang? Fa batho ba welwa ke masetlapelo mangwe, ba ba raya ba re ke thato ya Modimo. Tota se baruti bano ba se dirang ke go pega Modimo molato wa dilo tse di maswe tse di diregang. A ke molato wa Modimo? Tota ke eng se Baebele e se rutang? Jakobe 1:13 e araba jaana: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” Ka jalo, le ka motlha Modimo ga se ene a dirang gore batho ba diragalelwe ke dilo tse di boikepo tse o di bonang mo lefatsheng gompieno. (Jobe 34:10-12) Gone ke boammaaruri gore o letlelela dilo tse di bosula go direga. Mme go na le pharologanyo e kgolo tota fa gare ga go letlelela sengwe le go dira gore se direge.
8, 9. (a) O ka tlhalosa jang pharologano fa gare ga go letlelela bosula le go dira gore bo direge? (b) Ke eng fa go tla bo go sa siama go latofatsa Modimo ka ntlha ya tshwetso e a e tsereng ya go letla batho go tshela botshelo jwa botsuolodi fa ba ne ba tlhopha go dira jalo?
8 Ka sekai, akanya ka rre yo o botlhale le yo o lorato yo o nang le ngwana yo o godileng wa mosimane yo o sa ntseng a nna mo gae le batsadi ba gagwe. Fa ngwana yono a simolola go nna seganana a bo a tswa mo gae, rraagwe ga a mo thibele go tsamaya. Ngwana yono o simolola go tshela botshelo jo bo maswe a bo a feleletsa a wetse mo mathateng. A rraagwe ke ene a dirileng gore a wele mo mathateng? Nnyaa. (Luke 15:11-13) Ka tsela e e tshwanang, Modimo ga a ka a thibela batho fa ba ne ba tlhopha go tshela botshelo jo bo sa siamang, mme ga se ene a dirileng gore ba nne le mathata a ba nang le one gone jaanong. Ka jalo, tota go tla bo go sa siama go pega Modimo molato ka ntlha ya mathata otlhe a batho ba nang le one.
9 Modimo o na le mabaka a a utlwalang a go tlogelela batho go tshela botshelo jo bo sa siamang fa ba tlhopha go dira jalo. E re ka e le Mmopi wa rona yo o botlhale le yo o maatla, ga a tlhoke go re bolelela mabaka ao a gagwe. Mme o re bolelela one ka ntlha ya go bo a re rata. O tla ithuta go le gontsi ka mabaka ano mo Kgaolong ya 11. Mme gone tlhomamisega gore Modimo ga se ene a re bakelang mathata a re nang le one gompieno. Go na le moo, o re naya tsholofelo e le yosi fela e a tlileng go rarabolola mathata ano ka yone!—Isaia 33:2.
10. Ke ka ntlha yang fa re ka solofela gore Modimo o tla fedisa ditlamorago tsotlhe tse boikepo bo nnileng le tsone mo bathong?
10 Mo godimo ga moo, Modimo o boitshepo. (Isaia 6:3) Seno se raya gore o itshekile e bile o phepa. Ga go na le fa e le bosulanyana bope mo go ene. Ka jalo, re ka kgona go mo ikanya ka botlalo. Batho bone ga re ka ke ra kgona go ba ikanya jalo e re ka ba le boferefere ka dinako tse dingwe. Tota le batho bangwe ba ba ikanyegang thata ba ba nang le taolo, ga ba kgone go baakanya tshenyo e e bakilweng ke batho ba ba bosula. Mme Modimo ene o maatla otlhe. A ka kgona go fedisa ditlamorago tsotlhe tse di sa siamang tse boikepo bo nnileng le tsone mo bathong e bile o tlile go dira jalo. Fa Modimo a tsaya kgato eo, o tla fedisa boikepo ka bosakhutleng!—Pesalema 37:9-11.
MODIMO O IKUTLWA JANG KA TSHIAMOLOLO E RE LEBANENG LE YONE?
11. (a) Modimo o ikutlwa jang ka tshiamololo? (b) Modimo o ikutlwa jang ka go boga ga gago?
11 Gone jaanong jaana, Modimo o ikutlwa jang ka dilo tse di diregang mo lefatsheng le mo botshelong jwa gago? Sa ntlha, Baebele e ruta gore Modimo ke “morati wa tshiamiso.” (Pesalema 37:28) Ka jalo, o amega thata ka se se siameng le se se sa siamang. O ila mefuta yotlhe ya tshiamololo. Baebele ya re Modimo o ne “a utlwa botlhoko mo pelong” fa lefatshe le ne le tletse ka dilo tse di bosula mo nakong e e fetileng. (Genesise 6:5, 6) Modimo ga a fetoga. (Malaki 3:6) O sa ntse a sa rate go bona pogo e e leng teng mo lefatsheng lotlhe. E bile, Modimo ga a rate go bona batho ba boga. Baebele ya re, “O a lo kgathalela.”—1 Petere 5:7.
12, 13. (a) Ke ka ntlha yang fa re na le dinonofo tse di molemo tse di jaaka lorato, mme lorato lo dira gore re lebe lefatshe jang? (b) Ke ka ntlha yang fa o ka tlhomamisega gore ruri Modimo o tla dira sengwe ka mathata a lefatshe?
12 Re itse jang gore Modimo ga a rate go re bona re boga? Akanya ka ntlha eno. Baebele e ruta gore motho o dirilwe mo setshwanong sa Modimo. (Genesise 1:26) Ka jalo, re na le dinonofo tse di molemo ka gonne Modimo o na le dinonofo tse di molemo le ene. Ka sekai, wena o ikutlwa jang fa o bona batho ba ba se nang molato ba boga? Fa e le gore tshiamololo e e ntseng jalo e a go tshwenya, tlhomamisega gore Modimo ene o tshwenyega le e leng go feta.
13 Nonofo nngwe e e molemo go di gaisa e batho ba nang le yone ke bokgoni jwa go rata ba bangwe. Ke nonofo e Modimo le ene a nang le yone. Baebele e ruta gore “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Re rata ba bangwe ka gonne Modimo ke lorato. A lorato lo ka go tlhotlheletsa gore o fedise pogo le tshiamololo e o e bonang mo lefatsheng? Fa o ka bo o na le maatla a go dira jalo, a o ne o se kitla o e fedisa? Ee, ruri o ne o tla e fedisa! O ka tlhomamisega ka tsela e e tshwanang gore Modimo le ene o tla fedisa go boga le tshiamololo. Ditsholofetso tse di umakiwang mo ketapeleng ya buka eno ga se go ijesa dijo tsa ditoro fela. Ruri ditsholofetso tsa Modimo di tlile go diragadiwa! Le fa go ntse jalo, gore o kgone go dumela ditsholofetso tse di ntseng jalo, o tshwanetse go ithuta go le gontsi ka Modimo yo o dirileng ditsholofetso tseo.
MODIMO O BATLA GORE O MO ITSE
14. Leina la Modimo ke mang, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go le dirisa?
14 O dira eng fa o batla gore mongwe a go itse? A ga o mmolelele leina la gago? A Modimo o na le leina? Madumedi a le mantsi a re leina la gagwe ke “Modimo” kgotsa “Morena,” mme ao ga se maina a gagwe. Ke direto, fela jaaka “kgosi” le “poresidente” e le direto. Baebele e ruta gore Modimo o na le direto di le dintsi. “Modimo” le “Morena” ke dingwe tsa tsone. Le fa go ntse jalo, gape Baebele e ruta gore Modimo o na le leina la gagwe: e leng Jehofa. Pesalema 83:18 ya re: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Fa e le gore Baebele e o e dirisang ga e na leina leno, o ka nna wa rata go leba setlhogo se se reng Dintlha Tse di Oketsegileng se se mo tsebeng 195-7 ya buka eno go bona gore ke ka ntlha yang fa e se na lone. Leina la Modimo le tlhaga makgetlo a le diketekete mo mekwalong ya bogologolo ya Baebele. Ka jalo, Jehofa o batla gore o itse leina la gagwe o bo o le dirise. O dirisa Baebele go go ikitsise.
15. Leina, Jehofa, le kaya eng?
15 Modimo o iphile leina le le nang le se le se kayang. Leina la gagwe, e leng Jehofa, le kaya gore Modimo a ka kgona go diragatsa sengwe le sengwe se a se solofetsang e bile a ka kgona go dira sengwe le sengwe fela se a ikaelelang go se dira. * Leina la Modimo ga le tshwane le la ga ope. Ke ene fela yo o nang le leina le le ntseng jalo. Jehofa ga a tshwane le ope ka ditsela di le dintsi. Re raya jang?
16, 17. Re ithuta eng ka Jehofa fa re leba direto tse di latelang: (a) “Mothatayotlhe”? (b) “Kgosi ya bosakhutleng”? (c) “Mmopi”?
16 Re bone gore Pesalema 83:18 e buile ka Jehofa e re: “Wena o le esi o Mogodimodimo.” Gape, Jehofa ke ene fela a bidiwang “Mothatayotlhe.” Tshenolo 15:3 ya re: “Ditiro tsa gago di dikgolo e bile di a gakgamatsa, Jehofa Modimo, Mothatayotlhe. Ditsela tsa gago di siame e bile di boammaaruri, Kgosi ya bosakhutleng.” Sereto se se reng “Mothatayotlhe” se re ruta gore Jehofa ke motho yo o maatla go gaisa botlhe ba ba leng teng. Maatla a gagwe ga a lekane le a ga ope; a magolo ka tsela e e boitshegang. Mme sereto se se reng “Kgosi ya bosakhutleng” sone re se gakolola gore Jehofa ga a tshwane le ope ka tsela e nngwe gape. Ke ene fela yo o sa leng a ntse a le teng. Pesalema 90:2 ya re: “O Modimo le eleng go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.” Seo se a gakgamatsa, a ga go jalo?
17 Gape, Jehofa ga a tshwane le ope ka gonne ke ene fela yo e leng Mmopi. Tshenolo 4:11 e balega jaana: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” Sengwe le sengwe se o ka akanyang ka sone—go simolola ka dibopiwa tse di sa bonaleng tsa semoya kwa legodimong go fitlha ka dinaledi tse di tletseng mo loaping bosigo, maungo a a tlhogang mo ditlhareng, ditlhapi tse di thumang mo mawatleng le mo dinokeng—tsotlhe fela di teng ka gonne Jehofa e le Mmopi wa tsone!
A O KA KGONA GO ATAMALANA LE JEHOFA?
18. Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba akanya gore le ka motlha ba ka se ka ba kgona go atamalana le Modimo, mme Baebele yone e ruta eng?
18 Batho bangwe ba ikutlwa ba nna le poifo fa ba bala ka dinonofo tse di boitshegang tsa ga Jehofa. Ba akanya gore Modimo o mogolo thata mo le ka motlha ba ka se kang ba kgona go atamalana le ene kgotsa gore Modimo yo mogolo jalo ga a amege ka bone. A mme go siame go akanya jalo? Baebele e re ruta se se farologanang le seno. Fa e bua ka Jehofa ya re: ‘Tota, ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27) E bile, Baebele e re kgothatsa jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.
19. (a) Re ka simolola jang go atamalana le Modimo, mme seno se ka felela ka melemo efe? (b) Ke dinonofo dife tsa Modimo tse di go kgatlhang thata?
19 O ka atamalana jang le Modimo? Sa ntlha, tswelela o dira se o se dirang gone jaanong—e leng go ithuta ka Modimo. Jesu o ile a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ee, Baebele e ruta gore go ithuta ka Jehofa le Jesu go tla dira gore re bone “botshelo jo bo sa khutleng”! Jaaka fa go setse go boletswe, “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:16) Gape, Jehofa o na le dinonofo tse dingwe tse dintle tse di rategang. Ka sekai, Baebele ya re Jehofa ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri.” (Ekesodo 34:6) O “molemo e bile o iketleeleditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Modimo o pelotelele. (2 Petere 3:9) O a ikanyega. (Tshenolo 15:4) Fa o ntse o tswelela pele o bala Baebele, o tla bona kafa Jehofa a bontshitseng ka gone gore o na le dinonofo tseno le tse dingwe tse di rategang.
20-22. (a) A lebaka la go bo re sa kgone go bona Modimo le re thibela go atamalana le ene? Tlhalosa. (b) Batho bangwe ba ka nna ba go tlhotlheletsa go dira eng ba ithaya ba re ba a go thusa, mme o tshwanetse go dira eng?
20 Ke boammaaruri gore ga o ka ke wa bona Modimo ka gonne ke moya o o sa bonaleng. (Johane 1:18; 4:24; 1 Timotheo 1:17) Le fa go ntse jalo, fa o ithuta ka ene mo Baebeleng, o tla lemoga gore le ene ke motho. Jaaka mopesalema a ile a bua, o ka kgona go “bona bontle jwa ga Jehofa.” (Pesalema 27:4; Baroma 1:20) Fa o ntse o ithuta ka Jehofa, le ene o tla simolola go nna motho wa mmatota mo go wena mme wena o tla nna le lebaka la go mo rata le go ikutlwa o atamalane le ene.
21 Fa nako e ntse e tsamaya, o tla simolola go tlhaloganya gore ke eng fa Baebele e re ruta go leba Jehofa jaaka Rraarona. (Mathaio 6:9) Ga a re naya botshelo fela mme gape o batla gore re tshele botshelo jo bo molemo go gaisa—fela jaaka rre mongwe le mongwe yo o lorato a ka eletsa ka bana ba gagwe. (Pesalema 36:9) Gape, Baebele e ruta gore batho ba ka kgona go nna ditsala tsa ga Jehofa. (Jakobe 2:23) A ko o akanye fela—o ka kgona go nna tsala ya Mmopi wa lobopo lotlhe!
22 Fa o ntse o ithuta dilo di le dintsi mo Baebeleng, go ka nna ga direga gore batho bangwe, ka go ithaya ba re ba a go thusa, ba go tlhotlheletse gore o tlogele go ithuta. Ba ka nna ba tshwenngwa ke gore o ka tloga wa fetola bodumedi jwa gago. Mme o se ka wa letla ope go go thibela go nna le tsala eno e e molemo go gaisa tsotlhe.
23, 24. (a) Ke ka ntlha yang fa o sa tshwanela go kgaotsa go botsa dipotso ka se o se ithutang? (b) Kgaolo e e latelang e tla tlotla ka eng?
23 Ke boammaaruri gore go tla nna le dilo dingwe tse o sa di tlhaloganyeng fa o simolola. O ka nna wa tlhoka go ikokobetsa gore o tle o kgone go kopa thuso, mme o se ka wa dira gore go tlhabiwa ke ditlhong go go thibele go botsa. Jesu o rile go molemo go nna boikokobetso, jaaka ngwana yo monnye. (Mathaio 18:2-4) Mme jaaka re itse, bana ba botsa dipotso tse dintsintsi. Modimo o batla gore o bone dikarabo. Baebele e bua ka tsela e e molemo ka batho bangwe ba ba neng ba iketleeleditse go ithuta ka Modimo. Ba ne ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko go tlhomamisa gore a se ba neng ba se ithuta se ne se le boammaaruri.—Ditiro 17:11.
24 Tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go ithuta ka Jehofa ke go tlhatlhoba Baebele. Ga go na buka epe e e tshwanang le yone. E farologana jang le tse dingwe? Kgaolo e e latelang e tla tlotla ka kgang eo.
^ ser. 15 Go na le tshedimosetso e e oketsegileng kaga bokao jwa leina la Modimo le tsela e le bidiwang ka yone mo setlhogong sa Dintlha Tse di Oketsegileng se se mo ditsebeng 195-7.