Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Ribolola Manontlhotlho a Tlhago

O ka Kgona go Ribolola Manontlhotlho a Tlhago

O ka Kgona go Ribolola Manontlhotlho a Tlhago

FA RE iphokisa phefo mo nageng, bontsi jwa rona re lemoga bontle jwa tlhago. E ka tswa e le jwa dithunya, nonyane e e mebalabala, setlhare se segolo kgotsa lefelo lengwe le le bontle jo bo kgatlhang. Batho ba le bantsi ba baka Mmopi kgotsa Modiri yo Mogolo ka ntlha ya bontle jwa dilo tseno.

Gongwe o ka nna wa tsaya gore baitsesaense ke bone fela ba ba ka kgonang go ithuta popo e e raraaneng. Le fa go ntse jalo, ga o tlhoke didirisiwa tse di raraaneng tsa saense go ithuta ka popo. Se o tlhokang go se dira fela ke go nna le bokgoni jwa go lemoga, jwa go akanya le jwa go anaanela bontle le tsela e dilo di bopilweng ka yone. Gape o ka nna wa tshwanelwa ke go leba ka kelotlhoko dilo tse gongwe o ka tswang o di tsere motlhofo.

Dingwe tsa dilo tse di sa bopiwang ka tsela e e raraanang tse re ka di elang tlhoko ke dilo tse di itshophileng. Re kgona go di bona fela mo dilong tse di tlwaelegileng tse di dirilweng ke batho tse di jaaka kgole e e logilweng kgotsa sedirisiwa sa tshipi se se itshophileng se se dirisediwang go bula mabotlolo a bojalwa. Le fa go ntse jalo, o ka kgona go bona gape dilo tse dingwe tse dintle thata tse di itshophileng jaaka makape a ditshedi tsa mo lewatleng kgotsa dikhounu tsa setlhare sa phaene. Mme fa o leba ka kelotlhoko karolo e e fa gare ya sonobolomo, le mo go yone o tla bona go itshopha. Karolo e e fa gare ya sethunya sa rouse le bobi jwa segokgo le tsone di na le go itshopha go go sa lemotshegeng motlhofo.

A o ko o lebe bobi jwa segokgo ka kelotlhoko. Sa ntlha, segokgo se simolola pele ka go aga bobi jwa ditlhale tse di nonofileng tse di nang le sebopego se e keteng dipeke tsa leotwana la baesekele tse di tla tshegetsang ditlhale tse dingwe tsotlhe tsa bobi. Morago ga moo, se simolola mo karolong e e fa gare go di golaganya ka tlhale e nngwe e e lotsatsa e di kgomarelang mo go yone. Segokgo seno se tla nna se dikologa mo godimo ga ditlhale tseno se loga bobi go fitlhelela bo felela. Bobi jo se ntseng se bo loga jono fa se ntse se dikologa, bo dira popego e e itshophileng.

Sebopego se sengwe se se kgatlhang mo popong ke lerontho le le lebegang jaaka leitlho. Marontho ano a ka fitlhelwa mo motho a neng a sa a lebelela gone—mo diphofeng tsa nonyane, mo diphukeng sa serurubele kgotsa mo makapeng a tlhapi. Baitsesaense ba re marontho ano a thusa setshedi seno go ratana le se sengwe, go kgona go iphalotsa mo motlhaseding wa sone kgotsa go dira gore go se ka ga tlhongwa mogopolo mo go sone. Gongwe phikoko ke yone e e itsegeng thata ka marontho, mme se e se dirang fa e ratana ke sengwe sa dilo tse di gakgamatsang tsa tlholego. Alexander yo Mogolo o ne a kgatlhiwa thata ke bontle jwa phikoko mo a neng a gatelela gore nonyane eno e sirelediwe mo pusong yotlhe ya gagwe.

Sebopego se se kgolokwe le se se potokwe le tsone ke dipopego tse dingwe tse re di tlwaetseng. Sebopego se se potokwe sa mmala wa gouta sa letsatsi fa le phirima kgotsa ngwedi o o tletseng fa o phatsima di re kgatlha ka ditsela tse di sa tshwaneng. Dithunya di le dintsi tsa teisi di na le sebopego se se tshwanang le sa letsatsi, di na le mmala o o serolwana mo karolong ya tsone e e fa gare le makakaba a a mebalabala. “Marontho” a mmala wa gouta a dithunya tseno tse di anameng a na le matute a mantsi a a ngokang dirurubele ka bonako fela jaaka bajanala ba ngokiwa ke bontle jwa losi lwa lewatle.

E re ka dilo tse di potokwe di sa nne sephuthelwana se segolo fa di pakiwa, gantsi go na le maungo le meretlwa e e potokwe e e sa lekalekaneng e bile e na le mebala e e farologaneng. Mebalabala e ngoka dinonyane tse di gasanyang peo ya tsone fa di sena go bona matute ano.

Ke boammaaruri gore sebopego se se itshophileng, marontho le dipopego tse di kgolokwe le tse di potokwe ke dikai di le mmalwa fela tsa dipopego di le dintsi tsa tlholego. Le mororo dingwe tsa tsone di diretswe boikaelelo bongwe jo bo kgethegileng, dingwe tsa tsone di diretswe fela go kgabisa kgotsa gore di itshireletse. Le fa boikaelelo jwa tsone e ka tswa e le bofe, di batle mme o di ithute.

[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 23]