Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thutego e e Kgolo—Mme Dilo Ga di A Fetoga go le Kalo

Thutego e e Kgolo—Mme Dilo Ga di A Fetoga go le Kalo

Thutego e e Kgolo—Mme Dilo Ga di A Fetoga go le Kalo

“Le fa bosheng jaana go na le dilo tse saense e ileng ya atlega mo go tsone, batho ga ba a fetoga go le kalo mo diketeng tse pedi tsa dingwaga tse di fetileng; mme ka ntlha ya seno re sa ntse re tshwanelwa ke go ithuta go tswa mo dilong tsa nako e e fetileng.”—Kenneth Clark, Civilisation—A Personal View.

RURI go na le dilo tse di gakgamatsang tse saense e ileng ya gatela pele mo go tsone mo makgolong a dingwaga a a fetileng. Makasine wa Time o bolela gore dilo tseno “di thusitse dimilione tsa rona go tshela botshelo jwa maemo a a kwa godimo go gaisa batho botlhe mo hisitoring.” Dingwe tsa dilo tseo ke kgatelopele mo go tsa kalafi. Zoé Oldenbourg, yo e leng mokwalahisitori o bolela gore mo metlheng ya bogologolo “go ne go dirisiwa kalafi e e kotsi le e e sa tlhabologang. Ngaka e ne e ka go bolaya motlhofo e re ya go alafa.”

Ga se Ka Metlha Batho ba Neng ba Iketleeleditse go Ithuta

Ga se ka metlha batho ba neng ba iketleeleditse go ithuta. Ka sekai, fa lekgolo la dingwaga la bo19 le tloga le fela, dingaka di le dintsi di ne di itlhokomolosa bosupi jo bo botlhokwa jwa gore bone ka bobone ba ne ba dira gore malwetse a balwetse ba bangwe a fetele mo go ba bangwe. Ka jalo ba ne ba tswelela ba dirisa mekgwa e e kotsi ba gana go tlhapa diatla fa ba tswa mo molwetseng yo mongwe ba ya kwa go yo mongwe.

Le fa go ntse jalo, saense le boranyane di ne tsa nna tsa gatela pele. Ga go pelaelo gore batho ba ne ba tshwanetse ba ka bo ba ithutile go tswa mo dilong tsa nako e e fetileng go dira gore lefatshe e nne lefelo le le itumedisang le le le babalesegileng. Mme ga go a ka ga nna jalo.

Akanya ka Yuropa mo lekgolong la dingwaga la bo17. Motlha oo o ne wa tlhalosiwa e le motlha wa tshedimosetso le temogo. Le fa go ntse jalo, se se salang ke gore Kenneth Clark a re, “le fa go ile ga nna le kitso e kgolo mo go tsa saense le botaki, go ne go sa ntse go na le batho ba ba bogisiwang setlhogo e bile go lowa dintwa tse di matlhomahibidu.”

Mo motlheng wa rona batho ba sa ntse ba ikgogona go ithuta mo dilong tsa nako e fetileng e leng se se ka ba thusang go tila diphoso tsa nako eo. Seno se dira gore botshelo jwa rona mo polaneteng eno bo nne mo kotsing. Joseph Needham yo e leng mokwadi o akanya gore seemo seno se setse se le kotsi thata jaana mo e leng gore ‘se re ka se dirang fela ke go solofela le go rapela gore ditlhakanatlhogo di se ka tsa tloga tsa dira dilo tse di ka fedisang botshelo mo lefatsheng.’

Ke eng se se dirang gore le mororo go na le kitso le thutego e kgolo jaana re bo re sa ntse re tshela mo lefatsheng le le tletseng ka thubakanyo le bosetlhogo? A seno se tla tsamaya se fetoga? Ditlhogo tse pedi tse di latelang di tla araba dipotso tseno.