Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithuto Tsa Baebele—Botlhale Jo bo Sa Felelweng ke Nako

Dithuto Tsa Baebele—Botlhale Jo bo Sa Felelweng ke Nako

A RE re o tsamaya mo musiamong o o tletseng ka difikantswe tsa bogologolo. Bontsi jwa tsone di epegile, di onetse e bile di thubegile. Tse dingwe di na le dikarolo tse di seyong. Mme go na le se sengwe se se sa ntseng se siame; sone se bonala sentle go gaisa tse dingwe. O botsa motho yo o go bontshang musiamo o re: “A seno se sesha go gaisa tse dingwe?” O go raya a re: “Nnyaa, se na le dingwaga tse dintsi go di gaisa tsotlhe e bile ga se ise se tlhabololwe.” O mmotsa jaana gape: “A se ne se beilwe golo gongwe kwa go sireletsegileng gone?” O go araba a re: “Nnyaa, ke sone se se neng se itewa ke diphefo e bile se nelwa ke dipula thata. Gape batho ba le bantsi ba lekile go se senya.” O ka tswa o ipotsa gore ‘Tota se dirilwe ka eng?’

Baebele e tshwana le sefikantswe seo se se kgethegileng. Ke buka ya bogologolo thata. Le fa go ntse jalo, go na le dibuka tse dingwe tsa bogologolo. Mme fela jaaka difikantswe tsa bogologolo, bontsi jwa mekwalo ya bogologolo e ile ya senyega fa nako e ntse e ya. Ka sekai, se se buiwang mo dibukeng tseo ka saense, ga se dumalane le tshedimosetso e ntšha e e tshegediwang ka bosupi. Gantsi dikakantsho tsa tsone tsa kalafi di utlwala di le kotsi mme di sa thuse. Gape mekwalo e mentsi ya bogologolo e latlhegile kgotsa e senyegile thata, mme go setse dikapetlanyana tsa yone fela.

Le fa go ntse jalo, Baebele yone e tlhomologile. Le fa e le buka ya bogologolo, molaetsa wa yone ga o ise o fetoge. Le fa e ile ya tlhaselwa makgetlo a le mantsi mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng—e fisiwa, e thibelwa e bile e nyadiwa—molaetsa wa yone ga o ise o fetoge. Tshedimosetso e ntšha e paletswe ke go bontsha gore Baebele e siilwe ke nako e bile Baebele e bua dilo di le dintsi tse di gakgamatsang tse di tla diregang.—Bona lebokoso le le reng “A e Feletswe ke Nako Kgotsa e mo Nakong?

MELAOMETHEO E RE E TLHOKANG GOMPIENO

O ka tswa o ipotsa gore ‘A se Baebele e se rutang se ka re thusa gompieno?’ Go bona karabo ya potso eo, ipotse jaana: ‘Ke mathata afe a magolo a batho ba lebanang le one gompieno? Ke afe a a tshosang thata?’ Gongwe o akanya ka dintwa, kgotlelo, borukhutlhi kgotsa bokebekwa. Jaanong sekaseka melaometheo mengwe ya Baebele. Fa o ntse o dira jalo, ipotse jaana: ‘A go ka bo go se botoka fa batho ba ka bo ba tshela ka melaometheo eno?’

GO RATA KAGISO

“Go itumela ba ba kagiso, e re ka ba tla bidiwa ‘bomorwa Modimo.’” (Mathaio 5:9) “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—Baroma 12:18.

KUTLWELOBOTLHOKO, GO ITSHWARELA

“Go itumela ba ba kutlwelobotlhoko, e re ka ba tla bontshiwa kutlwelobotlhoko.” (Mathaio 5:7) “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa * a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.”—Bakolosa 3:13.

GO DIRISANA LE BATHO BOTLHE

Modimo “o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe.” (Ditiro 17:26) “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:34, 35.

GO TLHOKOMELA LEFATSHE

“Jehofa Modimo a tsaya monna a mmaya mo tshingwaneng ya Edene gore a e leme a ba a e tlhokomele.” (Genesise 2:15) Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.

GO TLHOA BOPELOTSHETLHA LE BOITSHOLO JO BO SA SIAMANG

“Itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe, ka gonne le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona, fela jaaka go tshwanela batho ba ba boitshepo.”—Baefeso 5:3.

GO IKANYEGA LE GO DIRA KA NATLA

“Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla.”—Baefeso 4:28.

BOTLHOKWA JWA GO THUSA BA BA TLHOKANG

“Buang ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo, tshegetsang ba ba bokoa, nnang pelotelele mo go botlhe.” (1 Bathesalonika 5:14) “Tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone.”—Jakobe 1:27.

Baebele ga e bue fela ka melaometheo eno. E re ruta go tsaya melaometheo eo e le botlhokwa le go re bontsha gore re ka e dirisa jang mo botshelong. Fa batho ba le bantsi ba ka bo ba dirisa melaometheo eno, a mathata a bone a ka se fokotsege? Tota melaometheo ya Baebele e maleba e bile e mo nakong! Mme gone, melaometheo ya Baebele e ka go thusa jang gompieno?

KAFA MELAOMETHEO YA BAEBELE E KA GO THUSANG KA GONE GOMPIENO

Monna mongwe yo o botlhale go ba gaisa botlhe o ne a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) A seo ga se boammaaruri? Gore go bonale gore motho o botlhale ke fa a bo dirisa. Ka jalo, o ka ipotsa gore, ‘Fa e le gore Baebele e a thusa, a ga e a tshwanela go tokafatsa botshelo jwa me? E ka nthusa jang go lebana le mathata a me gone jaanong?’ Akanya ka sekai seno.

Delphine * o ne a nna a tshwaregile, e bile a itumelela botshelo. Ka ponyo ya leitlho, o ne a welwa ke masetlapelo ka go latelana. Morwadie o ne a tlhokafala. Lenyalo la gagwe le ne la thubega. O ne a nna le mathata a madi. A re: “Ke ne ke tlhakatlhakane—ke se na ngwana, ke se na monna, ke se na legae. Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe—ke sa ikitse, ke se na maatla e bile ke sa itse gore ke tshelela eng.”

Delphine o ne a kgona go lemoga sentle gore Baebele e bua boammaaruri fa e re: “Malatsi a dingwaga tsa rona ka boone ke dingwaga di le masome a supa; mme fa e le ka ntlha ya thata e e kgethegileng ke dingwaga di le masome a le robedi, le fa go ntse jalo di ganelela mo matshwenyegong le mo dilong tse di utlwisang botlhoko; gonne di tshwanetse go feta ka bonako, mme re fofele koo.”—Pesalema 90:10.

Delphine o ne a batla thuso mo Baebeleng ka dinako tseo tse di thata. E ne ya mo thusa ka tsela e e gakgamatsang. Ditlhogo tse tharo tse di latelang di tla bontsha gore go na le batho ba bangwe ba bantsi ba Baebele e ba thusitseng go lebana le mathata a bone. Ba ile ba lemoga gore Baebele e tshwana le sefikantswe se go builweng ka sone kwa tshimologong. Ga e tshwane le dibuka di le dintsintsi tse di onalang di bo di felelwa ke nako. A seo ke ka gonne Baebele e dirilwe ka tsela e e farologaneng? A e ka tswa e na le dikakanyo tsa Modimo e seng tsa batho?—1 Bathesalonika 2:13.

Gongwe le wena o lemogile gore botshelo bo bokhutshwane e bile bo tletse mathata. Fa o hupediwa ke mathata, o gomodiwa ke eng, o tshegediwa ke eng e bile o bona kae kgakololo e e siameng?

A re bone ditsela di le tharo tse di botlhokwa thata tsa gore Baebele e ka go thusa jang. E ka go ruta go

  1. tila mathata fa go kgonega.

  2. rarabolola mathata fa a nna gone.

  3. itshokela maemo a o ka se kgoneng go a fetola.

Ditlhogo tse tharo tse di latelang di tla tlotla ka dintlha tseno tse tharo.

^ ser. 10 Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.—Pesalema 83:18.

^ ser. 24 Maina mangwe a a mo setlhogong seno le tse tharo tse di latelang, a fetotswe.