Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mapodise—Ke Eng Fa re A Tlhoka?

Mapodise—Ke Eng Fa re A Tlhoka?

Mapodise—Ke Eng Fa re A Tlhoka?

BOTSHELO bo ne bo ka nna jang fa go ne go se na mapodise? Go ne ga direga eng ka 1997 fa mapodise a le 18 000 a ne a ngadile tiro kwa motseng wa Brazil wa Recife, ba tlogetse baagi ba koo ba ba fetang milione ba sa sirelediwa?

The Washington Post e ne ya bega jaana: “Mo malatsing ano a matlhano a dikhuduego mo toropong eno e kgolo e e fa lobopong lwa lewatle, palo ya dipolao e oketsegile go menagane gararo. Go thukhuthilwe dibanka di le robedi. Digongwana tsa dikebekwa di tlhasetse marekelo mangwe le metse ya batho ba maemo di hulakaka ka ditlhobolo. Batho ga ba ikobele melao ya pharakano. . . . Bokebekwa bo atile thata jaana mo e bileng dimmotšhara di penologang le maokelo a magolo a puso a tletse thata jaana ka batho ba ba hudilweng le ba ba tlhabilweng mo e bileng bangwe ba bone ba rapaletseng mo diphashiting.” Go begwa gore mokwaledi wa lefapha la bosiamisi o ile a re: “Ga go ise go ko go nne le tlolomolao e e kanakana.”

Gongwe le gongwe kwa re nnang gone go na le boikepo mo setšhabeng seno sa rona se se lebegang se tlhabologile. Re tlhoka mapodise go re sireletsa. Ke boammaaruri gore bontsi jwa rona re tle re utlwe ka mapodise mangwe a a setlhogo, a a tsietsang, a a itlhokomolosang dilo le a a sa diriseng taolo ya one sentle. Dilo tseno di a farologana go ya ka bogolo jwa tsone le dinaga tse di diregang mo go tsone. Mme gone, go ne go ka nna jang fa go ne go se na mapodise? A ga se boammaaruri gore gantsi mapodise a re direla ditiro tse di botlhokwa? Tsogang! e ile ya botsa mapodise a dinaga tse di farologaneng gore ke eng fa ba ile ba tlhopha tiro eno.

Tirelosetšhaba

Ivan, yo e leng lepodise la kwa Boritane a re: “Ke itumelela go thusa batho. Ke ne ka ngokelwa mo tirong eno ke ditiro tse di farologaneng. Gantsi batho ga ba lemoge gore tiro ya go lwa le bokebekwa e akaretsa fela diperesente di le 20 go ya go di le 30 tsa tiro ya mapodise. Tiro eno e akaretsa segolobogolo tirelosetšhaba. Gantsi fa ke paterola nka bilediwa loso lwa tshoganyetso, kotsi ya tsela, bokebekwa kana go ya go thusa mogodi mongwe yo o tlhokang thuso. Ke kgotsofala tota fa ke busetsa ngwana yo o latlhegileng kwa legaeng la gagwe kana fa ke thusa motho yo o diretsweng bokebekwa go itshokela se se mo diragaletseng.”

Stephen e kile ya bo e le lepodise kwa United States. A re: “Fa o le lepodise, o na le bokgoni le nako ya go thusa batho ka fa o ka kgonang ka teng fa ba tla kwa go wena go tla go kopa thuso ka tlhoafalo. Ke sone se se dirileng gore ke rate tiro eno. Ke ne ke batla go thusa batho le go ba thusa go sikara mathata a bone. Ke ikutlwa gore tiro eno e nthusa go sireletsa batho ka selekanyo se se rileng mo bokebekweng. Ke ile ka tshwara batho ba le 1 000 mo dingwageng tse tlhano. Mme selo se se nkgotsofatsang thata ke go thusa ngwana yo o neng a latlhegile go boela kwa gae, go thusa molwetse wa bolwetse jwa Alzheimer yo o neng a latlhegile le go busetsa dikoloi tse di neng di utswilwe kwa go beng ba tsone. Gape ke itumedisiwa ke go lelekisa babelaelwa le go ba tshwara.”

Roberto, yo e leng lepodise kwa Bolivia a re: “Ke ne ke batla go thusa batho ba ba tlhagetsweng ke maemo a tshoganyetso. Fa ke sa le monnye, ke ne ke kgatlhwa ke mapodise ka gonne ba sireletsa batho mo dikotsing. Ke simolotse tiro eno ya me ka go paterola ka maoto mo mebileng ya bogare jwa toropo e diofisi tsa puso di leng mo go yone. Re ne re tlhokomela megwanto ya dipolotiki letsatsi le letsatsi. Tiro ya me e ne e le go ela maemo tlhoko gore go se ka ga runya dikhuduego. Ke ne ka lemoga gore fa ke nna botsalano le go dirisana sentle le baeteledipele ba teng, ke ne ke kgona go tila dikhuduego tse di neng di ka nna tsa dira gore batho ba le bantsi ba gobale. Seo se ne se nkgotsofatsa tota.”

Mapodise a dira ditiro tse di farologaneng. Ba dira ditiro tse di tlogang ka tsa go namola katse mo setlhareng go ya go tsa go namola batho ba ba gapilweng ke dirukhutlhi le go tshwara bathukuthi ba dibanka. Le fa go ntse jalo, go tloga ka nako ya fa mapodise a segompieno a simolola go nna gone, go ile ga nna le ditsholofelo le dipoifo ka bone. Setlhogo se se latelang se tlhalosa lebaka la gone.

[Ditshwantsho mo go tsebe 2, 3]

Tsebe 2 le 3: Go laola pharakano kwa Chengdu, kwa China; lepodise la dikhuduego kwa Greece; mapodise mo Afrika Borwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Linda Enger/Index Stock Photography

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Go gapiwa dilo mo lebenkeleng ka nako ya fa mapodise a ne a ngadile tiro kwa Salvador, Brazil, ka July 2001

[Motswedi wa Setshwantsho]

Manu Dias/Agência A Tarde

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Stephen, wa kwa U.S.A.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Roberto, wa kwa Bolivia