Kopa Thuso
Go nna le batho ba ba ka go gakololang le go go thusa go botlhokwa, e seng fela fa o sa ntse o tsena sekolo mme gape le mo go sengwe le sengwe se o tla se dirang mo isagweng o le mogolo.
KE BOMANG ba ba ka go thusang fa o ntse o leka ka natla go atlega kwa sekolong?
Lelapa.
Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 18 wa kwa Brazil e bong Bruna a re: “Fa ke ne ke tlhoka thuso ka tiro ya me ya sekolo e e direlwang kwa gae, Rre o ne a tle a ntlhalosetse tshedimosetso eo, go tswa foo a bo a mpotsa dipotso tse di ka nthusang go bona dikarabo. Mme o ne a ntetla gore ke iponele dikarabo.” *
Ntlha e o ka e dirisang: Simolola ka go botsa motsadi wa gago gore o ne a dira jang mo serutweng se o se fitlhelang se le boima. Fa e le gore motsadi wa gago o ne a dira sentle mo go sone, a ka nna a kgona go go thusa.
Barutabana.
Bontsi jwa barutabana ba itumelela go itse gore eleruri moithuti o batla go atlega e bile ba ka rata go mo thusa.
Ntlha e o ka e dirisang: Raya morutabana wa gago o re, “Serutwa seno se a mpalela, mme ke batla go dira bontle mo go sone. O akantsha gore ke direng?”
Bagakolodi.
Gongwe tsala e lo e ikanyang ya mo lelapeng e ka go thusa. Thulaganyo e e ntseng jalo e ka nna le melemo e mebedi: Sa ntlha, o tla bona thuso e o e tlhokang; sa bobedi, o tla ithuta go kopa thuso fa go tlhokega—mokgwa o o tla go solegelang molemo le fa o setse o godile. Boammaaruri ke gore, gantsi o tlhoka batho ba bangwe gore o atlege fa o dira dilo, o ka se atlege fa o di dira o le esi.—Diane 15:22.
Ntlha e o ka e dirisang: Botsa batsadi ba gago gore ke mang yo e ka nnang mogakolodi wa gago yo o molemo.
Selo sa botlhokwa: Ga go sepe se se phoso ka go kopa thuso!
Ke eng fa o sa simolole? Kwala maina a batho ba babedi kgotsa ba bararo ba e leng dikao mo go wena—batho ba ba go tlhomelang sekao se se molemo. A mongwe wa batho bao a ka kgona go go thusa ka tiro ya gago ya sekolo?
^ ser. 4 Mogoloo le ene a ka nna a kgona go go thusa.