Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele​—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka—​Karolo 5

Dikgang Tse di Molemo go Batho Botlhe

Baebele​—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka—​Karolo 5

Motseletsele ono wa ditlhogo di le robedi mo makasineng wa “Tsogang!” o sekaseka karolo e e tlhomologileng ya Baebele—dipolelelopele tsa yone. Ditlhogo tseno di tla go thusa go araba dipotso tseno: A dipolelelopele tsa Baebele di itlhametswe fela ke batho ba ba botlhale? A di tlhotlheleditswe ke Modimo? Re go laletsa gore o sekaseke bosupi.

MOLAETSA o Modimo a o kwaletseng batho o fitlhelwa mo Baebeleng mme molaetsa oo ke dikgang tse di molemo. Ka jalo, Jesu Keresete o ne a dirisa nako ya gagwe le maatla a gagwe a bolela “dikgang tse di molemo tsa bogosi.” (Luke 4:43) Baebele e bontsha gore Bogosi jono ke puso ya Modimo mme e tla fedisa dipuso tsa batho tse di gatelelang, e tlise kagiso e bo e fedisa dilo tsotlhe tse di dirang gore batho ba boge. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) Eleruri ke dikgang tse di molemo!

Ruri dikgang tse di molemo jalo di ne di ka tshwanelwa ke go anamisiwa thata kafa go ka kgonegang ka teng. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a bolawa, o ne a tlogela palo e nnye fela ya balatedi. A molaetsa wa gagwe o ne o tla swa le ene? Baebele e ne ya bolelela pele se se farologaneng le seo. E ne ya bolelela pele dintlha tse di latelang: (1) Dikgang tse di molemo di ne di tla rerwa mo ditšhabeng tsotlhe. (2) Di ne di tla lebana le kganetso e e setlhogo. (3) Go ne go tla nna le Bakeresete ba maaka kgotsa batho ba ba itirang e kete ke Bakeresete mme ba ne ba tla tsietsa batho ba le bantsi. A re sekasekeng dipolelelopele tseno.

Dikgang Tse di Molemo Di ne Di Tla Rerelwa Batho ba Ditšhaba Tsotlhe

Dipolelelopele:

“Mo ditšhabeng tsotlhe dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele.” (Mareko 13:10) “Lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Ditiro 1:8.

Tiragatso: Ka bonako fela morago ga loso lwa ga Jesu ka 33 C.E., barutwa ba gagwe ba ne ba tlatsa Jerusalema ka molaetsa wa Bogosi. Ba ne ba anama go ralala Judea le Samarea e e fa gaufi, mme mo dingwageng di le 15 barongwa ba Bakeresete ba ne ba rometswe kwa dikarolong tse dingwe tsa Mmusomogolo wa Roma. Ka ngwaga wa 61 C.E., go ne go ka bolelwa gore dikgang tse di molemo di ne di setse di rerilwe kwa dikarolong tse dintsi tse di “kgakalakgakala” tsa lefatshe.

Se hisitori e se senolang:

  • Mekwalo e e seng ya Baebele ya go tloga ka lekgolo la bobedi la dingwaga e naya bosupi ka  koketsego e e diragetseng ka bonako ya mofuta wa ntlhantlha wa Bokeresete. Mokwalahisitori wa Moroma e bong Suetonius o umaka gore Bakeresete ba ne ba setse ba le teng kwa Roma go tloga ka ngwaga wa 49 C.E. Lekwalo le Pliny yo Mmotlana, mmusi wa Bithinia (e gone jaanong e leng Turkey), a neng a le kwaletse Mmusimogolo Trajan mo e ka nnang ka 112 C.E. le bua ka Bokeresete e le “tlhotlheletso e e anamang” e e neng e “sa anamela fela kwa ditoropong tse di ikemetseng, mme le kwa metseng le kwa dipolasing.” Mokwalahisitori mongwe o ne a konela jaana fa a sena go sekaseka bosupi: “Morago ga dingwaga tse di kwa tlase ga lekgolo morago ga motlha wa baaposetoloi, mafelo a kobamelo ya Bokeresete a ne a le gone mo ditoropong tse dikgolo tsa Mmusomogolo.”
  • Porofesa Henry Chadwick o bolela jaana mo bukeng ya The Early Church: “Go lebega kereke e ne ya gola ka ntlha ya ditiragalo tse dintsi tse go neng go sa akanngwa gore di ka direga. Ga go na ope yo o neng a ka lebelela gore e atlege le go gola ka selekanyo se e dirileng ka sone.”

Go Ganediwa ga Dikgang Tse di Molemo

Polelelopele:

“Batho ba tla lo isa kwa dikgotlatshekelong tsa mafelo a lo leng mo go one, mme lo tla itewa mo disinagogeng lo bo lo emisiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna bosupi mo go bone.”—Mareko 13:9.

Tiragatso: Bakeresete ba ne ba bogisiwa ke Bajuda le Baroma. Ba ne ba tshwarwa, ba tsenngwa mo dikgolegelong, ba itewa le go bolawa.

Se hisitori e se senolang:

  • Mokwalahisitori wa Mojuda yo o neng a kwala mo lekgolong la ntlha la dingwaga e bong Flavius Josephus, o bega ka go bolawa ga ga morwarraagwe Jesu e bong Jakobe, a bolawa ke baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda. Baebele e bega gore Gamaliele yo e neng e le leloko le le tseelwang kwa godimo la kgotlatshekelokgolo ya Bajuda, o ne a ba tlhagisa gore ba nne kelotlhoko fa ba atlhola barutwa ba ga Jesu. (Ditiro 5:34-39) Mekwalo ya babatlisisi e tlhomamisa gore Gamaliele o kile a nna teng e bile e bolela gore o ne a bontsha gore ke motho yo o amogelang megopolo e mesha.
  • Babusibagolo ba Roma e bong Nero, Domitian, Marcus Aurelius le Diocletian ba ne ba tlhotlheletsa gore Bakeresete ba bogologolo ba bogisiwe botlhoko

  • Bakwalahisitori ba re bolelela gore go simolola ka Mmusimogolo Nero ka 64 C.E., babusibagolo ba Baroma ba ne ba bogisa Bakeresete gangwe le gape. Makwalo a Mmusimogolo Trajan le Pliny yo Mmotlana ba neng ba kwalelana one a bua ka dikotlhao tse di neng di newa Bakeresete ba ba neng ba sa batle go latlha tumelo ya bone.
  • Porofesa Chadwick yo o nopotsweng pelenyana o bolela jaana: “Go na le gore pogiso e dire gore Bakeresete ba obamele mo sephiring, e ne ya nna le matswela a a farologaneng le ao.” Fa Bakeresete ba ntse ba tshaba gore ba se ka ba bogisiwa, ba ne ba isa molaetsa wa bone kwa mafelong a mangwe. (Ditiro 8:1) Ba ne ba tswelela pele fela le fa gantsi ba ne ba ganediwa ke ba malapa le ditsala. Seno se a gakgamatsa ka gonne balatedi ba ga Jesu ba ne ba ‘sa rutega e bile e ne e le batho fela,’ ba se na tlhotlheletso epe ya dipolotiki. (Ditiro 4:13) Bakwalahisitori ba dumalana ka gore “mo bathong ba ba nang le mabenkele le mo barekising, . . . Efangele e ne e anama motlhofo thata.”

Fa bakanoki ba ithuta ka hisitori ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba gakgamadiwa ke kafa setlhopha se sebotlana se neng sa anamisa Bokeresete ka bonako ka teng le fa se ne se bogisiwa botlhoko jalo. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bolelela pele ditiragalo tseo tse go neng go lebega di ka se direge pele di direga. Gape Dikwalo di ne tsa bolelela pele gore tiro eno ya go rera e ne e tla kgorelediwa.

Go ne Go Tla Nna le Bakeresete ba e Seng Bone

Dipolelelopele:

“Diphiri tse di gatelelang di tla tsena mo gare ga lona mme ga di na go tshwara letsomane ka bonolo, e bile go tla tsoga banna mo gare  ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Ditiro 20:29, 30) “Gape go tla nna le barutisi ba maaka mo go lona. Bone bano ka go kukunela ba tla tlisa mo teng makoko a a senyang . . . , mme ka ntlha ya bano tsela ya boammaaruri e tla buiwa ka go kgojwa.”—2 Petere 2:1, 2.

Tiragatso: Phuthego ya Bokeresete e ne ya kgotlelwa ke batho ba ba peloethata, ba ba tsietsang le ba ba ikgodisang.

Se hisitori e se senolang:

  • Segolobogolo morago ga go tlhokafala ga balatedi ba ntlhantlha ba ga Jesu, Bokeresete jwa boammaaruri bo ne jwa tlhotlhelediwa ka iketlo ke banna ba ba itsegeng ba ba neng ba tswa mo phuthegong mme ba kgotlela dithuto tsa Bokeresete ka filosofi ya Segerika. Go ise go ye kae setlhopha sa baruti se ne sa nna teng mme sa simolola go tshwana le babusi ba dipolotiki ka taolo le dikhumo. Go ya ka bakwalahisitori, ka nako ya fa se go tweng ke Bokeresete se ne se tsewa e le bodumedi jwa Puso ya Roma, go ne go sa tlhole go bonala le fa e le letshwao lepe la gore phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga e kile ya nna teng.
  • Go ralala makgolokgolo a dingwaga, mofuta ono o o kgotletsweng wa Bokeresete o ne wa dira ditiro di le dintsi tsa thubakanyo le bopelotshetlha. Go na le gore baruti ba itshupe e le balatedi ba ga Jesu, ba ne ba bogisa batho ba ba neng ba etsa mokgwa wa go rera wa ga Jesu le ba ba neng ba leka go gatisa Baebele ka dipuo tse di buiwang ke batho.

Mo makgolong a dingwaga a fa Bokeresete jwa maaka bo ne bo na le taolo e kgolo, go ne go lebega go se na ope yo o neng a sa ntse a rera dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bolelela pele gore go rerwa ga dikgang tse di molemo go ne go tla tsosolosiwa mo metlheng ya bofelo. O ne a tshwantsha motlha ono le thobo ya fa Bakeresete ba maaka, ba ba tshwantshediwang ke mofero, ba neng ba tla tlhaolwa mo Bakereseteng ba boammaaruri, ba ba tshwantshediwang ke korong. (Mathaio 13:24-30, 36-43) Ka nako eo, boporofeti jo bo ka ga go rerwa ga dikgang tse di molemo bo tla bo bo diragaditswe ka selekanyo se segolo thata. (Mathaio 24:14) Karolo e e latelang ya motseletsele ono e tla tlotla ka boporofeti jono jo bo itumedisang.