Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Dipalo di Laola Botshelo Jwa Gago?

A Dipalo di Laola Botshelo Jwa Gago?

A Dipalo di Laola Botshelo Jwa Gago?

A DIPALO di na le bokao bongwe jo bo fitlhegileng? Bangwe ba araba ka go re: “Ee, go ntse jalo!” ba bo ba umaka sekai—borukhutlhi jo bo neng jwa direga ka September 11, 2001.

Mongwe wa baithuti ba masaitseweng a dipalo a re: “Ka bonako fela fa ke sena go utlwalela tiragalo eno, ke ne ka ela tlhoko letlha leno la: 9-11-2001.” Gantsi baithuti ba masaitseweng a dipalo ba tsaya palo ya 11 e le nngwe ya “dipalo tsa botlhokwa.” Ka jalo batho ba ba tlhagafaletseng masaitseweng a dipalo ba dirile lenaane la dilo tse di farologaneng tse di lebisang go “palo ya botlhokwa” ya 11 tse di amanang le borukhutlhi jo bo neng jwa direga. Seno ke bontlhanngwe fela jwa se ba se boneng:

▪ Masetlapelo a diragetse ka letlha la 9/11. . . . 9 + 1 + 1 = 11.

▪ September 11 e ne e le letsatsi la bo254 la ngwaga. . . . 2 + 5 + 4 = 11.

▪ Sefofane se se neng sa thula kago e e kafa bokone e ne e le Flight 11.

▪ Sefofane seo se ne se na le bapalami ba le 92 mo teng. . . . 9 + 2 = 11.

▪ Sefofane se se neng sa thula kago e e kafa borwa se ne se na le bapalami ba le 65. . . . 6 + 5 = 11.

▪ Dikago tseno tsa Twin Towers di ne di eme jaaka palo ya 11.

▪ Leina “New York City” ka Seesemane le na le ditlhaka tse 11.

Masaitseweng a dipalo—a mo go one dipalo dingwe di tsewang di na le bokao bongwe jwa botlhokwa—ke selo se se ileng sa anama thata mo Afrika, kwa Asia le kwa Amerika. Ke eng se se dirang gore batho ba kgatlhegele masaitseweng ano a dipalo? Go ya ka lefelo lengwe mo Internet, go ribolola bokao jo bo fitlhegileng jwa ditlhaka dingwe jo bo dirisiwang mo maineng—e leng karolo nngwe ya masaitseweng a dipalo e e ratiwang thata—“go senola tshedimosetso e e nepang dilo kaga botho jwa motho, maikutlo, dinonofo le makoa a gagwe.” Go ya ka tshedimosetso eno, go ithuta ka “matlha a rona a matsalo go senola dilo tse di tla re diragalelang mo botshelong, tse di itumedisang le tse di hutsafatsang.”

A seo se boammaaruri? A kgotsa go ka tswa go na le dikotsi dingwe tse di sa lemotshegeng ka masaitseweng ano a dipalo?