Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 POTSOLOTSO | IRÈNE HOF LAURENCEAU

Moari wa Ditokololo o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Moari wa Ditokololo o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Dr. Irène Hof Laurenceau o dira tiro ya go ara ditokololo kwa Switzerland. Nako nngwe o ne a belaela gore a tota Modimo o gone. Mme dingwaga moragonyana o ne a feleletsa a dumetse gore Modimo o gone le gore ke ene Mosimolodi wa botshelo. Tsogang! e ne ya mmotsolotsa ka tiro ya gagwe le ka tumelo ya gagwe.

Ke eng se se dirileng gore o kgatlhegele saense?

Fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana ke ne ke kgatlhiwa ke dilo tsa tlholego. Ke goletse kwa Richterswil, motse o montle wa kwa Switzerland o o fa lotshitshing lwa letsha le le bidiwang Lake Zurich. Batsadi ba me le bonkgonne ba ne ba tle ba tsamaye le nna go iphutholola maoto mme ba ntlotlela ka dibopiwa le dijalo tse re neng re tla re di bona mo tseleng.

Ke eng fa o ile wa ithutela go ara ditokololo?

Rre o berekile ka nakwana mo lefapheng la go ara e le mothusi mo phaposing ya go ara kwa bookelong jo bo gaufi le kwa gae. Se a neng a se bona se ne sa mo tlhotlheletsa go nna matlhagatlhaga fa a bua ka tsa karo. Go bua ga gagwe ka matlhagatlhaga ka karo go ne ga nkgatlha thata jaana mo ke neng ka tlhopha go ithutela go ara. Ke ne ka tlhopha go ithutela go nna moari wa ditokololo ka gonne ke rata tsela e di kgonang go baakanngwa ka yone. Baari ba ditokololo tsa mmele ba tshwanetse go akanya fela jaaka moenjenere gore ba kgone go baakanya marapo le mesifa e e dirang gore re kgone go tsamayatsamaya.

Sa botlhokwa le go feta, ke itumelela go bona botsogo jwa balwetse ba me bo tokafala. Ruri ke rata go bereka ka batho.

Ke eng fa o ne o belaela gore a Modimo o teng?

Dipelaelo tsa me di ne tsa simolola fa ke ne ke sa ntse ke le mosha mme ke ne ke tlhotlhelediwa thata ke dilo tse pedi. Sa ntlha, ke ne ka lemoga gore baruti bangwe kwa kerekeng ba ne ba se na boitsholo jo bo siameng mme seno se ne se ntshwenya fela thata. Sa bobedi, bangwe ba barutabana ba ba neng ba nthuta thutotshelo ba ne ba dumela thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe—e leng thuto e ke neng ka e amogela segolobogolo fa ke ne ke ya yunibesithing.

Ke eng fa o ile wa amogela thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe?

Ke ne ke dumela batlhatlheledi ba me. Mo godimo ga moo, ke ne ke akanya gore lebaka la go bo mebele ya diphologolo tsa mefuta mengwe e bopegile go tshwana, le ne le supa gore di tswa mo losikeng lo le longwe  e bile ke dumela kgopolo ya gore go fetoga ga dijini gore di tshwanele tikologo e di leng mo go yone, go felela ka gore go nne le mefuta e mengwe ya ditshedi.

Mme moragonyana o ile wa fetola mogopolo. Ka ntlha yang?

Tsala nngwe ya me e ne ya ntaletsa kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka kgatlhiwa ke phuthego e e botsalano le dipuo tse di rutang tse di neng di newa koo. Moragonyana, mosadi mongwe yo o botsalano go tswa mo phuthegong o ne a nketela, mme ke ne ka mmotsa jaana: “Nka tlhomamisega jang gore Baebele e boammaaruri?”

O ne a mpontsha dipolelelopele tsa Baebele tse di kaga ditiragalo di le dintsi tse di diregang mo metlheng ya rona. Nngwe ya tsone ke boporofeti jwa ga Jesu jwa gore metlha ya bofelo ya lefatshe la gompieno e tla bonwa ka dintwa mo lefatsheng lotlhe, “dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo” le go anama ga “malwetse a leroborobo le ditlhaelo tsa dijo.” * Gape o ne a mpontsha dipolelelopele tse di kaga go senyega ga mekgwa ya batho le go oketsega ga bopelotshetlha le mekgwa e mengwe e e maswe e re e bonang e aname thata jaana gompieno. * Go ise go ye kae, ke ne ka simolola go ithuta Baebele ka tlhoafalo mme ka bonako fela ka lemoga gore dipolelelopele tsa yone ka metlha di a diragala. Gape ke ne ka simolola go sekaseka sesha se ke neng ke se dumela malebana le gore botshelo bo simologile jang.

A dipatlisiso tse o di dirileng tsa kalafi di ile tsa go thusa go itse gore botshelo bo simologile jang?

Ee. Fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele, ke ne ke dira dipatlisiso ka karo ya lengole. Go tloga mo mafelong a bo1960, baitsesaense ba ne ba simolola go tlhaloganya tsela e lengole le raraaneng ka yone. Ba ne ba fitlhela gore lengole la motho ga le obege fela. Mme gape le kgona go pitika le go relela—dilo tse ka bobedi di leng botlhokwa gore lengole le kgone go dira dilo di le dintsi tse di farologaneng tse di jaaka go tsamaya, go tansa, go sekeita le go dira dilo tse dingwe tse dintsi.

Mo e ka nnang ka dingwaga di le 40, babatlisisi ba ile ba leka go dira lengole la maitirelo. Mme tsela e lengole la motho le raraaneng ka yone e dira gore go nne thata go dira sengwe se se tshwanang le lone. Mo godimo ga moo, fa lengole la rona le bapisiwa le dilo tse di itiretsweng, tsone ga di kgone go nna lobaka lo loleele. Tota le fa batlhami ba na le didirisiwa tsa sesheng, dilo tse ba di tlhamang ga di nne gone go feta dingwaga tse 20. Gone ke boammaaruri gore lengole la rona le dirilwe ka disele tse di tshelang tse di nnang di intšhafatsa. Ke ile ka bona gore lengole ga le a nna gone ka bolone fela fa dilo di ne di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe mme le nnile gone ka ntlha ya botlhale jwa Modimo.

Mme go tweng ka go fetoga ga dijini gore di tshwanele tikologo e di leng mo go yone le go tshwana ga dipopego tsa ditshedi dingwe?

Go tshwana gono go supa gore go na le Modiri a le esi fela. Mo godimo ga moo, go fetoga ga dijini gore di tshwanele tikologo e di leng mo go yone ga go tokafatse tsela e ditshedi di dirilweng ka yone ka go di dira ditshedi tsa maemo a a kwa godimo. Go na le moo, go lebega go fetoga ga dijini gore di tshwanele tikologo e di leng mo go yone go senya dijini. Gone ke boammaaruri gore go a kgonega gore kotsi nngwe e solegele molemo ka tsela nngwe e e rileng—a re re, jaaka fa terena e ka wela mo borogong e bo e bo senya mme seo se bo se thusa gore toropo e se ka ya tlhaselwa ke masole a baba. Mme gone kotsi eo ga e a tokafatsa toropo. Ka tsela e e tshwanang, go fetoga ga dijini go tshwanela tikologo e di leng mo go yone ga go tokafatse ditshedi. E bile le ka motlha go ka se dire gore go nne le sengwe se se dirilweng ka botlhale se se jaaka lengole la motho—re sa bue sepe ka dikarolo tse dingwe tsa mmele wa motho.

Go fetoga ga dijini gore di tshwanele tikologo e di leng mo go yone le ka motlha go ka se dire gore go nne le sengwe se se dirilweng ka botlhale se se jaaka lengole la motho

Ke ka ntlha yang fa o ile wa nna Mosupi wa ga Jehofa?

Fa ke ne ke simolola go tshela ka melaometheo ya Baebele, botshelo jwa me bo ne jwa tokafala fela thata. Mo godimo ga moo, ka 2003, ke ne ka ya kopanong ya ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa mme ka bona kutlwano e ke iseng ke tsamaye ke e bone e e keteng ke ya lelapa, tota le mo batlakopanong ba ba neng ba ise ba tsamaye ba kopane. Ba ne ba bontshana lorato lwa mmatota mme ke ne ke batla go nna mongwe wa bone.