Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Tlhoka Kgomotso ya Gago”

“Ke Tlhoka Kgomotso ya Gago”

“Ke Tlhoka Kgomotso ya Gago”

● Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Mexico e ne ya amogela lekwalo le le latelang go tswa go mosadi mongwe yo o berekang kwa sekolong se go tlhokomelwang batho ba ba golafetseng le ba ba lwalang mo tlhaloganyong. O ne a kwala jaana: “Ka May 9, mmè yo o rategang o ne a tlhokafala. Ga ke kgone go tlhalosa boikutlo jwa me jwa tatlhegelo. Dikgwedi di se kae pele ga a tlhokafala, ke ne ka dira dipatlisiso malebana le tiro ya me ka kgang ya thanatology (thuto ya kafa loso lo amang motho le kafa a ka lepalepanang le gone ka teng). Ke ne ke akanya gore go tla nthusa le nna mme ga go a ka ga nthusa.”

Morago ga foo, ka nako ya fa mosadi yono a ne a hutsafetse, o ne a rapela Modimo jaana: “Ke tlhoka kgomotso ya gago.” A re: “Bosigo joo, ke ne ka bala boroutšhara jwa setlhogo se se reng Fa Mongwe Yo o Mo Ratang A Tlhokafala. Ke ne ke ikutlwa gore e kwaletswe nna. E ne ya mpontsha gore go siame go lela. Mo karolong e e reng ‘Ke ka Itshokela Khutsafalo ya me Jang?’ ya re: ‘O se ka wa nyatsa botlhokwa jwa thapelo. . . . Thuso e e neelwang ke Modimo ruri e a thusa. Ke boammaaruri, thuso ya Modimo ga e fedise botlhoko, mme e dira gore bo itshokelwe botoka. Seo ga se reye gore ga o ne o tlhola o lela kana gore o tla lebala ka moratiwa wa gago. Mme gone o ka gomotsega.’ Mafoko ao a thusa tota.”

Fa e le gore o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang mme o ikutlwa gore o tlhoka kgomotso, gongwe wena kgotsa mongwe yo o mo itseng o tla amogela kgomotso ka go bala boroutšhara jwa setlhogo se se reng Fa Mongwe Yo o Mo Ratang A Tlhokafala.

O ka nna wa kopa go romelelwa khopi ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e mo setlankaneng seno kgotsa mo atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya boroutšhara jo bo bontshitsweng fano.

Bontsha gore ka puo efe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.