Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu O ne A Ntshetsa Batho ba le Bantsi Botshelo Jwa Gagwe

Jesu O ne A Ntshetsa Batho ba le Bantsi Botshelo Jwa Gagwe

Jesu O ne A Ntshetsa Batho ba le Bantsi Botshelo Jwa Gagwe

Jesu Keresete o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore o tlile mo lefatsheng, “e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) O ne a ntsha botshelo jwa gagwe ka go rata gore ba bangwe ba solegelwe molemo.

Jesu o ne a ntsha jang thekololo, ka loso lwa gagwe? Ke eng fa seno se ne se tlhokega? Jesu o ne a ntshetsa bomang botshelo jwa gagwe? Mme loso lwa gagwe lo ka kaya eng mo go wena?

Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato gore o kopanele le bone mo go sekasekeng dikarabo tsa Baebele tsa dipotso tseno. Monongwana, segopotso sa loso lwa ga Jesu se tla nna ka Labobedi March 30, fa letsatsi le sena go phirima. Ka nako eo, go tla bo go tlhalosiwa dikarabo tse di tswang mo Dikwalong tsa dipotso tse di fa godimo fano.

O ka nna wa ya kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le fa o nnang teng. Tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona gore ba go bolelele nako le lefelo le le tshwanetseng.