Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Metsi—Seedi se se Botlhokwa Thata mo Botshelong

Metsi—Seedi se se Botlhokwa Thata mo Botshelong

Metsi—Seedi se se Botlhokwa Thata mo Botshelong

FA Jesu a ne a bua le mosadi mongwe wa Mosamarea yo o neng a gelela metsi mo sedibeng, o ne a bua le ene ka motswedi wa metsi a a pomponyegang go naya botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 4:14) Le fa metsi a a neng a bua ka one e le a tshwantshetso, metsi a mmatota le one a botlhokwa mo botshelong, a gaisiwa fela ke okesejene. Motho a ka kgona go tshela dibeke di le mmalwa a sa je mme fa a sa nwe metsi, a ka tshela malatsi a ka nna matlhano fela!

Tharonneng ya boima jwa mmele wa rona ke metsi. Ka sekai, boboko bo na le diperesente di le 75 go ya go 85 tsa metsi mme mesifa yone e na le diperesente di le 70 tsa one. Dilo dingwe tse metsi a re thusang go di dira ke go sila le go monya dijo gore a fetisetse dikotla kwa diseleng. Metsi a ntsha botlhole le leswe le lengwe, a logetsa ditokololo le lela le legolo e bile a laola themperetšha ya mmele. A mme o ne o itse gore go nwa metsi a a lekaneng le gone go ka thusa go fokotsa boima jwa mmele?

Nwa Metsi go Fokotsa Mmele

Sa ntlha, metsi ga a na dikalori, ga a na mafura e bile ga a bake kholeseterole e bile ga a na sodiamo e ntsi. Sa bobedi, a fokotsa keletso ya dijo. Sa boraro, metsi a thusa mmele go sila mafura a a mo mmeleng. Ka tsela efe? Fa diphilo di se na metsi a a lekaneng, ga di ka ke tsa kgona go dira sentle. Sebete se tshwanelwa ke go dira tiro ya diphilo, mme fa se dira jalo ga se kgone go sila mafura ka tsela e e tshwanetseng. Ka jalo mafura a nna a le mo mmeleng, mme seno se bo se dira motho mokima. Ka jalo, fela jaaka Dr. Donald Robertson wa Southwest Bariatric Nutrition Center kwa Scottsdale, kwa Arizona, U.S.A., a bolela, “go nwa selekanyo se se lekaneng sa metsi go botlhokwa thata go fokotsa boima jwa mmele. Fa batho ba ba lekang go fokotsa mmele ba sa nwe metsi a a lekaneng, mmele o ka se ka wa sila mafura sentle.”

Ke boammaaruri gore go tlala metsi mo mmeleng gantsi ke gone go nontshang motho. Ka jalo, ba le bantsi ba ba tlalang metsi mo mmeleng ba akanya gore tharabololo ya seno ke gore ba fokotse go nwa metsi. Le fa go ntse jalo, tota go direga se se fapaaneng le seo. Fa mmele o tlhaela metsi, o leka go tshwara lerothodi lengwe le lengwe le o le bonang mme o le beye mo mafelong a a tshwanang le dinao, matsogo le maoto. Ka jalo baitseanape ba dijo ba buelela gore re neye mmele wa rona se o se tlhokang—metsi a a lekaneng. Mme gakologelwa gore fa o ja dijo tse di nang le letswai le lentsi, mmele o tla tlala metsi a le mantsi gore a tlhaolose letswai leo.

Naya Mmele wa Gago Metsi

Ka kakaretso, letsatsi le letsatsi mmele wa rona o ntsha mo e ka nnang dilitara di le pedi tsa metsi ka letlalo, makgwafo, mala le diphilo. Metsi a a tswang mo go rona letsatsi le letsatsi ka ntlha ya go hema e ka nna halofo ya litara. Fa metsi ano a sa emisediwe ka a mangwe, re tla felelwa ke metsi mo mmeleng. Ditshupo dingwe tsa go tlhaela metsi mo mmeleng ke go opiwa ke tlhogo, letsapa le le tseneletseng, mesifa e e botlhoko, motlhapo o o seng phepa, go se kgone go itshokela mogote le go omelela molomo le matlho.

Ka jalo re tshwanetse go nwa metsi a a kana kang? Dr. Howard Flaks, ngaka ya malwetse a a amanang le go nona a re: “Motho yo o itekanetseng sentle o nwa bobotlana digalase di le robedi go ya go le di le lesome ka letsatsi. O tlhoka go nwa metsi a le mantsi fa o ikatisa thata kgotsa o nna kwa lefelong le le mogote. Mme batho ba bakima thata ba tshwanetse go dira gore mo dipontong dingwe le dingwe di le 25 [dikilogerama di le lesome] tse ba fetileng boima jwa mmele ka tsone ba oketse ka galase e le nngwe.” Le fa go ntse jalo, gone jaanong bangwe ba ka nna ba go bolelela gore o ka nwa metsi fela fa o nyorilwe, le fa go ntse jalo fa o utlwa o nyorilwe thata go ka tswa go raya gore o tlhaela metsi a mantsi thata mo mmeleng.

A go ka nowa dino tse dingwe mo boemong jwa metsi? Le fa dijusi tse di dirilweng ka maungo le merogo e bile di tlhaolositswe ka metsi di siame, di na le mafura. Gape, diedi tse di nang le sukiri le mashi a le mantsi di dira gore mmele o tlhoke metsi thata, e re ka a tlhokega go di sila. Dino tse di nang le khafeine jaaka kofi le tee di oketsa motlhapo go se kae mme seno se dira gore o tshwanelwe ke go nwa metsi go emisetsa a a duleng. Ruri ga go na sepe se se ka tsayang maemo a seedi se se botlhokwa thata seno e leng metsi. Ka jalo ke eng fa o sa nwe galase ya metsi gone jaanong?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]

Dikakantsho Tse Di ka Go Thusang go Nwa Metsi a Mantsi

● Nna o na le botlolo ya metsi.

● Nwa galase ya metsi ka metlha fa o sena go ja.

● Nwa metsi pele ga o ikatisa, ka nako ya fa o ikatisa le morago ga go ikatisa.

● Nwa metsi ka nako ya boikhutso go na le go nwa kofi.

● Go dira gore metsi a pompo a nne monatenyana, o ka a tsenya matute a namune e e botlha kgotsa wa dirisa filitara.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]

Photo: www.comstock.com