Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Kafa o ka Dirisang Nako ya Gago ka Botlhale ka Teng

Kafa o ka Dirisang Nako ya Gago ka Botlhale ka Teng

“Fa fela nkabo ke na le nako e e oketsegileng!” O setse o kile wa bua mafoko ao ga kae? Nako ke selo se batho botlhe ba nang le sone ka go lekana, ka gonne batho ba ba nang le taolo le ba ba humileng ga ba na nako e ntsi go feta ba maemo a a kwa tlase le ba ba humanegileng. Mo godimo ga moo, bahumi le bahumanegi ba ka se kgone go ikokeletsa nako. Fa e fetile, e fetile. Ka jalo, go botlhale gore re dirise nako e re nang le yone sentle. Jang? Sekaseka ditsela di le nnè tse di thusitseng batho ba le bantsi go dirisa nako ya bone ka botlhale.

Tsela 1: Ithulaganye Sentle

Dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele. Baebele e gakolola jaana: ‘Tlhomamisang dilo tse di botlhokwa thata.’ (Bafilipi 1:10) Dira lenaane la dilo tse di botlhokwa kgotsa tse di potlakileng tse o batlang go di dira, o ntse o gakologetswe gore se o se tsayang se le botlhokwa—ka sekai, go reka dijo tse di tla jewang maitseboa—se ka tswa se sa potlaka. Mme se se ka lebegang se potlakile—jaaka gore o bo o le gone fa lenaneo le o le ratang la thelebishene le simolola—se ka tswa se se botlhokwa. *

Akanyetsa dilo kwa pele. Moreri 10:10 ya re: “Fa sedirisiwa sa tshipi se setse se le boi mme mongwe a sa lootsa bogale jwa sone, foo o tla dirisa maatla a gagwe a botlhaga ka tlhoafalo.” Mme e oketsa ka go re: “Ka jalo go dirisa botlhale gore o tle o atlege go raya go solegelwa molemo.” Re ithuta eng? Fa o lootsa sedirisiwa sa gago sa tshipi, ke gore o rulaganyetsa dilo kwa pele, o tla kgona go dirisa nako ya gago ka botlhale. Beela kwa thoko kgotsa o tlogele gotlhelele ditiro tse di seng botlhokwa, tse di sa direng sepe fa e se go go jela nako fela le maatla. Fa o fitlhela gore o na le nako e ntsi ka gonne o dirile tiro e e neng e saletse kwa morago, ke eng fa o sa dire tiro e o neng o ikaeletse go e dira moragonyana? Fa o akanyetsa dilo kwa pele, o dira gore tiro ya gago e nne le matswela, fela jaaka modiri yo o botlhale yo o lootsang sedirisiwa sa gagwe sa tshipi.

Tshela botshelo jo bo sa raraanang. Ithute go gana go dira dilo tse di seng botlhokwa tse di sa go thuseng ka sepe fa e se go go jela nako fela. Ditiro tse dintsi thata le mekgaphe e mentsi e ka felela ka go gatelelwa mo maikutlong go sa tlhokege mme e ka go amoga boitumelo.

 Tsela 2: Tila Dilo Tse di go Jelang Nako

Go beela dilo nako e e tlang le go etsaetsega. “Yo o lebeletseng phefo ga a na go jala peo; mme yo o lebileng maru ga a na go roba.” (Moreri 11:4) Re ithuta eng? Go beela dilo nako e e tlang go senya nako e bile ga go solegele molemo. Molemirui yo o emang go fitlha maemo a siama a ka nna a felela a sa lema kgotsa a sa roba. Ka tsela e e tshwanang, le rona re ka letla gore ditlhobaelo tsa botshelo di dire gore re etsaetsege go dira ditshwetso. Kgotsa re ka ikutlwa e kete re tshwanetse go leta go fitlha re bona tshedimosetso yotlhe e re e tlhokang pele re dira tshwetso. Gone ke boammaaruri gore ditshwetso tsa botlhokwa di tshwanetse go direlwa dipatlisiso le go akanyediwa ka kelotlhoko. Diane 14:15 ya re: “Yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” Mme tota go na le dilo dingwe tse o sa tlhomamisegeng ka tsone fa o dira ditshwetso.—Moreri 11:6.

Go sa batle go dira diphoso. Jakobe 3:17 ya re: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo [kgotsa kwa Modimong] . . . bo tekatekano.” Gone ke boammaaruri gore go molemo go eletsa go dira dilo sentle! Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe re ipeela melao e e kwa godimo thata mo re felelang re swabile gongwe e bile re paletswe. Ka sekai, motho yo o ithutang puo e sele o tshwanetse go lebelela gore o tla dira diphoso, a itse gore o tla ithuta mo go tsone. Le fa go ntse jalo, motho yo o sa batleng go dira diphoso ene a ka nna a se ka a batla go dira le fa e le phoso e le nngwe—boikutlo jo bo ka dirang gore a se ka a gatela pele. A bo go le botoka jang ne go nna boingotlo mo dilong tse re di lebeletseng! Diane 11:2 ya re: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.” Mo godimo ga moo, batho ba ba boingotlo le ba ba ikokobeditseng ga ba itseye masisi thata mme gantsi ba kgona le go tshega diphoso tsa bone.

“Tota dilo ga di duelelwe ka madi. Di duelelwa ka nako.”—What to Do Between Birth and Death

 Tsela 3: Nna Tekatekano Mme o Lebe Dilo Jaaka di Ntse

Lekalekanya tiro le boitapoloso. “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.” (Moreri 4:6) Gantsi batho ba ba bereketseng ruri ba itima maungo a “tiro ya [bone ya] bonatla e e tletseng seatla gabedi.” Ba sala ba se na nako le fa e le maatla. Mme ba ba ditshwakga bone ba tlhopha go nna le boikhutso jo bo “tletseng seatla gabedi” mme ba senya nako ya botlhokwatlhokwa. Baebele e re kgothaletsa go nna tekatekano: Dira ka natla o bo o itumelele maduo a gone. Go itumela mo go ntseng jalo ke “mpho ya Modimo.”—Moreri 5:19.

O se ka wa itima boroko. Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a re: “Ke tla rapama ke bo ke robala ka kagiso.” (Pesalema 4:8) Bontsi jwa batho ba ba godileng ba tlhoka go robala diura di le robedi bosigo bongwe le bongwe gore ba solegelwe molemo ka botlalo mo mmeleng, mo maikutlong le mo tlhaloganyong. Fa go tliwa mo ntlheng ya tlhaloganyo, go robala ke go dirisa nako sentle ka gonne go go thusa go tlhoma mogopolo le go gopola dilo, ka jalo go dira gore go ithuta go nne motlhofo. Le fa go ntse jalo, go sa robale mo go lekaneng go dira gore go ithuta go nne thata, e bile go dira gore motho a dire dikotsi kgotsa diphoso motlhofo le go nna pelwana.

Ipeele mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela. “Go botoka go bona ka matlho go na le go kgarakgatshega ga moya.” (Moreri 6:9) Seo se kayang? Motho yo o botlhale ga a letle dikeletso fela di laola botshelo jwa gagwe, bogolo jang dikeletso tse di ka se kang tsa direga. Ka jalo, ga a raelwe ke dipapatso tsa matlhajana kgotsa go reka dilo ka sekoloto. Mo boemong jwa moo o ithuta go kgotsofalela se tota a kgonang go nna le sone—‘se a se bonang ka matlho.’

 Tsela 4: Tshela ka Melao e e Siameng

Sekaseka melao e o tshelang ka yone. Melao e o tshelang ka yone e dira gore o sekaseke gore ke eng se se molemo, se se botlhokwa le se se mosola. Ke yone e kaelang gore botshelo jwa gago bo tla nna jang. Ka jalo, melao e e siameng e go thusa go baya dilo tsa botlhokwa kwa pele mo botshelong le go dirisa nako ya gago sentle, ura nngwe le nngwe, letsatsi le letsatsi. O ka bona kae melao e e ntseng jalo? Batho ba le bantsi ba e batla mo Baebeleng, e re ka ba lemoga botlhale jwa yone jwa maemo a a kwa godimo.—Diane 2:6, 7.

Dira gore lorato e nne molao wa gago wa botlhokwatlhokwa. Bakolosa 3:14 ya re lorato ke “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” Re ka se kgone go nna le boitumelo jwa mmatota le go sireletsega mo maikutlong ntle le fa go na le lorato, segolobogolo mo lelapeng. Batho ba ba itlhokomolosang ntlha eno, gongwe ba dira gore go latelela dikhumo kgotsa tiro ya boitshediso e nne gone go tlang pele, ba ka se itumele. Ee, go a utlwala go bo Baebele e dira gore lorato e nne lone nonofo e e di gaisang tsotlhe, ka go lo umaka makgetlho a le makgolokgolo.—1 Bakorintha 13:1-3; 1 Johane 4:8.

Iphe nako ya go ithuta ka Modimo. Monna mongwe yo o bidiwang Geoff o ne a na le mosadi yo o lorato, bana ba babedi ba ba itumetseng, ditsala tse di molemo le tiro e e kgotsofatsang ya bo-paramedic [thuso ya potlako]. Le fa go ntse jalo, gantsi tiro ya gagwe e ne e dira gore a bone batho ba boga kgotsa ba a swa. O ne a ipotsa jaana: “A botshelo bo tshwanetse go nna jaana?” Mme letsatsi lengwe o ne a bala dingwe tsa dikgatiso tsa Baebele tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa mme a bona dikarabo tse di kgotsofatsang.

Geoff o ne a tlhalosetsa mosadi wa gagwe le bana ba gagwe se a neng a se ithuta mme le bone ba ne ba se kgatlhegela. Ka jalo, lelapa le ne la simolola go ithuta Baebele mme seo sa dira gore matshelo a bone a tokafale mme sa ba thusa go dirisa nako ya bone ka tsela e e botlhale go feta le fa e le leng pele. Gape go ithuta Baebele go ne ga dira gore ba nne le tsholofelo e e molemolemo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ba tshela botshelo jo bo nang le bokao e bile bo se na pogo.—Tshenolo 21:3, 4.

Se se diragetseng ka Geoff se re gopotsa mafoko a ga Jesu Keresete fa a ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) A o iketleeditse go beela nakonyana kwa thoko gore o ithute ka Modimo? Eleruri ga go na sepe se sengwe se se ka go nayang botlhale jo o bo tlhokang go dirisa letsatsi lengwe le lengwe ka botlhale, mme e seng letsatsi fela, botshelo jwa gago jotlhe.

^ ser. 5 Bona “Ditsela Tse 20 Tsa go Oketsa Nako” mo makasineng wa Tsogang! wa April 2010.