Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa go Nna Bosigo go le Motshegare

Fa go Nna Bosigo go le Motshegare

Fa go Nna Bosigo go le Motshegare

KA BAKWADI BA TSOGANG! KWA ANGOLA LE ZAMBIA

‘GO NNA bosigo go le motshegare? Ga go kgonege!’ bangwe ba ka rialo. Ga se fela gore go a kgonega mme gape go direga makgetlo a le mmalwa morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse di lesome—fa letsatsi le fifala gotlhelele. Ke eng se se dirang gore letsatsi le fifale, mme ke eng fa tiragalo eo e gakgamatsa? Go bona karabo, a re bue pele ka ngwedi.

A o tlwaelane le tsela e ngwedi e fetofetogang tebego ka yone fa e ntse e dikologa lefatshe? Fa ngwedi le letsatsi di lebagane go tswa kafa matlhakoreng a a farologaneng mo loaping, re bona se go tweng ke ngwedi o o tletseng o tlhaba go tswa kafa botlhaba fa letsatsi le ntse le phirima kafa bophirima. Fa malatsi a ntse a ya, ngwedi o tlhaba moragonyana maitseboa mangwe le mangwe, o ralala loapi ka bonya go atamela letsatsi fa le ntse le tlhaba. Karolo e e bonesitseng ya ngwedi e nna e ngotlega kgato ka kgato, go fitlha e nna jaaka lonalanyana fela. Fa go direga gore ngwedi o tlhage mo loaping ka nako e le nngwe le letsatsi motshegare otlhe, tota le tebego eo e e keteng lonala e a nyelela mme ngwedi ga o tlhole o bonala sentle ka jaana karolo ya one e e lefifi e lebagane le lefatshe. Seno se bidiwa gore ke ngwedi yo mosha. Go tswa foo modikologo oo o boela morago, e re ka ngwedi jaanong o katoga letsatsi go fitlha o boa o nna ngwedi o o tletseng. Modikologo oo o ipoapoeletsa mo e ka nnang ka matsatsi mangwe le mangwe a le 28.

Selo sa botlhokwa se se dirang gore letsatsi le fifale ke ngwedi yo mosha. Gantsi o fapaana le letsatsi mo loaping motshegare kwantle ga gore re lemoge seo ka gonne mafelo a ngwedi le letsatsi di dikologang mo go one a sa lebagana. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, go tle go direge gore letsatsi, ngwedi le lefatshe di tlhomagane sentle. Ka nako eo, moriti wa ngwedi o tla bo o bonala mo boalong jwa lefatshe, mme seo se bo se dira gore letsatsi le fifale.

Go fifala ga letsatsi go dirwa ke kamano e e sa tlwaelegang e e nnang gone gareng ga letsatsi, ngwedi le lefatshe. Letsatsi le bogolo jo bo boitshegang, kgolokwe ya lone e feta ya ngwedi ka makgetlo a ka nna 400. Le fa go ntse jalo, selo se se gakgamatsang ke gore, letsatsi le katogile lefatshe ka sekgala se se fetang se ngwedi e le katogileng ka sone ga makgetlo a le 400. Ka ntlha ya seo, letsatsi le bonala mo matlhong a rona le lekana ka bogolo le ngwedi. Ke gone ka moo ka dinako tse dingwe go tleng go bonale e kete ngwedi e bipa letsatsi sentle.

Gore letsatsi le kgone go fifala jalo ka botlalo, letsatsi, ngwedi le lefatshe di tshwanetse go bo di lebagane sentle mme gape di tshwanetse go bo di lebagane jalo ka nako e ngwedi e leng mo karolong e e a bong e atametse lefatshe ka yone mo modikologong wa yone. * Ka nako eo, ntlhana ya moriti wa ngwedi e dira gore go nne lefifi mo boalong jwa lefatshe.

Ka nako ya go fifala gotlhelele ga letsatsi ka June 21, 2001, moriti oo o ne o tshwanetse go nna bophara jwa dikilometara di ka nna 200. Go fifala goo go ne go tlile go simolola fa letsatsi le tlhaba kwa lobopong lo lo kwa botlhaba lwa Amerika Borwa, mme go ralale Atlantic Borwa, koo go neng go tla fitlha go fifala ka lobaka lwa metsotso e le metlhano teng. Fa go fifala gono go sena go ralala Angola, Zambia, Zimbabwe le Mozambique, go ne go tla felela fa letsatsi le phirima kwa lobopong lo lo kafa botlhaba lwa Madagascar. Mma re bone kafa batho ba Angola le Zambia ba ileng ba bona tiragalo eno e e gakgamatsang mo loaping ka teng.

Go Ipaakanyetsa Tiragalo Eno

Babatlisisi, baithutadinaledi le batho ba bangwe ba bantsi ba ne ba thologela mo Afrika go tla go bona go fifala gono ga letsatsi ga ntlha mo mileniamong o mosha. E re ka toropo ya Lusaka, kwa Zambia e le yone fela motsemoshate o o neng o le mo lefelong le le neng le tla nna le phifalo ya letsatsi, bajanala ba le bantsi ba ne ba gorogela teng.

Gongwe eno e ne e le tiragalo e kgolo go gaisa tsotlhe e e ileng ya ngoka baeti mo Zambia. Malatsi a sekae pele ga phifalo ya letsatsi, Lusaka e ne e tletse ka diketekete tsa bajanala. Tiragalo eno e ne e setse e baakanyeditswe dikgwedi go sa le pele. Dihotele, mafelo a bonno, mafelo a go tlhoma ditente, le magae a batho a ne a tletse ka ntlha ya go amogela boidiidi jwa bajanala.

Mafelo a go lebelela a ne a akaretsa boemafofane jwa Lusaka, koo batho ba neng ba ka goroga teng mo mosong go lebelela tiragalo eno, mme ba bo ba tsamaya mo maitseboeng. Diteishene tsa radio le thelebishene di ne tsa itsise batho dibeke di le dintsi go sa le pele kaga tiragalo eno e e gakgamatsang, di tlhagisa batho kaga dikotsi tsa go lebelela letsatsi ka tlhamalalo. Marekisetso a diborele tse di kgethegileng tsa go leba letsatsi a ne a rekisa tse dintsi go feta kafa go neng go lebeletswe ka teng, mme mabenkele a le mantsi a ne a rekisa tsotlhe tse a neng a na le tsone.

Le fa go ntse jalo, mo kontinenteng ya Afrika go fifala ga letsatsi go ne go tla simolola pele kwa Angola, kwa toropong e e fa lobopong lwa lewatle ya Sumbe. Ke teng mo lefelong leno mo babogedi ba neng ba tla bona go fifala ga letsatsi ka metsotso e le menè le halofo, e leng lobaka lo loleele go gaisa otlhe fa o lebile o se fa lewatleng.

Dikgwedi pele ga phifalo ya letsatsi, matshwao a phasalatso a a neng a itsise kaga tiragalo eno le kaga dikotsi tsa yone a ne a bewa mo motsemoshateng wa Angola, e leng Luanda le mo ditoropongkgolo tse dingwe. Moriti wa ngwedi o ne o tla ralala bogare jwa naga, ka gone batho botlhe ba Angola ba ne ba tla bona bobotlana bontlhanngwe jwa go fifala ga letsatsi. Luanda e ne e tla bona diperesente di le 96 tsa go sirega ga letsatsi. Puso e ne ya thusana le dikhampani tse di ikemetseng go rulaganyetsa go reka dimilione tsa diborele tse di kgethegileng tsa letsatsi gore di abelwe batho. Batho ba le bantsi ba ba neng ba se na madi a go ithekela diborele ba ne ba di fiwa mahala.

Lefelo la konokono le go neng ga lebelelwa go fifala ga letsatsi mo go lone kwa Angola e ne e le Sumbe, e e leng mo dipoeng tse dintle tse di fa lobopong fa gare ga Atlantic Borwa le karolo e atlhameng ya bogare jwa Angola. Kgaolo ya Sumbe e ile ya se ka ya amiwa ke dintwa tse di setlhogo tse di ileng tsa aparela Angola, ka gone bajanala ba fitlhetse toropo eno e e nang le baagi ba ka nna 25 000 e le mo maemong a a siameng, baagi ba yone ba le botsalano e bile ba rata batho. E le gore go amogelwe bajanala botlhe, go ne ga rulaganngwa mafelo a bonno a mantsinyana ga ba ga tokafadiwa le seteishene sa teng sa motlakase. Go ne ga dirwa kokoano e e kgethegileng e e malebana le phifalo ya letsatsi e direlwa baitsesaense, ditona tsa puso, badiri ba mekgatlho ya katlaatleloloago ba Angola le dinaga tse dingwe. Go ne ga dirwa serala se segolo mo lotshitshing lwa lewatle go itumedisa batho ka tsela e e iseng e ko e diragale pele mo Sumbe.

Letsatsi le Legolo le a Atamela

Sengwe se se neng se le molemo ka go lebelela go fifala ga letsatsi kwa Angola ke gore, ga go na dipula ka kgwedi ya Seetebosigo. Mme akanya kafa batho ba ileng ba gakgamala ka teng fa ba bona maru a ikokoanya kwa Sumbe letsatsi pele ga go fifala ga letsatsi! Bosigo jotlhe go fitlha mo mosong o o latelang ke fa toropo eo e okangwe ke leru le lentsho. A tsholofelo ya go bona go fifala ga letsatsi e ne e tla kgoreletsega? Mo mosong maru a ne a simolola go apoga, mme fa go tloga go nna sethoboloko loapi lo ne lo se na maru. Batho ba ne ba wela makgwafo! Le kwa Zambia batho ba ne ba tshwenyegile thata fa ba bona maru a thibile fa bosigo bo sa. Mme le teng maru a ne a apoga ka nako e e tshwanetseng. Utlwa gore ba ba boneng ka matlho ba re go ne ga diragalang.

Angola: “Re ne ra tlhopha go lebelela go fifala ga letsatsi mo lefelong le le tlhageletseng sentle go lebagana le lewatle. Fa nako ya go fifala ga letsatsi e ntse e atamela, boidiidi jwa batho bo ne jwa phuthegela fa lotshitshing le mo mafelong a a neng a rulaganyeditswe go lebelela tiragalo eno. Ka tshokologo, fa go fifala ga letsatsi go tloga go simolola, bontsi bo ne jwa rwala diborele tsa letsatsi mme jwa lebelela fa ngwedi e simolola go sira letsatsi. Ka bonako fela morago ga tshokologo go fifala ga letsatsi go ne ga simolola. Dipatso tse dintsho tsa letsatsi di ne di bonala fa o dirisa dibonelakgakala le thelesekoupo. Babogedi ba ne ba bona fa dipatso tseno di ne di siriwa ke moriti ka bongwe ka bongwe. Fa letsatsi le ntse le fifala, go ne ga nna tsididi mme lesedi la simolola go fetoga mmala. Fa lesedinyana la bofelo la letsatsi le ntse le siriwa ke moriti, go ne ga fifala.”

Zambia: “E re ka ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya Zambia e le kwa Makeni, kwa Lusaka e ne e le lefelo le le siametseng go lebelela go fifala ga letsatsi mo go lone. Ka 3:07 p.m., ngwedi e ne ya simolola go sira letsatsi. Meriti e ne ya apesa dikago e dira gore go bonale matlhasedinyana a lesedi. Phefo e ne ya okobala le dinonyane tsa sisibala. Diphologolo tsa naga di ne tsa simolola go ipaakanyetsa go robala. Ka 3:09 p.m. e leng metsotso pele ga phifalo ya letsatsi, go ne ga sala dintlhana di se kae tsa letsatsi tse di tsabakelang, go fitlha go sala ntlhana e le nngwe fela. E nngwe ya ditiragalo tseno tse di gakgamatsang e bidiwa dibaga tsa ga Baily fa e nngwe yone e bidiwa palamonwana ya teemane. * Morago ga moo go ne ga bonala chromosphere, e leng lesedinyana le le bohibitswana le morago ga lone letsatsi le siregang gotlhelele go bo go nna lefifi!”

Angola: “Tsela e palamonwana eno ya teemane e neng e tsabakela ka yone e ne ya dira gore batho ba gakgamale le go goa. Morago ga moo ka 1:48 p.m. letsatsi le ne la simolola go fifala. Batho ba ne ba tsiboga ka ditsela tse di sa tshwaneng. Bangwe ba ne ba tsaya ditshwantsho. Ba bangwe ba ne ba simolola go goela gongwe ba re, ‘Go fifetse! Go fifetse! Go fifetse!’ Ba bangwe bone ba ne ba simolola go letsa melodi le go goa ka boitumelo fa go ntse go nna bosigo go le motshegare. Go ne ga nna le lesedi go dikologa letsatsi le le fifetseng le le bopang corona. Re ne ra bona gase e e tukang go dikologa karolo e ntsho ya ngwedi. Ka bonako fela go fifala go ne ga fela mme letsatsi le ne la simolola go tlhaga mo letlhakoreng le lengwe la moriti.

“Fa letsatsi le ntse le tlhaga, re ne ra bona dipatso tsa letsatsi tse pele di neng tsa nyelela, di simolola go tlhaga ka bongwe ka bongwe go tswa mo lefifing mme letsatsi la simolola go nna kgolokwe gape.”

Zambia: “Go fifala ga letsatsi mono go ne ga tsaya lobaka lwa metsotso e le 3 le metsotswana e le 14, ka gone re ne re na le nako e e lekaneng ya go lebelela tiragalo eno e e gakgamatsang. Go ne go le lefifi, mme go na le lesedinyana le le bofitlha mo loaping. Le fa loapi lo ne lo sa ntse lo le pududu, mo go lone go ne go bonala dipolanete tse gantsi di a bong di sirilwe ke letsatsi—ka sekai Jupiter le Saturn di ne di bonala sentle. Gongwe selo se se neng se kgatlha thata ka go fifala ga letsatsi e ne e le corona. E ne ya tlhaga e le lesedinyana le le bosweu jo bo bohibitswana go dikologa kgolokwe e ntsho. Babogedi ba ba akabetseng ba ne ba e tlhalosa ba re ‘e a gakgamatsa, e bile e a kgatlha.’ Ngwedi e ne ya suta ka iketlo mo godimo ga letsatsi, mme letsatsi la simolola go tlhagelela mme marang a lone a boela a phatsima mo lefatsheng a sa sirwa ke sepe. Go fifala ga letsatsi go ne ga fela ka 4:28 p.m.!”

Se re Se Ithutang mo go Fifaleng ga Letsatsi

Batho ba le bantsi ba ne moragonyana ba bolela kafa tiragalo eno e ba amileng maikutlo ka teng. Mosadi mongwe kwa Angola o ne a bolela gore o ile a batla a tsholola dikeledi. Yo mongwe o ne a bolela fa seno e le mpho e ntle e e tswang kwa Modimong. Yo mongwe ene o ne a bolela gore ke Mmopi yo lorato fela yo o neng a ka dira gore go diragale selo se se gakgamatsang jalo gore batho ba kgone go itumelela bontle jwa letsatsi.

Go ne go bonala sentle gore bontsi jwa batho ba Afrika ba tlotla Mmopi le Baebele fela thata. Fa Basupi ba ga Jehofa mo toropong ya Sumbe ba ntse ba bua le batho ka go fifala ga letsatsi, ba ne ba tlhalosa gore seno ke nngwe ya ditiro tse di gakgamatsang tsa Mmopi wa rona Jehofa, mme baagi ba ne ba kgatlhegela thata go tlotla ka kgang eno. Ba le bantsi ba ne ba amogela dikhopi tsa makasine wa bosheng wa Tora ya Tebelo o o buang ka ditiro tseno tse di gakgamatsang.

Tiragalo eno ya masedi a legodimo e thusitse dimilione tsa batho go lebala mathata a bone ka nakwana go lebelela sengwe se ruri se kgothatsang e bile se gakgamatsa. Ka ntlha ya go bona dikarolo tse di galalelang tsa letsatsi tse gantsi di sa bonaleng, bangwe ba ne ba akanya ka Mmopi wa lone yo o sa bonaleng yo o galalelang le e leng go feta, e bong Jehofa Modimo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Bogolo jwa letsatsi le ngwedi bo a farologana go ikaegile ka gore di fa kae mo mafelong a di dikologang di le mo go one. Fa ngwedi e le mo karolong e e dirang gore o nne kgakala le lefatshe, karolo e e lefifi thata ya moriti wa ngwedi e ka nna ya se ka ya fitlha mo boalong jwa lefatshe. Fa seno se direga, batho ba ba lebileng go tswa mo lefatsheng ba ba leng mo karolong ya lefatshe e e lebaganeng le moriti oo, ba ka bona go fifala go go nang le tebego ya tshekeletsana mme letsatsi le bonala le phatsima le dikologilwe ke moriti o o montsho.

^ ser. 19 Tiragalo e e bidiwang dibaga tsa ga Baily e bakwa ke fa lesedi la letsatsi le kgabaganya mekgatšha ya ngwedi pele fela ga letsatsi le fifala gotlhelele. Mafoko a a reng “palamonwana ya teemane” a tlhalosa tsela e letsatsi le lebegang ka yone pele ga le fifala gotlhelele, fa go sa ntse go bonala karolwana e nnye ya letsatsi, e tlhagile jaaka e kete ke tshekeledi e e tshweu e e tsabakelang e e tshwanang le palamonwana ya teemane.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

→ →

Letsatsi → Ngwedi ⇨ Karolo e e lefifi ⇨ Lefatshe

→ →

[Motswedi wa Setshwantsho]

© 1998 Visual Language

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Dibaga tsa ga Baily

Phifalo ya letsatsi

Palamonwana ya teemane

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy Juan Carlos Casado, www.skylook.net

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Babogedi ba go fifala ga letsatsi kwa Lusaka, Zambia