Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Re ne Ra Bona ‘Perela ya Tlhwatlhwa e e Kwa Godimo’

Re ne Ra Bona ‘Perela ya Tlhwatlhwa e e Kwa Godimo’

WINSTON le Pamela (Pam) Payne ba direla kwa ofising ya lekala ya Australasia. Ba nnile le botshelo jo bo itumedisang, mme gone, ba ile ba lebana le mathata mangwe. Ba ile ba tshwanelwa ke go tlwaela setso se sesha le go itshokela go swelwa ke lesea. Le fa go ntse jalo, ba ile ba tswelela ba rata Jehofa, batho ba gagwe le bodiredi. Mo potsolotsong eno, re ba kopile gore ba re tlotlele maitemogelo a bone.

Winston, re bolelele gore o bone boammaaruri jang.

Ke goletse mo lelapeng le le sa rateng bodumedi kwa polaseng e e kwa Australia. E re ka re ne re nna kwa lefelong le le kwa thoko, ke ne ke sa kopane le batho ba bangwe thata. Fa ke na le dingwaga di le 12, ke ne ka batla go itse Modimo. Ke ne ka mo rapela, ke mo kopa gore a nthuse gore ke mo itse. Ke ne ka fuduga kwa lapeng mme ka ya go bereka kwa Adelaide. Fa ke na le dingwaga di le 21, ke ne ka kopana le Pam fa ke etetse kwa Sydney. O ne a mpolelela ka lekoko la bodumedi la Boritane le Iseraele le le tlhalosang gore batho ba Boritane ba tlholega mo ditsong tsa bogologolo tsa Baiseraele. Mo godimo ga moo, ba re ditso tseo ke ditso tse di lesome tsa bogosi jo bo kwa bokone jo bo neng bo ile botshwarwa ka lekgolo la borobedi la dingwaga pele Keresete a tla mo lefatsheng. Ka jalo, fa ke boela kwa Adelaide, ke ne ka bua le modirimmogo le nna ka kgang eo. Ka nako eo o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka bua le ene diura di le mmalwa. Re ne re bua thata ka se Basupi ba se dumelang. Morago ga moo, ke ne ka lemoga gore Modimo o araba thapelo ya me ya fa ke sa le mosha. Ke ne ke ithuta ka Mmopi le ka Bogosi! Ke ne ka bona “perela e le nngwe ya tlhwatlhwa e e kwa godimo.”—Math. 13:45, 46.

Pam, le wena o ne wa simolola go batla perela eo o sa le mosha. Go tlile jang gore o e bone?

Ke goletse mo lelapeng le le ratang bodumedi kwa toropong ya Coffs Harbour. Batsadi ba me le borremogolo ba ne ba amogetse dithuto tsa lekoko la bodumedi la Boritane le Iseraele. Nna, nnake le nkgonne, le bontsalaarona re godisitswe re dumela gore Modimo o rata batho ba kwa Boritane. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa dumele seo e bile ke ne ke ikutlwa ke sa atamalana le Modimo. Fa ke na le dingwaga di le 14, ke ne ka ya kwa dikerekeng di le mmalwa go akaretsa kereke ya Anglican, Baptist le ya Seventh-day Adventist. Mme gone, di ne tsa palelwa ke go nthusa go atamalana le Modimo.

Moragonyana, re ne ra fudugela kwa Sydney, kwa ke neng ka kopana le Winston gone. Jaaka a tlhalositse, metlotlo ya rona ya bodumedi e ne ya dira gore a simolole go ithuta le Basupi. Morago ga moo, fa a nkwalela fa re ntse re intsha o ne a tlhola a akaretsa ditemana dingwe tse a di ithutileng. Gone kwa tshimologong ke ne ke tshwenyegile e bile ke galefile. Mme ka iketlo ke ne ka lemoga gore se a se buang ke boammaaruri.

Ka 1962, ke ne ka fudugela kwa Adelaide gore ke nne gaufi le Winston. O ne a nkopetse bonno kwa legaeng la banyalani bangwe ba Basupi e bong Thomas le Janice Sloman ba e neng e kile ya nna barongwa kwa Papua New Guinea. Ba ne ba le lorato tota; ke ne ke na le dingwaga di le 18 fela mme ba ne ba nthusa gore ke itse Jehofa. Ka jalo, le nna ke ne ka simolola go ithuta Lefoko la Modimo mme go ise go ye kae ke ne ka tlhatswega pelo gore ke bone boammaaruri. Fa nna le Winston re sena go nyalana, re ne ra simolola botshelo jo bo molemo tota jwa go direla Jehofa jo bo neng jwa dira gore re anaanele perela eno ya botlhokwa.

Winston, re bolelele ka nako ya fa o ne o simolola go direla Jehofa.

A. Mmapa o o bontshang maeto a rona a tiro ya potologo

B. Ditempe tsa poso tsa kwa ditlhaketlhakeng dingwe. Kiribati le Tuvalu tse pele di neng di bidiwa Ditlhaketlhake Tsa Gilbert le Ellice

C. Setlhaketlhake sa dikorale tse dintle se se bidiwang Funafuti kwa nageng ya Tuvalu. Nngwe ya ditlhaketlhake tse re ileng ra di etela pele barongwa ba abelwa gone

Nakonyana fa re sena go nyalana, Jehofa o ne a simolola go re naya dikabelo tse di kgethegileng. (1 Bak. 16:9) Mokaulengwe Jack Porter yo o neng a direla e le molebedi wa rona wa potologo, o ne a re thusa go lemoga tshiamelo ya rona ya ntlha. (Gone jaanong o direla mo Komiting ya Ofisi ya Lekala la Australasia.) Jack le mosadi wa gagwe, Roslyn ba ne ba re kgothaletsa gore re nne babulatsela ba ka metlha, mme re ne ra itumelela go dira jalo dingwaga di le tlhano. Fa ke na le dingwaga di le 29, nna le Pam re ne ra kopiwa gore re tsene mo tirong ya potologo kwa Ditlhaketlhakeng Tsa South Pacific, tse ka nako eo di neng di okametswe ke ofisi ya lekala la Fiji. Ditlhaketlhake tseo e ne e le American Samoa, Samoa, Kiribati, Nauru, Niue, Tokelau, Tonga, Tuvalu, le Vanuatu.

Ka nako eo, batho ba mo ditlhaketlhakeng dingwe ba ne ba sa tshepe Basupi ba ga Jehofa, ka jalo, re ne ra tshwanelwa ke go nna kelotlhoko. (Math. 10:16) Diphuthego di ne di le dinnye. Ka ntlha ya seo, bakaulengwe ba ne ba sa kgone go naya mongwe le mongwe wa rona boroko. Re ne ra kopa baagi bangwe mo motseng gore re nne le bone mme ba ne ba le lorato.

Winston, o rata tiro ya go ranola. Ke eng se se dirileng gore o e rate?

Kwa Samoa, ke tshwere sekolo sa bagolwane

Fa re simolola go direla kwa setlhaketlhakeng sa Tonga, Basupi ba koo ba ne ba na le dikgatiso di le mmalwa fela ka puo ya bone. Mo bodireding, ba ne ba dirisa buka ya Seesemane ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. Ka jalo, fa go tshwerwe sekolo sa bagolwane sa dibeke di le nnê, bagolwane ba le bararo ba ba neng ba sa itse Seesemane go le kalo ba ne ba dumela go ranolela buka eo mo puong ya kwa Tonga. Pam o ne a thaepa se re se ranotseng, re bo re romela tshedimosetso eo kwa lekaleng la United States gore e gatisiwe. Re ne ra tsaya dibeke di le robedi go e ranola. Le fa gone thanolo ya rona e ne e se molemo go le kalo, buka eo e ne ya thusa batho ba le bantsi gore ba ithute boammaaruri. Nna le Pam ga re baranodi, mme gone, maitemogelo ao a ne a dira gore re rate tiro eno.

Pam, go nna kwa ditlhaketlhakeng tseo go ne go farologane jang le go nna kwa Australia?

Mo re neng re robala gone fa re le mo tirong ya potologo

Go ne go farologane tota! Kwa mafelong mangwe, go ne go na le montsane, go le mogote, go le bongola, go tletse dipeba e bile re ne re tlhola re lwala mme ka dinako dingwe re ne re se na dijo tse di lekaneng. Le fa go ntse jalo, go ne go re kgotsofatsa go leba lewatle go tswa mo ntlong e nnye e re neng re nna mo go yone. Fa ngwedi a tlhagile, re ne re kgona go bona ditlhare tse dintle tsa mokolana e bile marang a ngwedi a ne a phatsima mo metsing a lewatle. Bontle joo bo ne bo dira gore re tlhatlhanye le go rapela, re tlhome mogopolo mo dilong tse di molemo go na le mo mathateng a re nang le one.

Re ne re rata bana, ba ne ba rata go tshameka e bile ba ne ba kgatlhega tota fa ba bona makgoa. Fa re etsetse kwa Niue, mosimanyana mongwe o ne a tshwara letsogo la ga Winston le le tletseng moriri a bo a re, “Ke rata diphuka tsa gago.” Go bonala a ne a ise a bone motho ope yo mongwe yo o nang le moriri o montsi jalo mo matsogong mme o ne a sa itse gore a ka tlhalosa jang se a se bonang!

Re ne re hutsafala tota fa re bona kafa batho ba sotlegang ka gone. Ba ne ba nna mo lefelong le lentle mme gone ba lwala e bile ba se na metsi a a lekaneng. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba rona ba ne ba sa tshwenyege. Ba ne ba tlwaetse. Ba ne ba itumelela go nna le ba malapa a bone, go nna le lefelo la kobamelo le go nna le tshiamelo ya go galaletsa Jehofa. Sekao sa bone se ne sa dira gore re tlhome mogopolo mo dilong tsa botlhokwa le gore re tshele botshelo jo bo motlhofo.

Pam, mo maemong mangwe o ne o tlhoka go ga metsi le go apaya ka tsela e o neng o sa e tlwaela. O kgonne jang?

Kwa Tonga, Pam a tlhatswa diaparo tsa rona

Tota ke leboga rre. O nthutile dilo di le dintsi tse di molemo jaaka go gotsa molelo, go apeela mo go one le go tshela ka dilo di le mmalwa. Nako nngwe fa re etetse kwa Kiribati, re ne ra nna mo ntlong e nnyee e e ruletsweng ka tlhaga mme dipota tsa yone di agilwe ka dikota tsa setlhare. Gore ke apeye, ke ne ke epa khuti e nnye e nka gotsang molelo mo go yone ke bo ke dirisa makakaba a dikhokhanate go gotsa molelo. Fa ke ya go ga metsi, ke ne ke tsamaya le basadi ba lefelo leo kwa sedibeng. Re ne re dirisa thobane e e telele e e nang le mogala e e tshwanang le e e dirisiwang go tshwara ditlhapi gore re ge metsi. Mme go na le go tsenya sekgoge mo mogaleng, go ne go tsenngwa thini. Re ne re refosana, mongwe le mongwe a digela thini kwa tlase, a e sekamisa a bo e tlatsa ka metsi. Ke ne ke ithaya ke re go motlhofo. Ke ne ka leka makgetlo a le mmalwa mme thini ya me e ne e itaya metsi fela e bo e kokobala! Ke ne ka jewa ditshego, mme gone, moragonyana mosadi mongwe a bo a nthusa. Batho ba lefelo leo ba ne ba le lorato tota.

Lo ne lo rata go direla kwa ditlhaketlhakeng. A lo ka re bolelela dilo dingwe tse lo di ratileng thata?

Winston: Go re tsere nako go tlwaela tsela e dilo dingwe di dirwang ka yone. Ka sekai, fa bakaulengwe ba re naya dijo, ba ne ba re naya dijo tsotlhe tsa bone. Mme kwa tshimologong, re ne re sa itse gore fa re ja re tlhoka go ba tlogelela sengwe. Ka jalo, re ne re di ja tsotlhe! Gone fa re sena go lemoga gore go dirwa jang, re ne re ba tlogelela dijo dingwe. Le fa re ne re dira diphoso jalo, ga ba a ka ba re felela pelo. Ba ne ba itumela tota fa ba bona re ba etetse ka beke ya ketelo ka gonne ba ne ba ise ba kopane le Basupi ba mafelo a mangwe.

Kwa Setlhaketlhakeng sa Niue, ke eteletse pele setlhopha sa tshimo

Maeto a rona a ile a neela bosupi jo bo molemo mo metseng eo. Baagi ba le bantsi ba ne ba ithaya ba re Basupi ba mafelo ao ba ne ba itlhametse bodumedi jwa bone. Ka jalo, fa ba bona ba etelwa ke moruti le mosadi wa gagwe ba ba tswang kwa dinageng tse di kgakala, ba ne ba kgatlhega tota ka gonne ba bona gore bodumedi jono bo amega ka maloko a jone.

Pam: Nna sengwe se ke se ratileng thata ke se se diragetseng kwa Kiribati. Phuthego ya teng e ne e na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le mmalwa fela. Mogolwane o ne a le esi fela e bong Itinikai Matera, mme o ne a dira ka natla go re tlhokomela. Nako nngwe o ne a tla ka kgetsana e e nang le lee le le lengwe fela. O ne a re: “Ke lo tletse mpho.” Ka nako eo, mae a koko a ne a bonwa sewelo. Bopelotshweu jwa gagwe bo ne jwa re ama maikutlo.

Pam, dingwaganyana morago ga moo, o ne wa tlhokafalelwa ke lesea. Ke eng se se go thusitseng go itshoka?

Ke ne ka ima ka 1973 fa nna le Winston re ne re le kwa South Pacific. Re ne ra dira tshwetso ya gore re boele kwa Australia, mme dikgwedi di le nnê morago ga moo ngwana wa rona o ne a tlhokafala. Winston le ene o ne a utlwile botlhoko tota. Fa nako e ntse e ya go ne ga nna botoka, mme go ne ga siama fa re amogela makasine wa Tora ya Tebelo wa April 15, 2009. Setlhogo sa one se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” se ne se botsa jaana: “Fa losea lo tlhokafala lo ise lo tsholwe, a go na le tsholofelo epe ya gore losea loo lo tla tsosiwa?” Setlhogo seo se ne sa dira gore re wele makgwafo ka go tlhalosa gore kgang eo e mo diatleng tsa ga Jehofa mme ka metlha o dira se se siameng. O tla fedisa kutlobotlhoko yotlhe e re nang le yone ka gonne re tshela mo lefatsheng leno le le bosula e bile o tla kaela Morwawe gore a ‘senye ditiro tsa ga Diabolo.’ (1 Joh. 3:8) Gape setlhogo seo se ne sa dira gore re anaanele thata “perela” e rona batho ba Modimo re nang le yone. Dithuto tsa boammaaruri di re file tsholofelo e e molemo tota.

Fa lesea la rona le sena go tlhokafala, re ne ra tsenela tirelo ya nako e e tletseng gape. Re ne ra fetsa dikgwedi di le mmalwa re direla kwa Bethele ya Australia mme morago ga moo re bo re tsena mo tirong ya potologo. Ka 1981, fa re sena go direla dingwaga di le nnê kwa New South Wales le kwa Sydney, re ne ra kopiwa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Australia mme re sa ntse re le koo le gompieno.

Winston, a maitemogelo a gago kwa Ditlhaketlhakeng Tsa South Pacific a go thusitse mo tirong ya gago e re ka o le leloko la Komiti ya Lekala la Australasia?

Ee, a nthusitse thata. Sa ntlha, Australia e ne ya kopiwa gore e okamele American Samoa le Samoa. Go tswa foo, ofisi ya lekala ya New Zealand e ne ya kopanngwa le ya Australia. Gone jaanong, ofisi ya lekala ya Australasia e okamela tshimo ya Australia, American Samoa le Samoa, Ditlhaketlhake Tsa Cook, New Zealand, Niue, Timor-Leste, Tokelau, le Tonga. Ke ile ka nna le tshiamelo ya go etela mafelo ano ke le moemedi wa lekala. Go dira le bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ba ikanyegang go nthusa tota e re ka gone jaanong ke direla mo ofising ya lekala.

Winston le Pam kwa ofising ya lekala la Australasia

Mma ke konele ka go re, nna le Pam re lemogile gore ga se bagolo fela ba ba batlang Modimo. Se se re diragaletseng fa re sa le basha se re rutile seo. Basha le bone ba ba- tla ‘perela eo ya tlhwatlhwa e e kwa godimo’ tota le fa ba malapa a bone ba sa kgatlhege. (2 Dikg. 5:2, 3; 2 Ditir. 34:1-3) Eleruri, Jehofa ke Modimo yo o lorato yo o batlang gore batho botlhe, bagolo le basha ba bone botshelo.

Fa nna le Pam re simolola go batla Modimo dingwaga di ka nna 50 tse di fetileng, re ne re sa itse gore seo se tla re solegela molemo go le kana kang. Boammaaruri jwa Bogosi bo tlhwatlhwakgolo tota! Re ikemiseditse go ngangatlela perela eno ka thata ya rona yotlhe!