Lebaka La go Bo o Tshwanetse go Tila Tirisabadimo
Lebaka La go Bo o Tshwanetse go Tila Tirisabadimo
FA E le gore o rutilwe gore mefuta mengwe ya tirisabadimo ke ditsela tsa go buisana le meya e e siameng, o ka nna wa gakgamadiwa ke go utlwa se Baebele e se bolelang ka tirisabadimo. Ka sekai, e bolela jaana: “Se fapogeleng kwa go bone ba ba buang le badimo, le fa e le kwa go bone ba ba loang; lo se ka lwa ba batla go tla lo itshekololwa ke bone.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Lefitiko 19:31; 20:6, 27.
Tota e bile, Baebele e tlhalosa gore motho yo o dirisanang le meya “o makgapha mo go Jehofa.” (Duteronome 18:11, 12) Ka ntlha yang? Go sekaseka ka kelotlhoko se Baebele e se buang ka mofuta o le mongwe o mogolo wa tirisabadimo—se go tweng ke go bua le baswi—go tla araba potso eno.
A Baswi Ba a Tshela?
Go farologana le se batho ba le bantsi ba se akanyang, Lefoko la Modimo, Baebele, le ruta gore ga go kgonege gore batho ba buisane le baratiwa ba bone ba ba tlhokafetseng. Ke ka ntlha yang fa ba sa kgone? Gone mme, fa e le gore motho
a ka bua le baswi, totatota seno se tla bo se raya gore baswi ba tshwanetse ba bo ba tshela. Go tshwanetse ga bo go na le karolo nngwe ya mebele ya bone e e sa sweng. Bangwe ba bolela gore moya o tswelela o tshela fa motho a swa. A seno ke boammaaruri?Pego ya Baebele e e malebana le go bopiwa ga motho e re: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mmu, a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng.” (Genesise 2:7, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) A seno ga se bolele gore motho ka boene ke moya le gore ga a na moya o o sa sweng o o tswelelang o tshela morago ga gore a swe? Tota e bile, Dikwalo di bolela jaana: “Mowa o o leofang go tlaa swa one.” (Esekiele 18:4) “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe . . . Ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale kwa Bobipong,” lebitla le le tlwaelegileng la batho.—Moreri 9:5, 10.
Ka jalo go ya ka Baebele, moya ga se selo se se tswelelang se tshela fa motho a swa, selo se batshedi ba ka kgonang go bua le sone morago ga moo. Dikai tse pedi tsa bakanoki ba ba tlotlegang ba Baebele ba ba sweditseng ka gore moya o a swa ke tseno. Moithutabomodimo mongwe wa kwa Canada e bong Clark H. Pinnock o ne a akgela jaana: “Kgopolo eno [ya gore moya wa motho ga o swe] e ile ya tlhotlheletsa thutobomodimo ka nako e telele thata, mme ga e tswe mo Baebeleng. Baebele ga e rute gore moya ga o swe.” Mokanoki wa kwa Boritane e bong John R. W. Stott le ene o ne a bolela jaana: “Kgopolo ya gore moya ga o swe—se se rayang gore ga o senyege—ke kgopolo ya Bagerika e seng ya Baebele.”
Le fa go ntse jalo, gone batho ba amogela melaetsa le go utlwa mafoko a go lebegang a tswa kwa baswing. He, go a bo go bua bomang?
Ba Bua le Bomang?
Baebele e bolela gore motho mongwe yo o sa bonaleng wa semoya o ne a dira gore mosadi wa ntlha, e bong Efa, a tsuologele Modimo ka go dirisa noga go bua le ene, fela jaaka motho a ka dirisa mpopi gore go nne jaaka e kete ke one o buang. (Genesise 3:1-5) Baebele e bitsa motho yono wa semoya, kana moengele yono, “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o timetsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.” (Tshenolo 12:9) Satane, o ne a kgona go raela le baengele ba bangwe gore ba tsuologe. (Jude 6) Baengele bano ba ba boikepo ba bidiwa badimona mme ke baba ba Modimo.
Baebele e bontsha gore badimona ba na le maatla a go tlhotlheletsa batho. (Luke 8:26-34) Ga go gakgamatse he, go bo Molao wa Modimo o bolela jaana: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope . . . yo o buang le badimo, kgotsa ngaka ya bola, kgotsa yo o botsang baswi. Gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o makgapha mo go Jehofa.” (Duteronome 18:10-12) Dikotsi tsa go itlhokomolosa molao ono ke dife?
Kgang ya mmatota e e neng ya diragalela Kgosi Saule wa Iseraele wa bogologolo e araba potso eno. Kgosi Saule o ne a batla thuso mo mothong mongwe yo o buang le meya ka ntlha ya go boifa baba ba gagwe. O ne a mo kopa gore a bue le moporofeti Samuele yo a neng a tlhokafetse. E ne ya re fa Saule a utlwa motho yono yo o buang le meya a mo tlhalosetsa gore o bona monnamogolo mongwe, Saule o ne a tsaya gore monnamogolo yono yo o mo ponong eno e tshwanetse ya bo e le Samuele. Mme Saule o ne a amogela molaetsa ofe? Iseraele o ne a tla fenngwa ke baba ba gagwe, mme Saule le bomorwawe ba ne ba tla nna le “Samuele,” se se rayang gore ba ne ba tlile go swa. (1 Samuele 28:4-19) Modimo o ne a ikutlwa jang ka tshwetso ya ga Saule ya go ya kwa mothong yo o buang le meya? Dikwalo di re bolelela jaana: “Saule a swela tlolo ya gagwe . . . le ka gonne o ne a lopa kgakololo mo go mongwe yo o buang le badimo, gore a tle a botse ka gone.” (1 Ditirafalo 10:13) A diphelelo tse di botlhoko jang ne!
Le gompieno, batho ba ba inaakanyang le tirisabadimo ba itsenya mo kotsing e kgolo thata. Baebele e tlhagisa gore “ba ba dirisanang le meya” ba tla swa “loso lwa bobedi [kana, lwa bosakhutleng].” (Tshenolo 21:8; 22:15) Go bonala sentle he gore tsela e e botlhale le e e bolokang botshelo e motho a tshwanetseng go e tsaya ke go tila tirisabadimo le mefuta yotlhe ya yone.
Kafa o ka Tilang Meya e e Boikepo ka Teng
Go tweng fa e le gore o setse o inaakantse le tirisabadimo? O tla bo o dira sentle fa o tsaya dikgato ka bonako go sireletsa wena le ba lelapa la gago gore lo se gobadiwe ke meya e e boikepo. Dikgato dife? Go tshwantsha: Motho o sireletsa jang ntlo ya gagwe le lelapa la gagwe mo ditshenekeging? Morago ga go nyeletsa ditshenekegi tseno mo ntlong ya gagwe, o tlosa dilwana tse di ngokelang ditshenekegi mo ntlong. O tswala maphanyego a a mo leboteng le go nonotsha dipota go thibela ditshenekegi go tsena mo ntlong, mme fa sebetso seno sa ditshenekegi se sa ntse se tswelela, a ka nna a ya go kopa badiredibagolo ba lefelo la gagabo gore ba lwantshane le tsone.
Go dira ka tsela e e tshwanang go ka go thusa go ganana le meya e e boikepo le go ikgolola mo go yone. Akanya ka sekai sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Efeso ba ba neng ba dirisana le meya pele ga e nna Bakeresete. E ne ya re fa ba sena go swetsa gore ba kgaotsa go dirisana le meya, ba ne ba tsaya dikgato tse tharo tsa go itshireletsa mo ditlhaselong tsa meya e e boikepo tse di jaaka ditshenekegi. Ba ne ba dira eng?
Kgato ya Ntlha
Baebele e tlhalosa jaana: “Ba le bantsi thata ba ba ba neng ba dira ditiro tsa maselamose e le tlwaelo ba phutha dibuka tsa bone ba ba ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe.” (Ditiro 19:19) Ka go senya dibuka tsa bone tsa boitseanape, Bakeresete bano ba basha ba ne ba tlhomela batho botlhe ba gompieno ba ba batlang go ganana le meya e e boikepo sekao. Senya dilo tsotlhe tse di amanang le tirisabadimo. Tseno di akaretsa dibuka tsotlhe, dimakasine, dibuka tsa metlae, dibidio, dipampiri tsa phasalatso, dilo tsotlhe tse di tswang mo metsweding ya eleketeroniki, le mmino o o utlwalang o bua ka meya, mmogo le dipheko kana dilo tse dingwe tse di aparelwang go “itshireletsa.”—Duteronome 7:25, 26; 1 Bakorintha 10:21.
Monna mongwe kwa Amerika Borwa yo o kileng a bo a dirisana le meya thata ka masomesome a dingwaga o ne a tsaya kgakololo eno ya Dikwalo tsia. O gakologelwa jaana: “Letsatsi lengwe, ke ne ka phuthela dilo tsotlhe tsa me tsa tirisabadimo fa pele ga ntlo ya me, ka phamola selepe, ka di rema tsa sala di le manathoganyane.” Go tswa foo o ne a fisa sengwe le sengwe go fitlha go se na sepe se se setseng. Morago ga moo, o ne a gatela pele sentle mo semoyeng mme go ise go e kae e ne ya nna modiredi yo o tlhagafetseng mo go nngwe ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa.
Le fa go ntse jalo, kgato eno ya ntlha ga ya lekana. Ka ntlha yang? Gone mme, tota le fa go ne go setse go fetile dingwaga tse dintsi Bakeresete bano ba kwa Efeso ba sentse dibuka tsa bone tsa boselamose, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Re na le mekamekano . . . le mephato ya meya e e boikepo.” (Baefeso 6:12) Badimona ba ne ba ise ba latlhele seditse. Ba ne ba sa ntse ba batla go dirisa tshono e nngwe gape. Bakeresete bano ba ne ba sa ntse ba tlhoka go dira eng gape?
Kgato ya Bobedi
Paulo o ne a rotloetsa Baefeso bano ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.” (Baefeso 6:11, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Kgakololo eno e sa ntse e le botlhokwa le gompieno. Fela jaaka motho yo o lekang go boloka legae la gagwe le se na ditshenekegi, Mokeresete o tshwanetse go nonotsha diiphemelo tsa gagwe tse di jaaka mabota e le gore a se ka a angwa ka gope ke meya e e boikepo. Kgato eno ya bobedi e akaretsa eng?
Paulo o gatelela jaana: “Mo godimo ga dilo tsotlhe, tsayang thebe e kgolo ya tumelo, e lo tla kgonang go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo ka yone.” (Baefeso 6:16) Ruri thebe eno e a tlhokega. Fa tumelo ya gago e nitame, o tla kgona go ganana le mephato ya meya e e boikepo.—Mathaio 17:20.
Ka jalo, o ka kgona jang go nonotsa diiphemelo tsa gago? Ka go tswelela pele o ithuta Baebele. Go ithuta Baebele go amana jang le tumelo? Ebu, fela jaaka go nitama ga lebota go ikaegile thata ka go nonofa ga motheo wa lone, go nitama ga tumelo ya motho le gone go ikaegile thata ka nonofo ya motheo wa yone. Motheo ono ke eng?
Ke kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Tumelo e latela selo se se utlwilweng. Selo se se utlwilweng le sone se nna gone ka lefoko le le kaga Keresete.” (Baroma 10:17) O lalediwa go kopa thuto ya mahala ya Baebele mo go mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ka nako e e go siametseng le kwa lefelong le le go siametseng. Thuto eno e tla nonotsha tumelo ya gago. (Baroma 1:11, 12; Bakolosa 2:6, 7) Go tla felela ka eng? Go ise go ye kae, tumelo ya gago e tla nna lorako lwa phemelo lo lo tla go sireletsang mo ditlhotlheletsong tsa meya e e boikepo.—Pesalema 91:4; 1 Johane 5:5.
Bakeresete bale ba kwa Efeso ba ne ba tshwanetse go tsaya kgato efe ya boraro?
Kgato ya Boraro
Badumedi ba basha kwa Efeso wa bogologolo ba ne ba tsere dikgato tsa go ganana le meya e e boikepo, le fa go ntse jalo, Bakeresete bano ba ne ba sa ntse ba nna mo motseng o o tletseng ka bodimona. Ba ne ba tlhoka tshireletso e nngwe gape. Ka jalo, e ne ya re fa moaposetoloi Paulo a kwalela badumedikaene, o ne a ba bolelela se ba neng ba tshwanetse go se dira: “Ka mofuta mongwe le mongwe wa thapelo le mokokotlelo . . . [tswelelang] lo rapela ka lobaka longwe le longwe ka moya. Mme go dira seo nnang lo tsogile ka tlhomamo yotlhe le ka mokokotlelo mo boemong jwa baitshepi botlhe.”—Baefeso 6:18.
Eleruri, go rapelela tshireletso ya ga Jehofa ka tlhoafalo le ka metlha e ne e le kgato ya makgaolakgang e motho a neng a e tlhoka go itshireletsa mo meyeng e e boikepo, mme le jaanong e sa ntse e le yone. Mme go a gomotsa go itse gore Jehofa o tla araba mekokotlelo ya gago e e tswang mo pelong ka go go naya tshireletso ya gagwe, e e akaretsang go engwa nokeng ke baengele ba gagwe. (Pesalema 34:7; 91:2, 3, 11, 14; 145:19) Ka jalo, go botlhokwa thata go tswelela re rapela Modimo re re, “Re golole mo go yo o boikepo.”—Mathaio 6:13; 1 Johane 5:18, 19.
Antônio, yo pele a neng a dirisana le meya kwa Brazil, o ne a bona botlhokwa jwa thapelo. Fa a sena go amogela thuto ya Baebele le go ithuta leina la Modimo, Jehofa, o ne a simolola go rapela Jehofa Modimo ka tlhoafalo gore a mo thuse gore a se tlhole a dirisana le meya. Fa a gakologelwa dilo tsa nako e e fetileng o bolela jaana: “Go rapela Jehofa e nnile botshabelo jwa me le jwa batho ba bangwe ba bantsi ba ba neng ba dirilwe makgoba ke meya e e boikepo mo nakong e e fetileng.”—Diane 18:10.
O ka Atlega
Go botlhokwa thata gore fa o sena go itse Jehofa, o mo ikanye ka botlalo, o ikobele bolaodi jwa gagwe, mme o utlwe le ditaolo tsa gagwe. Fa o dira jalo, e tla re fa o kopa thuso mo go ene, o dirisa leina la gagwe ka namana, o tla go sireletsa. Antônio o ne a sirelediwa jalo. Gompieno ke mogolwane wa Mokeresete mo go nngwe ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa kwa São Paulo mme o leboga thata go bo a ile a bona boammaaruri jo bo neng jwa mo golola.—Johane 8:32.
Fela jaaka Antônio le diketekete tse dingwe tsa batho ba pele ba neng ba dirisana le meya mme jaanong ba direla Jehofa Modimo, le wena o ka atlega go ikgolola mo tirisabadimong. Ka jalo, senya dilo tsotlhe tse di amanang le tirisabadimo, nonotsha tumelo ya gago ka go ithuta Baebele, mme o rapelele tshireletso ya ga Jehofa. Tsaya dikgato tseno—ke botshelo mo go wena!
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Go ya ka Baebele, batho ba ba tshelang ga ba ka ke ba kgona go bua le baswi
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
1. Senya dilo tsotlhe tse di amanang le tirisabadimo
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
2. Tswelela o ithuta Baebele
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
3. Rapela ka tlhoafalo le ka metlha