POTSOLOTSO | CÉLINE GRANOLLERAS
Moitse wa Diphilo o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe
Dr. Céline Granolleras ke ngaka ya kwa Fora e e ithutetseng go alafa malwetse a diphilo. Morago ga dingwaga di feta 20 e le ngaka, o ne a simolola go dumela gore go na le Mmopi yo o amegang ka rona. Tsogang! e ne ya mmotsolotsa ka tiro ya gagwe le ka tumelo ya gagwe.
Re bolelele ka botshelo jwa gago fa o ne o le ngwana.
Lelapa la gaetsho le ne la fudugela kwa Fora le tswa kwa Spain fa ke ne ke le dingwaga di le robongwe. Batsadi ba me e ne e le Bakatoliki, mme ke ne ka tlogela go dumela mo Modimong ke na le dingwaga di le 16. Ke ne ke dumela gore bodumedi ga bo amane ka gope le botshelo. Fa motho a ne a mpotsa gore botshelo bo simologile jang fa e le gore Modimo ga a yo, ke ne ke mo araba ke re, “Gone jaanong baitsesaense ga ba kgone go tlhalosa gore bo simologile jang, mme letsatsi lengwe ba tla kgona.”
Ke eng se se dirileng gore o ithute ka malwetse a diphilo?
Ke tsene sekolo sa bongaka kwa Montpellier kwa Fora. Mme fa ke le koo porofesa mongwe o ne a akantsha gore ke bereke mo lephateng la nephrology, mofuta mongwe wa kalafi e e amanang le diphilo. Tiro eo e ne e akaretsa go dira dipatlisiso le go alafa balwetse. Seo e ne e le sone se ke se batlang. Ka 1990, ke ne ka simolola go nna le seabe mo dipatlisisong tsa go dirisa recombinant erythropoietin (EPO) mo kalafing go laola tsela e marapo a rona a dirang disele tse dikhibidu ka yone. Ka nako eo, go ne go tsewa e le sengwe se go sa ntseng go simololwa go batlisisiwa ka sone.
Ke eng se se dirileng gore o simolole go akanya ka Modimo?
Monna wa me e bong Floréal o ne a simolotse go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ka 1979. Mme nna ke ne ke se na kgatlhego. Fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana, ke ne ke sa tlhole ke batla go utlwa sepe ka bodumedi. Le fa go ntse jalo, monna wa me le bongwanake ba ne ba nna Basupi, mme go ise go ye kae mo e ka nnang ditsala tsa rona tsotlhe e ne e le Basupi. Mongwe wa bone e bong Patricia o ne a akantsha gore ke leke go rapela. O ne a re: “Fa e le gore ga go na ope kwa legodimong, ga o latlhegelwe ke sepe. Mme fa e le gore go na le mongwe, o tla bona gore go tla diragala eng.” Dingwaga moragonyana ke ne ka simolola go ipotsa gore botshelo bo na le bokao bofe mme ka gopola mafoko a ga Patricia. Ke ne ka simolola go rapelela thuso gore ke tlhaloganye.
Ke eng se se dirileng gore o simolole go ipotsa ka bokao jwa botshelo?
Fa dirukutlhi di sena go tlhasela World Trade Center kwa New York, ke ne ka ipotsa gore ke eng fa go na le bosula jo bo kana kana mo lefatsheng. Ke ne ka akanya jaana: ‘Madumedi a a feteletsang dilo a tsenya matshelo a rona mo kotsing. Le fa go ntse jalo, ke dikologilwe ke Basupi ba ga Jehofa ba ba ratang kagiso. Ga ba feteletse dilo. Ba tshela go ya ka Baebele. Gongwe ke tshwanetse go sekaseka se e se buang.’ Ka jalo, ke ne ka simolola go ipalela Baebele.
E re ka o le ngaka, a go ne go le thata go dumela mo Mmoping?
Nnyaa. Ke ne ke anaanela thata tsela e mmele wa rona o raraaneng ka yone. Ka sekai, tsela e diphilo tsa rona di laolang ka yone selekanyo sa disele tse dikhibidu tse di mo mmeleng wa rona e jesa kgakge.
Ke ka ntlha yang fa o rialo?
Ke ne ka lemoga gore ke Modimo fela yo o neng a ka tlhama thulaganyo e e manontlhotlho jaana
Jaaka o ka tswa o itse, disele tse dikhibidu tsa madi di tsamaisa okosejene mo mmeleng. Fa o ka latlhegelwa ke madi a mantsi kgotsa wa tlhatlogela kwa lefelong le le kwa godimo thata, o ka tlhaelelwa ke okosejene mo mmeleng. Diphilo tsa rona di na le disensara tse di kgonang go lemoga fa okosejene e tlhaela. Fa di lemoga gore okosejene e a tlhaela mo mading, di dira gore EPO e oketsege, mme selekanyo sa EPO mo mading se ka oketsega go menagane ga sekete. EPO e dira gore moko wa marapo o tlhagise disele tse dikhibidu tse di oketsegileng mme tsone di bo di tsamaisa okosejene e e oketsegileng. Ruri seo se molemo! Se se gakgamatsang ke gore ke ithutile thulaganyo eno ka dingwaga di le lesome pele ke lemoga gore ke Modimo fela yo o neng a ka tlhama thulaganyo e e manontlhotlho jaana.
O ne o akanyang ka Baebele?
Ke ne ke badile dibuka di le dintsi tsa hisitori le tse dingwe tse di itsegeng, mme ka bonako fela ke ne ka lemoga gore Baebele ga e tshwane le tsone. Kgakololo ya yone e mosola thata jaana mo e tshwanetseng ya bo e tswa kwa go mongwe yo o kwa godimo thata ga motho. Ke ne ke kgatlhiwa ke botho jwa ga Jesu. Ke ne ka bona gore e ne e le motho wa mmatota. O ne a na le maikutlo e bile a na le ditsala. E re ka ke ne ke sa batle go dirisa dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa, fa ke na le dipotso ke ne ke dirisa dibuka tsa tshedimosetso le tse dingwe tsa ditshupiso go dira dipatlisiso.
O ne o batlisisa ka eng?
Ke ne ka dira dipatlisiso mo dibukeng tsa hisitori . . . Kgabagare ke ne ka swetsa ka gore boporofeti jono jo bo mo Baebeleng bo diragetse ka nako e e neng e boleletswe pele
Sengwe sa dilo tse di nkgatlhileng ke tsela e Baebele e boleletseng pele ka yone ngwaga o Jesu a neng a tla kolobediwa ka one. E bontsha sentle gore go ne go tla feta nako e e kana kang fa gare ga ngwaga wa bo20 wa go busa ga mmusi wa Peresia e bong Aretaserese le ngwaga o Jesu a neng a tla itlhagisa e le Mesia ka one. * Ke tlwaetse go dira dipatlisiso—tiro ya me e ntlhoka gore ke di dire. Ka jalo ke ne ka dira dipatlisiso mo dibukeng tsa hisitori go tlhomamisa matlha a puso ya ga Aretaserese le matlha a bodiredi jwa ga Jesu. Kgabagare ke ne ka swetsa ka gore boporofeti jono jo bo mo Baebeleng bo diragetse ka nako e e neng e boleletswe pele le gore bo tshwanetse jwa bo bo ne bo tlhotlheleditswe ke Modimo.