Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Bodumedi bo Falotseng ka Teng

Kafa Bodumedi bo Falotseng ka Teng

Kafa Bodumedi bo Falotseng ka Teng

KA NAKO ya fa Jeremane ya Bonasi e ne e tlhasela Russia ka June 1941, puso ya Soviet e ne e batla e nyeleditse Kereke ya Orthodox ya Russia gotlhelele. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa Banasi ba sena go ba tlhasela, puso ya Soviet e ne ya fetola boikutlo jwa yone ka bodumedi. Ke eng se se neng sa ba tlhotlheletsa go dira jalo?

Porofesa nngwe ya hisitori ya segompieno kwa King’s College, kwa Lontone, e bong Richard Overy, o ne a tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya Russia’s War—Blood Upon the Snow: “Ka lone letsatsi le Jeremane e neng e tlhasela ka lone, Morutimogolo Sergei [Sergius], yo o eteletseng Kereke pele, o ne a ikuela mo badumeding ba yone go dira sengwe le sengwe gore ba fenye. O ne a gatisa diefangele di feta masomeamabeditharo mo dingwageng tse pedi tse di latelang, go kopa letsomane la gagwe go lwela naga e ba nnang mo go yone e e se nang bomodimo.” Ka jalo, jaaka Overy a ne a tswelela pele, ‘Stalin o ne a letlelela bodumedi go ntsifala gape.’

Ka 1943, kgabagare Stalin o ne a dumela go amogela Kereke ya Orthodox ka go tlhoma Sergius go nna moeteledipele wa yone yo mosha. Overy o ne a akgela jaana: “Badiredibagolo ba Kereke ba ne ba tsibogela seno ka go kokoanya madi go tswa mo malokong a kereke go etleetsa sesole sa tshireletso sa Soviet. Baruti le bobishopo ba ne ba rotloetsa diphuthego tsa bone gore di dire tumalanong le tumelo e di nang le yone mo Modimong le mo go Stalin.”

Mokanoki wa bodumedi wa kwa Russia e bong Sergei Ivanenko o ne a kwala jaana fa a tlhalosa nako eno ya hisitori ya Russia: ‘Kgatiso ya semolao ya Kereke ya Orthodox ya Russia, ya The Journal of the Moscow Patriarchate, e ne ya galaletsa Stalin jaaka moeteledipele yo mogolo le morutisi yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba nna teng le wa ditšhaba tsotlhe, yo o rometsweng ke Modimo go sireletsa setšhaba mo go gatelelweng ke beng ba dinaga le ke bakapitalise. E ne e ikuela mo badumeding gore ba intshe setlhabelo go femela USSR mo babeng ba yone le go dira sotlhe se ba ka se kgonang go aga puso ya Bokomonise.’

“Ba ne Ba Tlotlwa Thata ke KGB”

Le e leng fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go khutla ka 1945, Kereke ya Orthodox e ne ya nna e ntse e solegela puso ya Bokomonise molemo. The Soviet Union: The Fifty Years, e e rulagantsweng ke Harrison Salisbury, e ne ya bolela jaana fa e tlhalosa kafa seno se neng sa direga ka gone: “Fa ntwa e fela, baeteledipele ba dikereke ba ne ba dumalana le dikopo tsa ga Stalin tsa Ntwa ya Molomo tse di malebana le melao ya go dirisana le dinaga di sele.”

Buka ya bosheng jaana ya The Sword and the Shield e tlhalosa kafa baeteledipele ba kereke ba neng ba ema nokeng ka gone dilo tse di direlwang Soviet. E tlhalosa gore Moeteledipele Alexis I, yo a neng a tlhatlhama Sergius jaaka moeteledipele ka 1945, “o ne a nna leloko la Lekgotla la Kagiso ya Lefatshe, e leng mokgatlho o o di gogang kwa pele wa Soviet o o neng wa tlhongwa ka 1949.” Gape buka eno e bolela gore ene le Morutimogolo Nikolai “ba ne ba tlotlwa thata ke KGB [Komiti ya Polokesego ya Puso ya Soviet] jaaka baemedi ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo thata.”

Se se gakgamatsang ke gore ka 1955, Moeteledipele Alexis I o ne a bolela jaana: “Kereke ya Orthodox ya Russia e ema molao wa puso ya rona o o kagiso nokeng wa go dirisana le dinaga di sele, e seng ka gonne go bolelwa gore Kereke ga e na kgololesego, mme ka gonne molao wa Soviet o siame e bile o dumalana le dikgopolo tsa Bokeresete tse Kereke e rerang ka tsone.”

Mo makasineng wa January 22, 2000 wa The Guardian ya kwa Lontone, kwa Engelane, moruti mongwe wa lejelathoko wa Orthodox e bong Georgi Edelshtein o ne a nopolwa a bolela jaana: “Babishopo botlhe ba ne ba tlhophilwe ka kelotlhoko gore ba tle ba dirisane le puso ya soviet. Botlhe e ne e le baemedi ba KGB. Go itsiwe sentle gore Moeteledipele Alexy o ne a tlhongwa mo maemong ao ke KGB, a bidiwa ka leina le a le reeletsweng la Drozdov. Gompieno, ba sa ntse ba na le dikgopolo tse di tshwanang tsa bopolotiki tse ba neng ba ntse ba na le tsone dingwaga di le 20 kana di le 30 tse di fetileng.”

Sedirisiwa se Segolo sa Puso ya Soviet

Makasine wa Life wa September 14, 1959, o ne wa akgela jaana malebana le botsalano jo Kereke ya Orthodox e neng e na le jone le puso ya Soviet: “Stalin o ne a naya bodumedi ditshwanelo dingwe, mme kereke e ne e mo tsaya jaaka mmusimogolo. Tirisanommogo ya Orthodox e tlhomamisitswe ke bodiredi bongwe jo bo kgethegileng jwa puso mme Bakomonise ga ba bolo go dirisa kereke jaaka sedirisiwa se segolo sa puso ya Soviet.”

Matthew Spinka, modiredimogolo mo dikgannyeng tsa kereke kwa Russia, o ne a tlhomamisa mo bukeng ya gagwe ya 1956 ya The Church in Soviet Russia gore go na le botsalano jo bogolo thata magareng ga Kereke le Puso. O ne a kwala jaana: “Moeteledipele wa ga jaana e bong Alexei, o dirile ka boomo gore Kereke ya gagwe e nne sedirisiwa sa puso.” Eleruri, tota Kereke ya Orthodox e ne ya falola ka go nna sedirisiwa se segolo sa Puso. Gongwe o ka nna wa ipotsa gore, ‘A mme seo se maswe go le kalo?’ Gone mme, sekaseka kafa Modimo le Keresete ba lebang kgang eno ka teng.

Jesu Keresete o ne a bolela jaana ka barutwa ba gagwe ba boammaaruri: “Ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng.” E bile Lefoko la Modimo le botsa jaana ka tlhamalalo: “Basadi ba baakafadi, a ga lo itse gore botsalano le lefatshe ke bobaba le Modimo?” (Johane 15:19; Jakobe 4:4) Ka jalo, jaaka Baebele e tlhalosa, kereke e itirile seaka sa bodumedi se “dikgosi tsa lefatshe di neng tsa dira kgokafalo le sone.” E itshupile e le karolo ya se Baebele e se bitsang “Babelona o Mogolo, mmadiaka le mmadilo tse di ferosang sebete tsa lefatshe.”—Tshenolo 17:1-6.

Kafa Basupi ba Neng ba Falola ka Gone

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Jesu Keresete o ne a bolela kafa balatedi ba gagwe ba neng ba tla itsiwe ka gone, fa a ne a bolela jaana: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Lorato lono ke lone lebaka le legolo le le dirileng gore Basupi ba falole kwa go se pele e neng e le Soviet Union, jaaka pego e e latelang ya The Sword and the Shield e bontsha. “Bajehofa ba ne ba thusa badumedikabone ba ba neng ba le mo dikampeng [tsa makgoba] kana ba ba neng ba isitswe botshwarwa mo go yone naga eo ka dilo tsotlhe, ba ba naya madi, dijo le diaparo.”

Ba ba leng kwa dikampeng ba ne ba sa newe “dijo” fela mme gape ba ne ba newa le tsa semoya—Dibaebele le dibuka tsa Baebele. Baebele e na le ‘mafoko a Modimo,’ a Jesu a neng a bolela gore re a tlhoka go nonotsha bomoya jwa rona ka one. (Mathaio 4:4) Dibuka di ne di tsenngwa mo kampeng ka bokukuntshwane ka go ipaya mo kotsing e kgolo thata, e re ka motho ope fela yo a neng a fitlhelwa a dira jalo a ne a otlhaiwa botlhoko.

Helene Celmina, yo e leng Mo-Latvia, o ne a tlhatlhelwa mo kgolegelong kwa kampeng ya kotlhaelo ya Potma, kwa Russia, go simolola ka 1962 go fitlha ka 1966. O ne a kwala buka ya Women in Soviet Prisons, e a neng a tlhalosa jaana mo go yone: “Basupi ba le bantsi ba ga Jehofa ba atlholelwa dingwaga di le lesome tsa go dira ka natla ka ntlha fela ya go bo ba na le dimakasine di le mmalwa tsa Tora ya Tebelo mo mafelong a bone a bonno. E re ka batho ba tshwarelwa go nna le dikgatiso tseno, go a utlwala go bo batsamaisi ba tlhobaela le go shakgala fa ba bona dibuka tseno mo kampeng.”

Ga go na pelaelo gore go tsenya ga bone kgololesego le pabalesego ya bone mo kotsing ka ntlha ya go batla go thusa ba bangwe ka dilo tsa semoya go ne go bontsha lorato lwa Bokeresete! Le fa leno e ne e le lebaka la botlhokwa la go falola ga Basupi, go ne go na le le lengwe gape le le botlhokwa go feta leno. Helene Celmina o ne a akgela jaana: “Ga go motho ope yo a neng a kgona go tlhaloganya gore go tla jang gore lefelo leno le le dikaganyeditsweng ka terata e e tlhabang le mo go lone batho ba sa letlelelwang go kopana le go buisana mo go lone le fitlhelwe le na le dibuka tseno tse di sa letlelelwang.” Go ne go lebega go sa kgonege, ka gonne mongwe le mongwe yo o tsenang mo kgolegelong eno o ne a phuruphutsiwa tota. Mokwadi yono o ne a kwala jaana: “Go ne go lebega e kete baengele ba ne ba fofela mo lefelong leno bosigo ba bo ba latlhela dibuka tseno foo.”

Eleruri, Modimo o ne a solofetsa gore ga a kitla a latlha kana a tlogela batho ba gagwe. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa kwa Soviet Union ya maloba ba ne ba dumela seno ba sa belaele, fela jaaka mopesalema wa Baebele le ene a ne a dumela jaana: “Bona! Modimo ke mothusi wa me.” (Pesalema 54:4; Joshua 1:5) Eleruri, Basupi ba ne ba falola kwa Soviet Union eno ya maloba ka ntlha ya gore ba ne ba thusiwa ke ene!

Kafa Maemo a Neng a Fetoga ka Gone

Ka March 27, 1991, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nna mokgatlho o o itsegeng semolao kwa Soviet Union fa ba ne ba saena molaomotheo mongwe o o nang le maiphako a a latelang: “Boikaelelo jwa Mokgatlho ono wa Bodumedi ke go tsweledisa pele tiro ya bodumedi ya go itsise leina la ga Jehofa Modimo le dilo tse a di diretseng batho ka lorato ka Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo ka Jesu Keresete.”

Gareng ga dilo tse di kwadilweng mo molaomotheong ono tsa go diragatsa tiro eno ya bodumedi ke go rera phatlalatsa le go etela batho kwa magaeng a bone, go ruta batho ba ba ratang go reetsa boammaaruri jwa Baebele, go tsamaisa dithuto tsa mahala tsa Baebele ka thuso ya dibuka tsa Baebele tsa go ithuta le go aba Dibaebele.

Fa e sa le lekwalo leno le saeniwa dingwaga di feta di le lesome tse di fetileng, Soviet Union e ne ya phutlhama, mme boemo jwa bodumedi bo ne jwa fetoga thata kwa direpaboliking di le 15 tse pele e neng e le tsa Soviet. Go ka bolelwang ka isagwe ya bodumedi kwa nageng eo mmogo le go ralala lefatshe lotlhe?

[Lebokoso mo go tsebe 19]

Kafa Kereke e Neng ya Dirisana Mmogo ka Teng le Puso ya Soviet

Edmund Stevens o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya 1945 ya Russia Is No Riddle: “Kereke e ne ya nna kelotlhoko thata gore e se ke ya nna mookana o o tlhabang mong wa one. Kereke eno e ne e itse sentle gore Puso e ne e lebeletse gore e lebogele melemo eno ka go ema tsamaiso ya yone nokeng ka botlalo le go dira tumalanong le melao e e rileng e e e tlhometsweng.”

Stevens o ne a tswelela pele a tlhalosa jaana: “Jaaka go ne ga direga mo makgolong a le mantsi a dingwaga, kgopolo ya go nna bodumedi jwa semolao jwa Puso e ne e nweletse thata mo Kerekeng ya Orthodox, mme ka jalo go ne ga nna motlhofo thata gore e amogele seabe sa yone se sesha sa go dirisana mmogo le Puso ya Soviet.”

Setheo sa Keston se ne sa dira dipatlisiso tse di tseneletseng malebana le kafa Alexis II, e bong moeteledipele wa gompieno wa Kereke ya Orthodox ya Russia, a neng a dirisana mmogo ka teng le Puso ya Soviet mo nakong e e fetileng. Pego ya sone e ne ya konela jaana: “Go dirisana mmogo ga Aleksi le Puso go ne go sa tlhomologa ka gope—mo e ka nnang baeteledipele botlhe ba bagolo ba ditumelo tsotlhe tsa bodumedi tse di itsegeng semolao—go akaretsa le Bakatoliki, Ba-Baptist, Ba-Adventist, Bamoseleme le Babuda—e ne e le baemedi ba KGB. Eleruri, pego ya ngwaga le ngwaga e e tlhalosang kafa Aleksi a neng a dirwa moemedi ka gone e akaretsa gape le baemedi ba bangwe, bangwe ba bone ke ba Kereke ya Lutere ya Estonia.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

Go Fitlhelela ba ba Kwa Dikampeng

Mokwadi mongwe wa dikgang wa kwa Latvia e bong Viktors Kalnins, o ne a nna bontsi jwa dingwaga di le lesome tse a neng a di atlholetswe kwa kampeng ya makgoba ya kwa Mordovia, mo e ka nnang dikilometara di le 400 borwabotlhaba jwa Moscow. Fa Kalnins a ne a tlotla le mokwadi mongwe wa Tsogang! ka March 1979, o ne a bodiwa jaana: “A Basupi ba ba tswaletsweng koo ba a itse gore go diregang mono mo United States kana kwa dinageng tse dingwe ka mokgatlho wa bone?”

Kalnins o ne a araba jaana: “Ee, ba a itse, mme ba itse ka ntlha ya dibuka tse ba di amogelang. . . . E bile ba ile ba mpontsha dimakasine tsa bone. Ke ne ke sa itse lefelo le ba fitlhang dibuka tsa bone mo go lone; ba ne ba le fetola nako le nako. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe o ne a itse gore dibuka tseno di teng mo kampeng. . . . Balebedi le Basupi ba ga Jehofa e ne e kete ke katse le peba, bangwe ba ne ba leka go fitlha dibuka bangwe ba leka go bona kwa di leng teng!”

Fa a bodiwa gore, “A Basupi ba ga Jehofa ba lekile go bua le lona ka dilo tse ba di dumelang?” Kalnins o ne a araba jaana: “Ee ruri! Dilo tse ba di dumelang di itsege thata. Re itse sengwe le sengwe ka Haramagedona . . . Ba ne ba bua thata ka ga gore bolwetse bo tlile go fela.”

[Setshwantsho]

Basupi kwa dikampeng tsa Mordovia ba ne ba bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele ka bopelokgale

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Lelapa looraVovchuk le ne la fudusediwa kwa Irkutsk, kwa Siberia, ka 1951, mme le gompieno le ntse le tsweletse e le Bakeresete ba ba ikanyegang

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ka ntlha ya gore kereke e ne ya ema puso ya Soviet nokeng ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, Stalin o ne a letlelela bodumedi go tswelela ka nakwana

[Motswedi wa Setshwantsho]

U.S. Army photo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Moeteledipele Alexis I (1945-70) o ne a bolela jaana: ‘Molao wa Soviet o dumalana le dikgopolo tsa Bokeresete tse Kereke e di rerang’

[Motswedi wa Setshwantsho]

Central State Archive regarding the film/photo/phono documents of Saint-Petersburg