Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

INDONESIA

Peo e a Mela Kwa Java Bophirima

Theodorus Ratu

Peo e a Mela Kwa Java Bophirima

Ka 1933, Frank Rice o ne a kopa Theodorus (Theo) Ratu, moagi wa Sulawesi Bokone, gore a mo thuse kwa depong ya dikgatiso kwa Jakarta. Theo o ne a re: “Ke ne ka simolola go kgatlhegela tiro ya Bogosi mme ka feleletsa ke rera le Mokaulengwe Rice. Moragonyana ke ne ka tsamaya le Bill Hunter go ya go rera kwa Java le setlhopha sa Lightbearer se se neng se ya Sumatra.” Theo ke Mo-Indonesia wa ntlha go amogela boammaaruri mme o ne a fetsa dingwaga di le dintsi a bulatsela kwa Java, Sulawesi Bokone le kwa Sumatra.

Ngwaga o o latelang, Bill Hunter o ne a tsamaisetsa moithuti mongwe kwa Jakarta e bong Felix Tan, bukana ya Where Are the Dead? Fa Felix a boela gaabo kwa Bandung, Java Bophirima, o ne a e bontsha monnawe e bong Dodo. Ba ne ba gakgamalela se ba neng ba se ithuta mo bukaneng eo, gore Adame o ne a se na moya o o sa sweng. Go na le moo, Adame e ne e le moya. (Gen. 2:7) E re ka ba ne ba batla go itse mo go oketsegileng, Felix le Dodo ba ne ba tsamaya ba batlana le dikgatiso tsa Watch Tower mo marekisetsong a dibuka. Gape ba ne ba tlotlela ba bangwe mo lelapeng ka se ba neng ba se ithutile. Fa ba fetsa go bala dibuka le dibukana tsotlhe tse ba kgonneng go di bona, ba ne ba kwalela depo ya dikgatiso e e kwa Jakarta. Ba ne ba gakgamadiwa ke go bona Frank Rice a tsena ba sa mo solofela e bile a ba tletse ka dikgatiso tse dingwe.

Boorra Tan

Fa Mokaulengwe Rice a sena go boela Jakarta, Clem le Jean Deschamp, ba ba neng ba sa tswa go nyalana, ba ne ba ya go fetsa malatsi a le 15 kwa Bandung. Felix o ne a re: “Mokaulengwe Deschamp o ne a re botsa rotlhe mo lelapeng gore a re batla go kolobediwa. Nna, Dodo, kgaitsadiake e bong Josephine (Pin Nio) le mmè (Kang Nio), re ne ra bontsha gore re ineetse mo go Jehofa ka go kolobediwa.” * Fa ba sena go kolobediwa, boorra Tan ba ne ba fetsa malatsi a le robongwe ba rera le Clem le Jean. Clem o ne a ba ruta go rera ka karata ya go neela bosupi e e neng e na le molaetsa wa Baebele ka dipuo di le tharo. Go ise go ye kae, setlhopha sa kwa Bandung se ne sa gola go nna phuthego, e leng phuthego ya bobedi kwa Indonesia.

Hutshe ya Mopapa

Fa tiro ya go rera e ntse e gola, baruti ba dikereke ba ne ba simolola go lemoga Basupi. Ba ne ba tlhasela ditumelo tsa Basupi mo makwalodikgannyeng mme dipego tseno di ne tsa tlhotlheletsa Lefapha la Merero ya Tsa Bodumedi gore le botsolotse Frank Rice. Lefapha le ne la kgotsofadiwa ke dikarabo tsa ga Mokaulengwe Rice mme la tlogela Basupi ba rera ntle le go kgorelediwa. *

Mo masimologong a dingwaga tsa bo1930, badiredipuso ba le bantsi ba ne ba itlhokomolosa tiro ya go rera ya Basupi kgotsa ba e letlelela fela. Le fa go ntse jalo, fa puso ya Bonasi ya kwa Jeremane e simolola go laola kwa Yuropa, bangwe ba bone ba ne ba simolola go ganetsa Basupi, segolobogolo ba ba neng ba tsene ka tlhogo mo Kerekeng ya Katoliki. Clem Deschamp a re: “Modiredipuso mongwe wa Mokatoliki yo o neng a direla kwa ofising ya makgetho a dithoto o ne a gana go golola dikgatiso tsa rona, a re di na le tshedimosetso e e sa siamang e e buang ka Banasi. E rile ke tsena kwa Lefapheng la Makgetho a Dithoto ke ngongorega, ke ne ka fitlhela modiredipuso yoo a seyo. Modiredipuso yo o neng a mo tshwareletse, monna yo o botsalano e bile e se Mokatoliki, o ne a golola dikgatiso ka bonako a bo a nthaya a re, ‘Di tseye tsotlhe a sa ntse a seyo jaana!’”

Jean Deschamp o ne a re: “Nako nngwe badiredipuso ba ne ba re pateletsa gore re ntshe ditshwantsho tse pedi tse di mo bukeng ya Enemies. Ba ne ba sa rate setshwantsho sa noga e ritlha (Satane) le sa seaka se tagilwe (bodumedi jwa maaka). Noga le seaka seo, di ne di rwele hutshe ya mopapa. * E re ka re ne re ikemiseditse go anamisa buka eo, re ne ra nna kwa boemakepeng re le bararo, re babolwa ke letsatsi, re phimola hutshe ya mopapa mo dibukeng di le diketekete!”

Ditshwantsho tse pedi tse badiredipuso ba neng ba re di ntshiwe mo bukeng ya Enemies

Fa ntwa e ne e tloga e runya kwa Yuropa, dikgatiso tsa rona di ne tsa tswelela ka bopelokgale go senola boitimokanyi jwa madumedi a a ipitsang a Bokeresete le go itshunya nko ga one mo dipolotiking. Seo se ne sa dira gore baruti ba gatelele balaodi gore ba gagamatse letsogo malebana le tiro ya rona mme dikgatiso dingwe tsa rona di ne tsa thibelwa.

Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba ikemiseditse go tswelela ka tiro ya go rera, ka jalo ba ne ba dirisa ka botlalo motšhine wa go gatisa o ba neng ba o romeletswe go tswa Australia. (Dit. 4:20) Fa Jean Deschamp a ne a tlhalosa leano le ba neng ba le dirisa, o ne a re: “Nako le nako fa re ne re gatisa makasine kgotsa bukana e ntšha, re ne re tshwanetse go isa khopi ya yone kwa balaoding gore ba e tlhatlhobe. Fa beke e simologa re ne re gatisa re bo re anamisa kgatiso eo. Mme fa beke e fela re ne re isa khopi ya yone kwa ofising ya mmueledi wa puso. Fa go ne go twe kgatiso ga ya siama, re ne re tshikinya ditlhogo re hutsafetse re bo re tabogela kwa bogatisetsong go ya go gatisa e nngwe.”

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba tsamaisa dikgatiso tse di thibetsweng, ba ne ba nna ba tshaba mapodise jaaka peba e tshaba katse. Ka sekai, fa Charles Harris a ntse a rera kwa Kediri, Java Botlhaba, o ne a kokota mo ntlong ya motlhatlhobi wa mapodise a sa lemoge.

Motlhatlhobi o ne a mo raya a re: “Ke tlhotse ke lo batla. Ema fa ke ye go tsaya lenaane la dibuka tsa lona tse di thibetsweng.”

Charles o ne a re: “Fa motlhatlhobi a ntse a phuruphutsa mo ntlong, ke ne ka fitlha dikgatiso tse di thibetsweng mo dipateng tse di kafa teng tsa jase. Fa a boa ke ne ka mo neela dibukana di le 15 tse di neng di sa thibelwa. O ne a nnaya moneelo ka meno a maleele, ke bo ke ya go tsamaisa dikgatiso tse di thibetsweng mo matlong a a kwa pelenyana.”

Ba Gatisa ba Sila ba Tlhatlegile

Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e anama kwa Yuropa, dikgatiso di ne di sa tlhole di kgona go romelwa kwa Indonesia go tswa kwa Netherlands. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba bonetse pele gore go tla nna le nako ya mathata mme ka botlhale ba rulaganya gore dimakasine di gatisiwe ke khampani nngwe kwa Jakarta. Kgatiso ya ntlha ya Consolation (e gone jaanong e leng Tsogang!) e ne ya gatisiwa ka January 1939 ka Se-Indonesia, mme moragonyana ga gololwa makasine wa Tora ya Tebelo wa Se-Indonesia. Go tswa foo, bakaulengwe ba ne ba reka motšhine o monnye ba bo ba simolola go gatisa dimakasine. Ka 1940, go ne ga tla motšhine o mogolwane go tswa Australia, o ba neng ba o dirisetsa go gatisa dibukana le dimakasine ka Se-Indonesia le ka Se-Dutch, ba dira tiro eno ka madi a bone.

Motšhine wa ntlha wa go gatisa o goroga kwa Jakarta

Kgabagare ka July 28, 1941, balaodi ba ne ba thibela dikgatiso tsotlhe tsa Watch Tower Society. Jean Deschamp o ne a re: “Letsatsi lengwe mo mosong fa ke ntse ke tlanya dikgatiso, ke ne ka bona lebati le wela kwa mme ga tsena mapodise a le mararo le modiredimogolo wa puso wa Mo-Dutch a feletse ka dimetale, ditlelafo tse ditshweu, a tsentse tšhaka e bile a rwele hutshe e e kgabisitsweng. Re ne re sa gakgamalela seo ka gonne malatsi a le mararo pelenyana, mongwe o ne a re lomile tsebe gore go ise go ye kae dikgatiso tsa rona di tla thibelwa. Modiredimogolo yono yo o mabela, o ne a re balela molaetsa o moleele, go tswa foo a laela gore a isiwe kwa bogatisetsong gore a ye go tswala motšhine wa rona wa go gatisa. Mme monna wa me o ne a mmolelela gore o tlile thari ka gonne motšhine o ne o setse o rekisitswe maabane!”

Le fa go ntse jalo, Baebele yone e ne e sa thibelwa. Ka jalo bakaulengwe ba ne ba tswelela ba rera ka ntlo le ntlo ba dirisa Baebele fela. Gape ba ne ba tshwara dithuto tsa Baebele. E re ka ntwa e ne e gomagomela Asia, babulatsela ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ne ba laelwa go boela Australia.

^ ser. 1 Moragonyana, rraagwe le bomonnawe Felix ba bararo ba ne ba kolobediwa. Kgaitsadie e bong Josephine o ne a nyalwa ke André Elias, ba bo ba ya Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Pego ya botshelo jwa gagwe e ne ya gatisiwa mo Tsogang! ya September 2009.

^ ser. 1 Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, Frank o ne a boela Australia a bo a nna le lelapa. Mokaulengwe Rice o ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka 1986.

^ ser. 3 Ditshwantsho tseo di ne di theilwe mo go Tshenolo 12:9 le 17:3-6.