Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kgatlhegela Dipalo

Go Kgatlhegela Dipalo

Go Kgatlhegela Dipalo

AKANYA gore lefatshe le ne le ka nna jang fa le ne le se na dipalo. Go ne go se kitla go nna le madi. Batho ba ne ba tla tshwanelwa ke go gwebisana fela ka go ananya dilo ka namana. Mme go tweng ka metshameko? Fa go ne go se na dipalo, re ne re ka se kgone fela go bala dino mme gape re ne re ka se kgone go tlhalosa gore setlhopha sengwe le sengwe se nne le batshameki ba le kae!

Le fa go ntse jalo, kwantle ga gore dipalo di mosola, gape di tsewa di amana ka tsela nngwe le masaitseweng. Seno ke ka gonne ke dilo tse o ka di tlhaloganyang ka mogopolo fela. O ka se ka wa di tshwara kana wa di utlwa. Ka sekai: Apole e farologana le maungo a mangwe ka mmala, popego, bogolo, monko le tatso ya yone. O ka tlhotlhomisa nngwe le nngwe ya dilo tseno go bona fa e le gore selo se o se tshwereng ke apole kgotsa ke namune, bolo kana sengwe se sele. Mme palo yone ga ya nna jalo. Dilo tse palo ya tsone e leng supa di ka nna tsa bo di sa tshwane le dilo tse dingwe tse le tsone palo ya tsone e leng supa—ntle le gore fela di supa. Ka gone, go tlhaloganya bokao jwa dipalo—ka sekai go itse gore thataro le supa di farologana jang—ke go tlhaloganya selo se tota o ka se kang wa se supa ka tlhomamo. Mme seno ke sone se se dirang gore batho ba amanye dipalo le masaitseweng.

Thuto ya ga Pythagoras e Fetoga Saense e e Fopholetsang

Go amanya dipalo le bokao bongwe jo bo kgethegileng e ne e le selo se se tlwaelegileng mo bathong ba bogologolo. Pythagoras, yo e neng e le mofilosofi le moitsedipalo wa Mogerika yo o tshedileng mo lekgolong la dingwaga la borataro B.C.E., o ne a ruta batho gore dilo tsotlhe di ka tlhalosiwa go ya ka dipalo. Ene le balatedi ba gagwe ba ne ba bolela gore dilo tsotlhe mo lobopong di na le thulaganyo le tlhomamo. Ka gone, a e ka tswa e le gore dilo tsotlhe di amana ka tlhamalalo le dipalo?

Fa e sa le go tloga ka motlha wa ga Pythagoras, go ile ga dirisiwa dipalo go bonela dilo pele, go tlhalosa ditoro tota le go ikgopotsa dilo. Seno se ile sa dirisiwa ke Bagerika, Bamoseleme le maloko a Labokeresete. Batlhalosi ba Bajuda ba ile ba amanya tlhaka nngwe le nngwe ya ditlhaka tse 22 tsa Sehebera le palo e e rileng mme ka go dira jalo ba bolela fa ba upolotse bokao jo bo fitlhegileng jwa Dikwalo Tsa Sehebera.

Go ntse jalo le ka masaitseweng a dipalo a segompieno. Gantsi go simololwa ka leina la gago le letlha la gago la matsalo. Tlhaka nngwe le nngwe ya leina la gago e amanngwa le palo e e rileng. Moithuta masaitseweng a dipalo o go direla dipalo tsa gago tsa konokono ka go tlhakanya dipalo tseno—le dipalo tsa letsatsi le kgwedi ya matsalo a gago. Go tswa foo o neela dipalo tseno bokao jo bo kgethegileng tse a tsayang gore di tlhalosa sengwe le sengwe ka wena—go akaretsa botho jwa gago, dilo tse o di eletsang tse o sa di itseng le dilo tse di tlileng go go diragalela.

Gongwe selo se se dirang gore batho ba kgatlhegele masaitseweng a dipalo ke tsela e go tweng a kgona go nepa dilo ka yone. Edward Albertson o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya Prophecy for the Millions: “Batho ba le bantsi ba simolotse go dumela mo masaitseweng a dipalo ka go lemoga kafa dipalo tse di dirisiwang di tsamaelanang ka teng le batho ba di dirisiwang go ba tlhalosa.” Le fa go ntse jalo, gape masaitseweng ano a dipalo a ile a tsewa e le saense e e fopholetsang. Ka ntlha yang? A go na le mabaka a gore o bo belaele?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 21]

A GO NA LE MELAETSA E E FITLHEGILENG MO BAEBELENG?

Michael Drosnin yo e leng mokwaladikgang, mo bukeng ya gagwe ya The Bible Code, o bolela gore o upolotse melaetsa e e fitlhegileng ka go dirisa khomputara go sekaseka Dikwalo Tsa Sehebera. Go ya ka se Drosnin a se bolelang, “melaetsa e e fitlhegileng” e ne e umaka mafoko a a reng, “mmolai yo o tla bolayang” le leina Yitzhak Rabin—mme o ne wa lemogiwa ngwaga pele ga Rabin, Tonakgolo ya Iseraele, a bolawa.

Jaaka fa go ne go lebeletswe, The Bible Code e ne ya tsosa kgang ya moruthutha. Dave Thomas, yo e leng moitsedipalo le moitsefisikisi, o ne a bontsha gore go dirisa khomputara go sekaseka mokwalo mongwe le mongwe fela go ka tlhagisa se se ka lebegang e le melaetsa e e fitlhegileng. Fa Thomas a ne a sekaseka one mokwalo oo wa ga Drosnin, o ne a tlhaga ka mafoko a a reng “molaetsa o o fitlhegileng,” “boeleele,” le “tsietso.” Thomas a re, “Melaetsa e e fitlhegileng e ka fitlhelwa gongwe le gongwe, fa fela re ikemiseditse go dirisa nako ya rona le go tsaya matsapa go upolola dilo tse dintsintsi tse di ka nnang tsa diragala.”

E re ka khomputara e kgona go tlhakanya dipalo tse dintsintsi, go ka direga gore e kgone go rulaganya ditlhaka tse di ka nnang tsa dirisiwa mo go se go lebegang e kete ke go bolelela dilo pele. Mme gone, seo se ka nna sa bo se ile sa tshogana fela se diregile, go sa supe gore Baebele e na le melaetsa e e fitlhegileng. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Tora ya Tebelo ya April 1, 2000, ditsebe 29-31.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Pythagoras o ne a ruta batho gore dilo tsotlhe di ka tlhalosiwa go ya ka dipalo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy National Library of Medicine