Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tshedimosetso E e Mo Baebeleng e Botlhokwa Gompieno?

A Tshedimosetso E e Mo Baebeleng e Botlhokwa Gompieno?

BANGWE GA BA DUMELE. Ngaka nngwe e ne ya re go dirisa Baebele go tshwana le go dirisa buka ya 1920 go ruta khemiseteri. Motho yo o sa tlotleng Baebele ene a ka nna a re ga o ka ke wa ithuta go dirisa khomputara ya bosheng o dirisa buka ya khomputara ya bogologolo. Tota batho bangwe ba tsaya Baebele e le buka e e feletsweng ke nako e bile e se na mosola.

Tota ke mang yo o ka dirisang kaelo eo ya bogologolo mo lefatsheng leno le le nang le thekenoloji ya maemo a a kwa godimo? Tota e bile di-website di le dintsi di na le tshedimosetso le kaelo ya bosheng. Thelebishene e na le dikgakololo tsa batho ba ba ithutang tlhaloganyo ya motho, batho ba ba nang le maele a gore motho o tshwanetse go tshela jang le tsa bakwadi. Gape dishopo tsa dibuka di rekisa dibuka di le dintsintsi tse motho a kgonang go di dirisa a sa thusiwe ke ope.

Jaanong e re ka re na le tshedimosetso eo e e mo nakong, a re tlhoka go dirisa buka e e kwadilweng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng e leng Baebele? A batho ba ba sa tlotleng Baebele ba ka tswa ba nepile fa ba re go dirisa kaelo ya yone go tshwana le go dirisa buka ya bogologolo ya khemiseteri kgotsa ya khomputara? Se ba se buang ga se boammaaruri. Saense le thekenoloji di nna di fetoga, mme dilo tse batho ba di tlhokang tsone ga di fetoge. Batho ba sa ntse ba batla go itse gore ba tshelela eng gape ba batla go itumela le go sireletsega, go nna le malapa a a itumetseng le go dirisana le batho ba bangwe sentle.

Le fa Baebele e le buka ya bogologolo, e bua ka dintlha tseno le tse dingwe. Gape ya re e tlhotlheleditswe ke Mmopi wa rona. E ka re kaela mo maemong otlhe a botshelo le go re thusa go lebana le mathata. (2 Timotheo 3:16, 17) Mo godimo ga moo, ya re kgakololo ya yone ga e felelwe ke nako! Baebele ya re: “Lefoko la Modimo le a tshela.”—Bahebera 4:12.

A tota se Baebele e se buang se boammaaruri? A e feletswe ke nako kgotsa a tota ke buka e e nang le kgakololo e e siameng e re e tlhokang gompieno? Boikaelelo jwa makasine ono wa Tora ya Tebelo, o e leng wa ntlha mo go tse di kgethegileng tse di tla latelang, ke go go thusa go bona dikarabo tsa dipotso tseno.