Thelebishene
Thelebishene
KA BONAKO morago ga gore batho ba ithute go dira gore lentswe le kgone go phasalala, batlhami ba ne ba ipotsa gore a ba ka kgona go dira ditshwantsho tsa thelebishene. E le go tlhaloganya kgwetlho e e leng teng, akanya kafa thelebishene e dirang ka gone gompieno.
Sa ntlha khamera ya thelebishene e lebisa setshwantsho kwa sedirisiweng sengwe se se tla bong se “bala” setshwantsho seno jaaka fa o bala ditlhaka. Le fa go ntse jalo, go na le gore e bale mela ya ditlhaka tse di mo tsebeng, e bala mela ya dikhutlonyana tse di mo setshwantshong. E fetolela se e se bonang go nna letshwao la eleketeroniki la bidio e e ka romelwang kwa lefelong le lengwe. Mme dikhutlonyana tseno di fetolelwa go nna ditshwantsho tsa thelebishene.
Monna mongwe wa Mo-Scott e bong John Logie Baird o ne a newa tlotlo ya gore ke ene motho wa ntlha yo o simolotseng thelebishene. Fa bolwetse bo ne bo dira gore a tlogele tiro ya gagwe ya boenjeniri jwa motlakase, o ne a dira sengwe se a neng a sa bolo go se kgatlhegela fa a sa le mosha—kafa a ka tlhamang motšhine o o tla kgonang go bontsha ditshwantsho tsa thelebishene ka teng.
Khamera ya thelebishene ya ga Baird e ne e dirisa disiki (e kwa tshimologong e neng e le lebokoso) e e phuntsweng diphatlha di le 30 tse di itshopeletsang. Fa disiki eno e dikologa, diphatlha di bona methalo e e latelanang ya setshwantsho e bo e dira gore lesedi le tsene mo seleng ya eleketeroniki e e tsayang ditshwantsho. Sele eno e ntsha letshwao la bidio e e rometsweng kwa seamogeding sa matshwao a eleketeroniki. Mo seamogeding seno, letshwao le ne la godisiwa gore le phatsimise lesedi kwa morago ga disiki e nngwe e e tshwanang le yone e e dikologang go ntsha setshwantsho. Kgwetlho e ne e le go dira gore didisiki tseno di bereke mmogo. Fa Baird a ntse a bereka mo porojekeng eno, o ne a itshedisa ka go phatsimisa ditlhako.
Baird o ne a romela ditshwantsho tsa gagwe tsa ntlha tsa thelebishene go tswa ntlheng e nngwe ya kamore ya gagwe e e kwa godimo go ya ntlheng e nngwe ka October 2, 1925. Motho wa ntlha go tlhagelela mo thelebisheneng e ne e le mosimane mongwe yo o neng a tshogile yo o neng a bereka mo ofising e e kwa boalong jo bo kwa tlase, yo o neng a patelediwa go dira tiro eno ka go duelwa madi a mannye. Ka 1928, Baird o ne a gasa ditshwantsho tsa ntlha tsa thelebishene go ralala Atlantic. Fa John Baird a goroga kwa New York, monna yono wa Mo-Scott o ne a tlhabiwa ke ditlhong fa a ne a dumedisiwa ke setlhopha sa batho ba ba tshamekang folutu. O ne a tumile. Mme gone, a e ne e le motho wa ntlha go dira ditshwantsho tsa thelebishene?