Mokorwana—“Sepalangwa se se Molemolemo” sa Kwa Canada
Mokorwana—“Sepalangwa se se Molemolemo” sa Kwa Canada
Mmatlisisi wa Mofora e bong Samuel de Champlain o ne a kgabaganya Lewatle la Atlantic mme a tsamaya ka sekepe go fitlha kwa Nokeng ya St. Lawrence mo go se gompieno e leng Canada. Go ise go ye kae o ne a lebana le bothata jo bogolo kwa Montreal: e leng Diphororo tsa Lachine. Ka 1603 o ne a kwala mo bukeng ya gagwe ya dintlha gore maiteko ape a go batla go fetisa mekoro ya gagwe mo diphororong tseno e ne e tla nna matsapa a bophiri. Sekgwa se se kitlaneng se ne se dira gore go se ka ga kgonega go tsamaya ka dinao. Ka gone, Champlain le banna ba gagwe ba ne ba tswelela jang ka loeto lwa bone?
Ba ne ba etsa sekao sa batho ba koo mme ba dirisa mekorwana. Champlain o ne a tlhalosa jaana: “Ka mekorwana eno, motho o kgona go tsamaya a sa kgorelediwe ke sepe go ralala naga, o kgona go tsamaya motlhofo mo dinokaneng le mo dinokeng tse dikgolo.”
“Sepalangwa se se Molemolemo”
Makadiba le dinoka tsa kwa Canada di tshwana thata le ditsela tse dikgolo mme mokorwana e ne e le sepalangwa se se molemolemo go tsamaya ka sone. Seno se ne sa dira gore Baagi ba ba tlholegileng kwa Amerika ba kgone go batlisisa lefelo, go tsoma le go rwala dilwana. Gone mme, ditsela tsa go betla le go dira mokorwana di ne di farologana, seo se ikaegile ka dilo tse di jaaka gore e tla dirisiwa jang le gore meamuso ke eng. Ka sekai, batho ba kwa lobopong lwa Canada bophirima ba ne ba betla mekorwana e e gabilweng mo ditlhareng tse dikgolo tsa mosedara o mohibidu. Fa setlhare se sena go gabiwa, se ne se tladiwa ka metsi le matlapa a a mogote. Seno se dira gore logong lo nne boleta gore
lo tle lo betliwe ka popego e e batlegang. Mengwe ya mekorwana eno e ne e kgona go rwala ditone tse di ka nnang pedi, mme di ne di le lobelo e bile di babalesegile mo lewatleng, mo di neng di dirisediwa go tsoma diamusi tse dikgolo, go akaretsa maruarua.Gongwe mokorwana o o neng o tumile thata wa kwa Amerika Bokone e ne e le mokorwana wa birch-bark, o o neng o dirilwe ka lekwati la ditlhare tsa birch. Segolobogolo ka ntlha ya sere se se bidiwang betulinol lekwati la setlhare sa birch le nonofile e bile le kgona go emelana le metsi. Mme gape le obega motlhofo e bile le thata. David Gidmark mmetli wa mekorwana o tlhalosa jaana: “Mokorwana wa birch-bark o kgona go feta mo diphororong tse di ka senyang mokorwana o o dirilweng ka logong le seile.”
Dilo tse mekorwana ya birch-bark e dirilweng ka tsone di akaretsa logong lwa birch, lwa mosedara, medi ya setlhare sa spruce le boreku jwa setlhare. E re ka dilo tseno tsotlhe di tswa mo sekgweng, mekorwana e ka baakanngwa motlhofo. Mo godimo ga moo, mekorwana eno e motlhofo thata, mme seo se dira gore go nne motlhofo go e rwala le go tsamaya ka yone mo diphororong tse di kotsi le dikgoreletsi tse dingwe. Mme gape di ne di se kotsi mo tikologong. Fa mokorwana o ne o latlhiwa, o ne o bola fela jaaka setlhare se se weleng.
Ditsela tsa go betla di ne di kgatlha. Motho mongwe yo o etseng dilo tlhoko wa lekgolo la bo19 la dingwaga, o ne a bega gore baagi ba koo “ga ba dirise dipekere le dikurufu go na le moo, sengwe le sengwe se ne se rokaganngwa le go bofaganngwa. Meroko le mafuto a dirilwe ka botswerere thata, a nonofile e bile a dirilwe ka bontle jaana mo e leng gore go ne go se na sepe se se ka tokafadiwang.”
Pele ga diterena di simolola go dirisiwa, mekorwana e ne e le yone dipalangwa tse di lobelo le tse di ikanngwang thata mo karolong e kgolo ya Canada. Tota le fa go sena go simololwa go dirisiwa terena, go tsamaya ka mekorwana ga go a ka ga fela ka bonako, ka gonne gantsi batho ba ne ba tsamaya ka terena le ka mekorwana.
Mekorwana e ne e le botlhokwa thata mo botshelong kwa Amerika Bokone ya bogologolo, mo e leng gore e ne ya tlhotlheletsa setso le ditumelo tsa batho ba ba tlholegileng koo. Ka sekai, go ya ka ditlhamane dingwe, mekorwana, e seng araka e go buiwang ka yone mo Baebeleng, e ne ya thusa batho go falola morwalela o mogolo.
Go Dirisa Mekorwana Gompieno
Go dirisa mekorwana go sa ntse go tumile kwa Canada mme segolobogolo e dirisediwa boitlosobodutu. Ka maswabi, ditlhare tse di siametseng go betla mekorwana e e nonofileng ya setlhare sa birch-bark di a nyelela. Le fa go ntse jalo, dilo tse dingwe tse di ka dirisiwang tse di akaretsang aluminiamo, seile, logong le fiberglass di ka bonwa motlhofo.
Motsamaisa mekorwana yo o tumileng e bong Bill Mason o ne a tlhalosa karolo e nngwe ya go dirisa mokorwana fa a ne a bolela jaana: “Go tsamaya ka mokorwana mo metsing a bogologolo ke tsela e e molemo ya go boa gape re nna le kamano e re kileng ra nna le yone le dilo tsa tlholego le Mmopi yo o di dirileng bogologolo tala.” Batho ba bantsi ba tla dumalana ka peloyotlhe le seo!
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]
KAYAK
Baesekimo ba nna mo karolong ya Canada e e se nang dikgwa. Mme seo ga se a ka sa ba thibela gore ba betle sengwe se ba ka tsamayang ka sone mo metsing. Dilo tsa tlholego tse Baesekimo ba neng ba di dirisa e ne e le matlalo a manyebi le a masika a dikgama, mmogo le marapo le magogola a a gogoletsweng mo losing lwa Arctic. Mafura a diphologolo a ne a thusa gore mekoro eno e se ka ya tsenwa ke metsi. Go ne ga felela ka gore go nne le kayak.
Pharologano e e bonalang thata fa gare ga kayak le mokorwana o o tlwaelegileng ke sekhurumelo sa kayak, se se sireletsang bapalami mo dilong tse di rileng mme seo se dira gore kayak e kgone go pitikologa kwantle ga gore e tsenwe ke metsi a mantsi. Gantsi di-kayak tsa bosheng di dirilwe ka fiberglass le dilo tse dingwe tse di itiretsweng.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]
Library of Congress