Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tla o Bone Mmaraka wa Seafrika

Tla o Bone Mmaraka wa Seafrika

Tla o Bone Mmaraka wa Seafrika

TSELA nngwe e e molemo e o ka ithutang ka setso, ka dingwao le ka dijo tsa naga nngwe ke go etela mmaraka wa yone. Fa o le koo, o ka kgona go lebelela ka kelotlhoko batho ba lefelo leo, wa latswa dijo tsa bone mme wa reka dilo tse ba di rekisang. Gape o tla kopana le barekisi ba ba farologaneng ba ba kgatlhang ba ba dirang gotlhe mo ba ka go kgonang gore ba buisane le wena—go sa kgathalesege gore o bua puo efe.

Go ka nna thata gore o bone mebaraka e e kgatlhang go feta e e mo Afrika. E tletse ka batho le dilwana tsa mefuta e e farologaneng e o ka e akanyang. Koo, o kgona go itemogela moya wa Afrika. Tla le nna re etele mmaraka o o tlwaelegileng mono mo Douala mo Cameroon.

Go ya Kwa Mmarakeng ka Tsela ya Seafrika

Mo ditoropong tse dintsi tse dikgolo tsa Afrika, tsela e e tlhwatlhwatlase le e e bonako thata ya go ya kwa mmarakeng ke ka go palama sekuta. Mo e ka nnang mo khoneng nngwe le nngwe ya seterata go na le bakgweetsi ba dikuta ba ba batlang go go pagamisa. Fa o le pelokgale o ka nna wa kopa mongwe wa bone gore a go pagamise. Kwa Cameroon, mokgwa ono o o dirisiwang thata ke one o o tlhwatlhwatlase mme gape o bonako.

Batho ba ba seng pelokgale bone ba ka nna ba dirisa nngwe ya dithekisi tse dintsi tse di leng gone. Gantsi bapalami ba tsena ba le bantsi mo koloing e le nngwe gore ba kgone go kopanela ditshenyegelo.

Mafelo a go Rekisetsa a Mantsintsi

Motho yo e leng la ntlha a ya kwa mmarakeng a ka nna a ikutlwa a fekeediwa ke batho ba bantsi le mafelo a mantsi a go rekisetsa a a bapileng le tsela. Bontsintsi jwa batho ba ba akaretsang bana ba rwele diroto mo ditlhogong. Fa o leba o le fa gaufi o tla lemoga gore mo teng ga diroto tseno go na le gare ga dilo tse dingwe, dikgogo tse di tshelang, dinamune tse di obotsweng le melemo ya mefutafuta.

Ditafole tse dintsi tsa legong di na le merogo e e jaaka dikhabetšhe, digwete, dikomokomore, di-brinjal, maphutshe, dinawa, dipotata, ditamati, di-yam le mefutafuta ya dilethisi. Baeti ba ba tswang mo dikontinenteng tse di farologaneng ba ka nna ba se ka ba lemoga dikungwa tsotlhe e re ka dilwana dingwe e le tse di ratiwang mo lefelong leo e bile di tlwaelegile mo Afrika fela. Gongwe mafelo a go rekisetsa a a nang le mebala e mentsi ke a a rekisang dipepere tse dikhibidu le tse di serolwana, tse di foreshe tse di phatsimang mo letsatsing la mo mosong. Mafelo a mantsi a go rekisetsa a na le di-avocado, dipanana, di-grapefruit, magapu, dipeinapole, dinamune le diratsuru. Di rothisa mathe thata mme le ditlhwatlhwa tsa tsone di a gogela! Di-yam, di-cassava le reise—dikungwa tse di ungwang thata—di beilwe bontle fela thata gaufi le dieie le dikonofole tse di tswang kwa dinageng di sele.

Mo nngwe ya mebaraka ya Douala, batho ba bantsi ba ba rekisang ke Ba-Hausa le Ba-Fula. Barekisi bano ba tlhomologile ka ntlha ya diaparo tsa bone tse ditelele tsa mmala o o pududu, o mosweu kgotsa o o serolwana tse di bidiwang gandouras kgotsa boubous le ka ntlha ya tumediso ya bone e e botsalano ya Se-Fulfulde. Mmaraka ono o na le moya o o ritibetseng. Mo lekgetlong leno fa re etile mongwe wa barekisi e bong Ibrahim o ne a tlhopha dieie tse tharo tse dikgolo mme a nnaya tsone e le mpho. O ne a akantsha jaana: “O bolelele mosadi wa gago gore a di tshele reise e ntsi e e nang le ditswaiso mme a di apeye ka iketlo.”

Kgakajana le fa re neng re le gone go na le nama e e foreshe e e sa tswang go tlhabiwa—gantsi ke ya kgomo le ya podi—e e rekisiwang. Banna ba ba nonofileng ba rwele ditoto tse dikgolo mo magetleng mme ba di latlhela mo godimo ga ditafole. Barekisi ba nama ba kgatikanya dithipa tse ditelele ka botswerere ba bitsa bareki gore ba tlhophe nama e ba e batlang. Dipodi tse di tshelang, dikgogo le dikolobe le tsone di rekisediwa bareki ba ba ratang go itlhabela tsone.

Tla O je Mo Resetšhurenteng

Ga go kgonege gore go ka nna le mmaraka o o se nang lefelo la go jela. Kwa Cameroon, mafelo a go rekisetsa dijo a itsege e le di-chophouse. Mafelo a mangwe a tshameka mmino o o kwa godimo gore a ngoke batho ba e ka nnang bareki mme e bile go na le a mangwe a a ritibetseng, kwa motho a ka otarang dijo tsa Seafrika gone le go kopana le batho ba lefelo leo. Gongwe lenaane le le supang dijo tse di jewang le tla bo le kwadilwe mo patintshong mme ope fela yo o sa tlhaloganyeng dijo tse di jewang a ka tlhoka mongwe gore a mo tlhalosetse.

Dijo tse pedi tsa konokono ke reise le “fufu” e leng sejo se se thugilweng se se dirilweng ka manioc, di-plantain, kgotsa di-yam. Gape o tla fitlhela le tlhapi e e besitsweng, nama ya kgomo, ya kgogo e e nang le moro o o dirilweng ka okra, peanut butter kgotsa ditamati. Ga go na lepotlapotla mo mafelong ano a go jela, ka jalo go na le nako e ntsi ya go tlotla.

Basadi ba babedi ba diweitara ba ne ba tla go re naya dijo. Yo mongwe o tshotse terei e kgolo e e nang le dipoleite tsa tshipi tse di nang le reise e e bolelo, dinawa le “fufu.” Dijo tseno di natetshitswe ka moro wa okra mme di kgabisitswe ka di-kebabs tsa nama le tsa tlhapi. Gape go na le nkgo e nnye e e nang le souse ya tšhilisi e e babang e e diretsweng batho ba ba ratang dijo tse di babang. Mosadi wa bobedi o tla ka toulo le sekotlolo se se nang le metsi gore re tlhape matsogo. Seno se a tlhokega e re ka dijo tsa fano gantsi di jewa ka diatla. Go tlwaelegile go bona moreki a rapela pele ga a ja mme o bo o utlwa batho ba ba leng mo ditafoleng tse dingwe ba re “Amen” fa a fetsa.

Go Rera Dikgang Tse di Molemo mo Mmarakeng

Ke bogologolo mebaraka e le botlhokwa thata mo metseng e mentsi. Ke mafelo a a tshwanelang sentle, e seng go rekisa le go reka fela mme gape le go abelana dikgang, go kopana le ditsala le go bona tiro. Baebele ya re Jesu o ne a etela mebaraka mme a ruta batho ka Modimo a bo a ba fodisa. Moaposetoloi Paulo le ene o ne a bontshana mabaka ‘le ba go neng go direga gore ba bo ba le gone mo marekisetsong.’ (Ditiro 17:16, 17; Mareko 6:56) Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Basupi ba ga Jehofa kwa Cameroon ba fitlhetse fa mmaraka e le lefelo le le siametseng go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.—Re se abetswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Dipepere tse di mebalabala