Kopana le Merafe ya Dithaba e e Ratang Mebala ya Thailand
Kopana le Merafe ya Dithaba e e Ratang Mebala ya Thailand
Marekisetso a kwa Chiang Mai, a tlhanasela ka botshelo. Boidiidi jwa batho bo itlhaganelela mo marekisetsong a a fa thoko ga tsela a a tletseng ka dilo tse di sa tlwaelegang. Bareki ba buisana ka ditlhwatlhwa le barekisi mo mmudubudung wa batho. Mono mo Thailand bokone e e tlhanaselang, baeti ba ka kgona go kopana le merafe ya kwa dithabeng e e ratang mebala.
BAAGI ba Thailand ba ba dimilione di le 65 ba akaretsa batho ba ba tswang mo ditsong tse dinnye di le 23 tse go tweng ke merafe ya kwa dithabeng. Bontsi jwa merafe eno e nna kwa bokone jwa Thailand, kwa kgaolong ya dithaba, dinoka, mekgatšha e e nonneng go ya kwa ntlheng ya Myanmar le Laos.
Bontsi jwa merafe ya kwa dithabeng ya Thailand e gorogile koo mo dingwageng di le 200 tse di fetileng. Ba-Karen, e leng morafe o mogolo go gaisa mo go e le thataro, ba tswa kwa Myanmar. Ba-Lahu, Ba-Lisu le Ba-Akha ba gorogile go tswa kwa Yunnan, kwa dithabeng tse di kwa borwabophirima jwa China. Mme Ba-Hmong le Ba-Mien ba tswa kwa bogare jwa China. *
Merafe eno e ne ya fuduga segolobogolo ka ntlha ya go tshaba dintwa, dikgatelelo tsa setšhaba le go lwela naga e e nonneng. * Thailand bokone e itshupile e le botshabelo jo bo tshwanelang, ka gonne e ne e le kgakala, e tletse dithaba mme karolo e kgolo ya yone e ne e se na baagi. Mme Thailand e ile ya letla batswakwa gore ba age koo. Go ise go ye kae merafe ya kwa dithabeng e ne e phatlaletse mo lefelong leo, merafe e e farologaneng e bapile mme seno se dira gore go nne le dingwao le dipuo tse di farologaneng tse di kgatlhang.
Moaparo o o Tlhomologileng le Dingwao Tse di Farologaneng
Morafe mongwe le mongwe wa kwa dithabeng o ka lemogiwa ka moaparo wa one o o tlhomologileng. Ka sekai, basadi ba Ba-Akha, ba rwala dirwalo tsa tlhogo tse di maphatsiphatsi tsa selefera, tse di tshwanang
le ditora tse dintle tse di kgabisitsweng ka makantsa, mekgabiso le madi a tshipi. Dirwalo dingwe tsa bone tsa tlhogo di tshwana le dihelemete tse di dirilweng ka dikarolwana tsa tshipi, di kgabisitswe ka dikonopo tse di phatsimang, dibaga le dikgolokwe. Basadi ba Ba-Mien ba bantle thata ka marukgwe a bone a a kgabisitsweng, a go ka nnang ga tsaya dingwaga di le tlhano go a dira. Ba rwala dithatelelatlhogo tse dintle, ba bo ba apara ditšhuniki tse di fitlhang mo lengenaneng tse di nang le dikoloro tse dikhibidu tsa mafofa, mme ba bo ba tsenya le mabanta a mmala o o bobududu jo bo tseneletseng go feleletsa moaparo wa bone o montle.Mo godimo ga diaparo tseno tsa bone tse dintle basadi ba merafe ya kwa dithabeng ba tsenya mekgabiso e e tsirimanang le e e phatsimang, e le gore batho ba ba ba lebileng le banna ba ba ka tswang ba ba kgatlhegela ba bone gore ke batho ba maemo afe le gore ba humile go le kana kang. Mekgabiso e mengwe ya feshene e ka akaretsa galase, legong le tlhale.
Bontsi jwa batho ba ba nnang kwa dithabeng ba ipela thata ka dingwao tsa bone tsa setso. Ka sekai, basha ba Ba-Karen, ba apara bontle ka nako ya phitlho go na le kafa ba dirang ka gone mo tiragalong epe e nngwe. Ka ntlha yang? Go na le basha ba le bantsi ba ba tlang mo ditiragalong tseno ba solofetse go kopana le molekane wa bone wa lenyalo wa isagwe. Fa letsatsi le sena go phirima, basha—basimane le basetsana—ba tshwarana ka matsogo, ba bo ba dikologa moswi ka iketlo, ba opela dipina tsa marato bosigo jotlhe.
Basha ba Ba-Hmong fa ba ntse ba tshameka motshameko o o kgethegileng ka moletlo wa Ngwaga o Mosha ba bontsha go kgatlhegelana. Basimane le basetsana ba ba ka tswang ba kgatlhegelana ba tla itlhaola, ba bo ba lebagana mo meleng e e katoganeng go se kae. Go tswa foo mosimane le mosetsana ba tla latlhelana bolo e e boleta ya letsela. Fa mongwe a diga bolo—e le ka boomo kgotsa ka phoso—o tshwanetse go naya yo mongwe mokgabiso o monnye. Moragonyana mo maitseboeng, motho a ka boa a amogela dilo tseno fa a opela pina e e rileng. Fa a opela monate, go ka dira gore a ngoke boidiidi, mo godimo ga gore a tokafatse ditshono tsa gagwe tsa go gapa pelo ya mongwe.
Go Lepalepana le Diphetogo
Mo dinakong tsa bogologolo bontsi jwa merafe eno ya kwa dithabeng e ne e latela tsela ya bolemirui ya go kgaola le go fisa dikgwa, ba kgaola dikgwa tse go iseng go ke go dirwe sepe mo go tsone gore ba leme dijalo tse disha le go rua diruiwa. Mokgwa ono o ne wa baka mathata a a masisi a tikologo. Mme gone jaanong batho ba dirisa naga sentle mme go na le matswela a a ba solegelang molemo.
E re ka ba nna mo kgaolong ya Golden Triangle—lefelo le le akaretsang dikarolo tsa Thailand, Laos, le Myanmar—bontsi jwa merafe eno e e nnang mo dithabeng e ne e jala opium. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ba jala kofi, merogo, maungo le malomo, mme seo ke ka ntlha ya thulaganyo ya go emisetsa dilo tse dingwe ka di sele, e e duelelwang ke lelapa la segosi la Ba-Thai le mekgatlho e e thusang ya boditšhabatšhaba. Batho ba le bantsi ba ba nnang kwa dithabeng ba dira ditiro tse ba di duelelwang le go rekisa dilwana
tse di dirilweng ka diatla mo kgwebong e e golang ya bojanala.Le fa go ntse jalo, lehuma, thulaganyo ya go tlosa leswe e e sa siamang, go sa itse go bala le go kwala go dira gore botshelo bo thatafalele batho ba le bantsi. Dilo tse dingwe tse di sa itumediseng di akaretsa go fokotsega ga meamuso, go fetoga ga dingwao, go tlhaolwa ka ditso, go sa dirisiwe sentle ga diokobatsi le bojalwa. Bagologolwane ba merafe e e nnang kwa dithabeng ba ne ba tshabela kwa Thailand go tila mathata a a tshwanang le ano. Mme botshabelo bo ka bonwa kae gompieno?
Botshabelo Jo bo Ka Ikanngwang
Batho ba le bantsi ba ba nnang kwa dithabeng ba ile ba bona botshabelo jo bo molemo go gaisa—Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa. Mo go Pesalema 34:8, Baebele ya re: “Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo; go itumela monna yo o nonofileng yo o tshabelang mo go ene.” Jawlay, leloko lengwe la morafe wa Ba-Lahu, o anela jaana: “Ka nako ya fa ke ne ke nyetse ke le dingwaga di le 19, ke ne ke le letagwa e bile ke tshwakgotswe ke diokobatsi. Fa ke se na diokobatsi, ke ne ke sa kgone go bereka mme kwantle ga tiro, ke ne ke se na madi. Mosadi wa me e bong Anothai, o ne a ikutlwa a latlhilwe e bile a sa ratiwe. Re ne re nna re omana.
“Fa morwadiarona e bong Suphawadee, a tsholwa, Anothai o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, nna ke ne ke a tle ke tshabele kwa sekgweng fa Basupi ba tla kwa lelapeng la rona. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, boitshwaro jwa mosadi wa me bo ne jwa fetoga mme jwa nna botoka. O ne a bua le nna ka tsela ya tlotlo e bile a tlhokomela ditiro tsa gagwe tsa lelapa. Ka jalo, fa a ne a nkgothaletsa gore ke ithute Baebele, ke ne ka dumela.
“Fa dithuto tsa Baebele di ntse di nkama pelo, ke ne ka dira kgatelopele ka bonya ka bonya. Kgabagare, ka thuso ya Modimo, ke ne ka fenya bothata jwa me jwa go tshwakgolwa. Gone jaanong lelapa la me le itumetse tota, ka gonne re bone tsela e e molemolemo ya botshelo! Mme gape re itumelela go bolelela batho ba bangwe ba morafe wa dithaba ka dithuto tse di itumedisang tsa Baebele.”
Mafoko a ga Jawlay a re gakolola boporofeti jwa buka ya Baebele ya Tshenolo, jo bo bolelelang gore mo metlheng ya bofelo ya lefatshe leno le le boikepo, “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” di tla bolelwa “mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” (Tshenolo 14:6) Basupi ba ga Jehofa ba go tsaya e le tshiamelo go nna le seabe mo tirong eo, e leng selo se se bontshang gore tota Modimo o rata batho botlhe, go akaretsa le merafe e e ratang mebala ya Thailand e e nnang kwa dithabeng.—Johane 3:16.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 4 Merafe e ka nna ya nna le maina a le mmalwa. Ka sekai, kwa dinageng tse di farologaneng, Ba-Mien ba bidiwa Ba-Lu Mien, Ba-Mian, Ba-Yao, Ba-Dao, Ba-Zao kgotsa Ba-Man.
^ ser. 5 Palo e ntsi ya batho ba merafe ya dithaba ba sa ntse ba nna kwa China, le kwa Vietnam, Laos le kwa Myanmar. Mo dinakong tsa bosheng jaana, batswakwa ba bantsi ba merafe ya kwa dithabeng ba ne ba simolola go nna teng kwa Australia, Fora, United States le kwa dinageng tse dingwe.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]
A DIKHOILE DI LELEFATSA THAMO?
Basadi ba le bantsi ba Ba-Kayan ba tsaya matsapa a a oketsegileng go ikgabisa ka go tsenya dikhoile tse di phatsimang tsa disentimetara di le 38 tsa koporo mo dithamong tsa bone. * Seno se simolola fa basetsana ba le dingwaga tse di ka nnang tlhano. Dingwaga dingwe le dingwe di le mmalwa dikhoile tseno di emisediwa ka tse dingwe tse di teletsana, tse di boimanyana go fitlha fa basadi ba setse ba godile, ba ka tsenya tse di fitlhang go 25 tse boima jwa tsone e ka nnang dikilogerama di le 13! Go farologana le ka fa go lebegang ka teng, dithamo tsa bone ga di nne ditelele. Go na le moo, dikhoile tseno di kgoromeletsa kgetlane kwa tlase le go gatelela marapo a dikgopo.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 25 Ba-Kayan ba ne ba goroga mo Thailand ba tswa kwa Myanmar mme bangwe ba bone ba ba ka nnang 50 000 ba sa ntse ba nna gone. Koo, ba bidiwa Ba-Padaung go go rayang “Dithamo Tse di Telele.”
[Motswedi wa Setshwantsho]
Hilltribe Museum, Chiang Mai
[Lebokoso mo go tsebe 17]
DITLHAMANE TSA MORWALELA O MOGOLO
Merafe ya Ba-Lisu le ya Ba-Hmong ka bobedi e na le ditlhamane tse di kaga morwalela o mogolo. Mo tlhamaneng nngwe ya Ba-Hmong, “Morena wa Loapi” o tlhagisa barwa ba babedi gore go ise go ye kae go tla nna le morwalela o o tla kometsang lefatshe. O laela morwa yo mogolo yo o ratang dikgoka gore a age mokoro wa tshipi mme o laela yo mmotlana yo o bonolo gore a age mokoro wa logong. Morago ga foo, o bolelela yo mmotlana gore a tseye kgaitsadie yo monnye, mmogo le mofuta mongwe le mongwe wa phologolo e tonanyana le e namagadi le dipeo di le pedi go tswa mo mofuteng mongwe le mongwe wa sejalo mme a tsene le tsone mo mokorong wa logong.
Fa morwalela o tla, mokoro wa tshipi o a nwela mme mokoro wa logong o a kokobala. Morago ga foo, motshe wa godimo o o nang le popego ya kgogela o omisa lefatshe. Kgabagare morwa yo mmotlana o nyalana le kgaitsadie mme bana ba bone ba boa ba tlatsa lefatshe. Ela tlhoko go tshwana go go leng teng fa gare ga tlhamane eno le pego e e kwadilweng sentle mo Baebeleng e e Boitshepo mo kgaolong ya borataro go ya go ya bolesome mo go Genesise.
[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Basadi ba morafe wa dithaba ba apere moaparo wa bone o o feletseng
[Motswedi wa Setshwantsho]
Hilltribe Museum, Chiang Mai
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Jawlay le ba lelapa la gagwe
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]
Both pictures: Hilltribe Museum, Chiang Mai