Dikakgelo Tsa Babadi
Dikakgelo Tsa Babadi
Lorato lo Feletse Kae? (March 2006) Lefatshe le sokamisa se se kaiwang ke lorato, mme Satane ene o batla go le senya gotlhelele. Tshedimosetso e e tshwanang le eno e re thusa go bontsha lorato ka ditiro le ka tsela e e se nang bopelotshetlha. Ke leboga gore lo bo lo nthusitse go tlhaloganya botokanyana tsela e Jehofa a batlang re dirisa nonofo eno e e maatla ka yone.
Y. B., United States
Ke ne ka sala ke jewa ke bodutu fa ditsala tsa me tse pedi tse dikgolo di ne di fuduga go ya go direla kwa phuthegong e e dirisang puso e sele. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fela fa bodutu jwa me bo tloga bo mphetsa, ke ne ka amogela makasine ono. Ke leboga kgakololo eno, “Fa e le gore o batla go ratiwa, bontsha ba bangwe lorato.” Go tloga jaanong, ke ikaeletse go ‘pitlologa’ le go bontsha ba bangwe lorato go tswa pelong gore ke nne le ditsala tse disha.—2 Bakorintha 6:12, 13.
M. T., Japane
Bogodi—Go Lebana le Mathata a Gone (February 2006) Ka dinako dingwe ke tle ke nne le maikutlo a gore batsofe ba a tlhokomologiwa. Ke ntse ke tlhokometse monna wa me yo o sa tlholeng a kgona go itirela sepe ka dingwaga di le 11 jaanong. Ke sa ntse ke tle ke utlwe ke jewa ke bodutu ka dinako dingwe. Ke badile ditlhogo tse di mo makasineng ono wa Tsogang! le go reetsa dikhasete tsa one gantsintsi. Makasine ono e ne e le sone se ke neng ke se tlhoka. Ke leboga fela thata.
S. T., Japane
Matsogo le Maoto a Maitirelo (February 2006) Ke leboga go menagane ka setlhogo sa lona se se buang ka matsogo le maoto a maitirelo. Fa ke ne ka na le dikgwedi di le nnè ke le moimana, re ne ra bolelelwa gore lesea la rona le ne le tlile go tsholwa le se na matsogo le maoto le gore le ne le ka tsenngwa maoto a maitirelo fa le na le ngwaga. Setlhogo seno se ne sa fitlha ka yone kgwedi ya fa Daryl a nna le ngwaga. Gone jaanong o ithuta go ema le go tsamaya. Nna le monna wa me re lebeletse pele jang go bona nako ya fa Daryl a “tla palama fela jaaka kgama e tonanyana.”—Isaia 35:6.
Y. A., Fora
Motseletsele wa Ditlhogo Tse di Buang ka go Ipolaya (November 8, 2001) Ke badile makasine ono gantsintsi, bogolo jang fa ke ikutlwa ke kgobegile marapo. Tshedimosetso eno e tshwana le setlhare mo go nna, e nna fela gore setlhare seno sone ga nke se felelwa ke nako. Kgakololo ya yone le tsela e e rarabololang mathata a rona ka yone e thusa tota. Tsogang! e a nkgothatsa, e dira gore ke lemoge gore lo a amega ka batho ba ba tshwanang le nna jaana. Ke itumetse tota e bile ke a leboga gore lo bo lo nkgakolotse gore “botshelo bo sa ntse bo le botlhokwa”!
P. T., Madagascar
Ba-Pilgrim le Ba-Puritan—E ne E le Bomang? (February 2006) Ke tshositswe ke tsela e setlhogo seno se neng se sa tlhalose dilo sentle ka teng. Go na le lebaka le le botlhokwa le le dirang gore Ba-India ba Amerika Bokone ba se ka ba keteka letsatsi la Thanksgiving, mme lo fetile fela lo taboga mo dintlheng tse di tshwanang le tseo.
Ga re a newa leina, United States
“Tsogang! e a araba: Tsweetswee ela tlhoko gore boikaelelo jwa setlhogo seno e ne e se go tlhalosa hisitori e e feletseng ya Letsatsi la “Thanksgiving.” Dikgatiso di le mmalwa, go akaretsa le ya “Encyclopædia Britannica,” e bega gore mo bofelong jwa 1621, Ba-Pilgrim ba ne ba le keteka ka malatsi a le mararo ba na le ditsala tsa bone tsa Ba-India. Ntlha eno e tlhalosiwa mo lekwalong le le kwadilweng ke Edward Winslow, le le kwadilweng ka December 11, 1621. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tse di neng tsa latela, go ne ga ketekwa malatsi a “thanksgiving” go gopola ditiragalo tsa mefutafuta tse di sa amaneng le thobo. Letsatsi le le maswe thata la “thanksgiving” le le neng la ketekwa le ne le le ka ngwaga wa 1637, le le neng la kaiwa jalo ke Mmusi John Winthrop wa Massachusetts Bay Colony morago ga gore go gailwe Ba-India ba Pequot ba le makgolokgolo. Ka gone re kgona go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa bangwe ba babadi ba rona ba ka kgopisiwa ke go ketekwa ga Letsatsi leno la “Thanksgiving.”