SETLHOGO SA KA FA NTLE
Mathata a go Fudugela Kwa Nageng e Sele
Go Batla Botshelo jo bo Botoka
GEORGE o ne a tlaletswe. O ne a sa kgone go tlamela ba lelapa la gagwe sentle. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ne a bona batho ba lefelo la bone ba lwala mme ba bangwe ba lebega ba bolawa ke tlala. Mme o ne a itse gore kwa nageng nngwe e e gaufi maemo a ne a le botoka. O ne a akanya jaana: ‘Ke tla fudugela kwa nageng e sele, ke batle tiro, ke bo ke bitsa le ba lelapa la me.’
Patricia le ene o ne a eletsa go ya go simolola botshelo jo bosha kwa moseja. O ne a sa bereke mme o ne a ka se bone tiro motlhofo. Ene le lekau la gagwe ba ne ba swetsa ka gore ba tswe kwa Nigeria ba fudugele kwa Spain ba feta ka Algeria mme ba sa itse gore mosepele wa go ralala Sekaka sa Sahara o ne o tla nna bokete go le kana kang. O ne a re: “Ke ne ke le moimana mme ke ne ke ikaeletse go direla ngwanake botshelo jo bo botoka.”
Rachel ene o ne a batla go simolola botshelo jo bo botoka kwa Yuropa. O ne a latlhegetswe ke tiro kwa Philippines, mme ba losika ba ne ba re go na le mebereko e mentsi ya dikitšhini kwa moseja. Ka jalo, o ne a adima madi gore a palame sefofane mme a laela monna wa gagwe le morwadie, a ba solofetsa jaana: “Re ka se kgaogane lobaka lo loleele.”
Go fopholediwa gore batho ba feta dimilione di le 200 ba ba jaaka George, Patricia le Rachel ba fudugetse kwa dinageng di sele mo dingwageng tsa bosheng jaana. Le fa bangwe ba fudugile ka ntlha ya dintwa, ditiragalo tsa masetlapelo a tlholego kgotsa go bogisiwa, bontsi bo fudugile ka gonne ba batla go tokafatsa botshelo jwa bone. Bafaladi ba lebana le mathata afe kwa dinageng tse ba fudugelang kwa go tsone? A botlhe ba bona botshelo jo bo botoka jo ba bo solofetseng? Fa motsadi a fuduga a ya go batla mafulo a matalana, seo se ama bana jang? Sekaseka dikarabo tse di latelang tsa dipotso tseno.
Mosepele Wa go Ya Koo le go Tlwaela go Nna Teng
Gantsi kgwetlho ya ntlha ya go fudugela kwa nageng e sele ke mosepele ka boone. George, yo o umakilweng mo setlhogong sa ntlha, o ne a tsaya mosepele wa dikilometara di le makgolokgolo a se na dijo tse di lekaneng. O bolela jaana: “Mosepele wa go ya koo o ne o le bokete tota.” Bafaladi ba le bantsi ga ba goroge le kwa ba yang teng.
Patricia o ne a ya kwa Spain. O ne a tsamaya ka lori go ralala Sekaka sa Sahara. “Re ne ra tsaya beke go tswa Nigeria go ya Algeria mme re ne re sukagane mo loring re le 25. Fa re ntse re le mo tseleng re ne ra bona ditopo di le dintsi mmogo le batho ba tsamayatsamaya mo sekakeng ba lebega ba ka swa nako nngwe le nngwe. Go lebega bakgweetsi bangwe ba dilori ba tlogela bapalami ka bopelompe mo tseleng.”
Go farologana le George le Patricia, Rachel o ne a kgona go tsamaya ka sefofane go ya kwa Yuropa, kwa a neng a tla dira tiro ya dikitšhini gone. Mme o ne a ise a ko a akanye gore a ka tlhoafalela morwadie wa dingwaga tse pedi thata jaana. A re: “Nako le nako fa ke ne ke bona mmè mongwe a na le ngwana wa gagwe yo monnye ke ne ke utlwa botlhoko tota.”
George o ne a fitlhela go le thata go tlwaela naga e a neng a fudugetse kwa go yone. Go ne ga feta dikgwedi pele a ka kgona go romela madi kwa gae. O bolela jaana: “Go ne ga feta masigo a le mantsi ke lela ka gonne ke jewa ke bodutu e bile ke kgobegile marapo.”
Patricia o ne a goroga kwa molelwaneng wa Morocco morago ga go nna dikgwedi di le mmalwa kwa Algeria. A re: “Fa ke le koo ke ne ka belega morwadiake. Ke ne ka tshwanelwa ke go iphitlhela batho ba ba gapang basadi ba bafaladi ba bo ba ba pateletsa go gweba ka mmele. Kgabagare ke ne ka bona madi a a lekaneng go kgabaganya lewatle le le kotsi go ya Spain. Re ne re tsamaya ka mokoro o o sekgoropa e bile o sa siamela go rwala bapalami ba bantsi ba o neng o ba rwele. Re ne ra tshwanelwa ke go gelela metsi re a ntsha mo mokorong ka ditlhako tsa rona! Fa re fitlha fa losing lwa Spain ke ne ke lapile mo ke neng ke se na maatla a go tsamaya.”
Gone ke boammaaruri gore batho ba ba batlang go fudugela kwa dinageng di sele ga ba a tshwanela fela go akanya ka dikotsi tse di ka diregang mo mosepeleng. Gape ba tshwanetse go akanyetsa mathata a a ka nnang gone a go tlwaela puo le setso sa kwa nageng e ba fudugelang kwa go yone, mmogo le ditshenyegelo le mathata a a amanang le melao a go leka go nna baagi ba naga kgotsa banni ba ba kafa molaong mme e se baagi ba teng. Go le gantsi bafaladi ba ba palelwang ke go bona dipampiri tsa semolao tsa go nna kwa nageng eo, ba go fitlhela go le thata go bona tiro e e siameng, bonno jo bo siameng, thuto kgotsa tlhokomelo ya botsogo. Gape ba ka nna ba thatafalelwa ke go nna le lekwalo la go kgweetsa kgotsa akhaonto ya banka. Ka maswabi, gantsi batswakwa ba ba se nang dipampiri tsa semolao ba jewa ntsoma, gongwe ka go berekisiwa ka thata ba bo ba newa madi a mannye.
Ntlha e nngwe e e tshwanetseng go akanyediwa ke madi ka boone. A ruri re tshwanetse go a ikanya? Baebele e naya kgakololo eno e e mosola: “Nna botlhale mme o se itapise ka go leka go huma. Madi a gago a ka nyelela ka ponyo ya leitlho, jaaka e kete a tlhogile diphuka a bo a fofa jaaka ntsu.” (Diane 23:4, 5, Good News Translation) Gape gakologelwa gore dilo tse re di tlhokang go gaisa ke dilo tse madi a ka se kgoneng go di reka—e leng, lorato, go se tshwenyege le go nna mo lelapeng le le utlwanang. A bo go utlwisa botlhoko jang fa batsadi ba dira gore lorato lwa madi lo nne botlhokwa go feta lorato lo ba ratanang ka lone kgotsa “lorato lwa tlholego” lo ba ratang bana ba bone ka lone!—2 Timotheo 3:1-3.
Gape batho ba dirilwe ba na le keletso ya go batla go itse ka Modimo. (Mathaio 5:3) Ka jalo, batsadi ba ba nang le maikarabelo ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go diragatsa maikarabelo a ba a neilweng ke Modimo a go ruta bana ba bone ka Modimo, boikaelelo jwa gagwe le melao ya gagwe.—Baefeso 6:4.
Lelapa le le Kitlaneng—Le Botlhokwa go Feta Madi
Le fa gone bafaladi ba ka tswa ba diragalelwa ke dilo tse di sa tshwaneng, ba le bantsi ba felela ba diragaletswe ke dilo dingwe tse di tshwanang, jaaka go diragaletse George, Rachel le Patricia ba ba umakilweng pelenyana mo motseletseleng ono wa ditlhogo. Lelapa le goga bokete fa motsadi a tsamaya kgotsa fa molekane yo mongwe wa lenyalo a tlogela molekane wa gagwe, e bile go ka feta dingwaga di le dintsi pele lelapa le kopana gape. Lelapa la ga George lone le ne la tsaya dingwaga di feta nnè pele le kopana gape.
Rachel ene o ne a kgona go boela kwa Philippines ka sefofane go ya go tsaya morwadie morago ga go kgaogana le ene ka dingwaga di ka nna tlhano. Mme Patricia ene o ne a goroga kwa Spain a kukile leseanyana la gagwe. Patricia a re: “Ke ene fela yo nka mmitsang wa lelapa la me mono, ka jalo ke leka ka natla go mo tlhokomela.”
Bafaladi ba le bantsi ba tshwanelwa ke go itshoka mo nageng e ba fudugetseng mo go yone le fa ba jewa ke bodutu, ba na le mathata a madi e bile ba kgaogane le ba malapa a bone lobaka lo loleele. Ba dirile go le gontsi gore ba fuduge, ka jalo fa dilo di sa ba tsamaele sentle, ke ba le mmalwa fela ba ba ipetang pelo go boela gae le fa seo se kaya gore ba ka lebana le go tlhabiwa ke ditlhong.
Mongwe yo o neng a ipeta pelo go boela gae ke Allan, yo o tswang kwa Philippines. Le fa a ile a bona tiro e e duelang sentle kwa Spain, morago ga dikgwedi di le 18 o ne a boela gae. A re: “Ke ne ke tlhoafaletse mosadi wa me le mosetsanyana wa me fela thata. Ke ne ka swetsa ka gore nka se tlhole ke ya go bereka kwa moseja, ntle le fa re ka fuduga rotlhe re le lelapa. Mme kgabagare re ne ra dira jalo. Lelapa le botlhokwa thata go feta madi.”
Jaaka Patricia a ile a lemoga, go na le sengwe gape se se botlhokwa go feta madi. Fa a goroga kwa Spain o ne a na le “Tesetamente e Ntšha,” kgotsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. A re: “Ke ne ke tsaya buka eno e le pheko e e ntshireletsang. Mme ke ne ka kopana le mosadi mongwe yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Pele ga foo ke ne ke sa kgatlhegele go bua le batho ba bodumedi jono. Ka jalo ke ne ka mmotsa dipotso di le dintsi ke batla go senola gore dilo tse a di dumelang di phoso. Mme mo boemong jwa se ke neng ke se akantse, o ne a kgona go buelela dilo tse a di dumelang le go araba dipotso tsa me a dirisa Baebele.”
Se Patricia a neng a se ithuta se ne sa mo lemosa gore go nna le boitumelo jo bo nnelang ruri le isagwe e e tlhomameng go ikaegile ka go itse Modimo le se a se ikaeletseng ka rona e seng ka gore motho o nna kae kgotsa o na le madi a le kana kang. (Johane 17:3) Sengwe sa dilo tse Patricia a neng a di ithuta ke gore Modimo wa boammaaruri o na le leina—Jehofa. (Pesalema 83:18) Gape o ne a bala mo Baebeleng gore Modimo o tla tloga a fedisa khumanego yotlhe a dirisa puso ya Bogosi jwa gagwe jo bo eteletsweng pele ke Jesu Keresete. (Daniele 7:13, 14) Pesalema 72:12, 14 ya re: “[Jesu] o tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.”
Ke eng fa o sa iphe nako ya go sekaseka Baebele? Buka eno e e nang le botlhale jwa Modimo e ka go thusa go tlhaloganya se tota se leng botlhokwa mo botshelong, go dira ditshwetso tse di molemo, le go itshokela diteko dipe fela tsa gone jaanong o itumetse e bile o na le tsholofelo.—Diane 2:6-9, 20, 21.