“Dilo Tseno di Neye Banna ba ba Ikanyegang”
“Dilo tseno di neye banna ba ba ikanyegang, ba le bone ba tla tshwanelegang sentle go ruta ba bangwe.”—2 TIM. 2:2.
PINA: 123, 53
1, 2. Batho ba le bantsi ba ikutlwa jang ka tiro e ba e dirang?
GANTSI batho ba itsiwe ka ditiro tse ba di dirang. Batho ba le bantsi ba tsaya gore tiro e motho a e dirang ke yone e mo nayang seriti. Mo ditsong dingwe, fa batho ba simolola go itsane sentle, gantsi ba botsana jaana: “O bereka kae?”
2 Ka dinako tse dingwe Baebele e tlhalosa batho go ya ka ditiro tse ba neng ba di dira. Ka sekai, e bua ka “Mathaio wa mokgethisi”; “Simone . . . , mosugi wa matlalo”; le “Luke ngaka e e rategang.” (Math. 10:3; Dit. 10:6; Bakol. 4:14) Gape batho bangwe ba itsege ka dikabelo kgotsa ka ditshiamelo tsa bone mo tirelong ya ga Jehofa. Mo Baebeleng go umakiwa Kgosi Dafide, moporofeti Elija le moaposetoloi Paulo. Banna bano ba ne ba tsaya dikabelo tsa bone di le botlhokwa. Le rona re tshwanetse go tsaya dikabelo tse re nang le tsone mo phuthegong di le botlhokwa.
3. Goreng go le botlhokwa gore ba basha ba thapisiwe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
3 Batho ba le bantsi ba rata tiro e ba e dirang e bile ba eletsa go e dira go ya go ile. Ka maswabi, fa e sa le go tloga ka nako ya ga Adame, re a tsofala mme go sala kokomana e nngwe. (Mor. 1:4) Mme seo se bakela Bakeresetse ba boammaaruri mathata. Tiro ya batho ba ga Jehofa e ntse e a oketsega e bile go nna go tlhokega dilo tse dingwe go e dira. Fa re ntse re dira ditiro tse disha tse di amanang le tiro ya go rera, go nna le ditsela tse disha tsa go e dira tse gantsi di tlhokang gore re dirise thekenoloji e e nnang e ntse e fetoga. Go ka nna thata gore Bakeresete ba ba godileng ba tlwaelane le diphetogo tseno. (Luke 5:39) Le fa gone Bakeresete bangwe ba ba godileng ba kgona go tlwaelana le diphetogo tseno, boammaaruri ke gore ba basha * ba matlhagatlhaga go ba gaisa. (Dia. 20:29) Ka jalo, go a tshwanela gore Bakeresete ba ba godileng ba thapise ba basha gore ba nne le dikabelo tse di oketsegileng.—Bala Pesalema 71:18.
4. Ke eng fa go se motlhofo gore bakaulengwe bangwe ba abele ba basha maikarabelo? (Bona lebokose le le reng “ Mabaka A go Bo Bangwe ba sa Abele ba Bangwe Maikarabelo.”)
4 Go ka tswa go se motlhofo gore bakaulegwe ba ba godileng ba abele ba basha maikarabelo. Bangwe ba tshaba go latlhegelwa ke tshiamelo nngwe e ba e ratang. Ba bangwe ba tshwenngwa ke gore ga ba kitla ba nna le taolo le gore ba basha ga ba kgone go dira dilo sentle jaaka bone. Ba bangwe bone ba tlhalosa gore ga ba na nako ya go thapisa ba bangwe. Mme go ntse go le jalo, ba basha ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba fela pelo fa ba sa newe maikarabelo a a oketsegileng.
5. Re tla sekaseka dipotso dife mo setlhogong seno?
5 Mma re sekaseke dintlha tse pedi ka kgang eno ya go abela ba bangwe maikarabelo. Sa ntlha, bakaulengwe ba ba godileng ba ka thusa jang ba basha gore ba nne le maikarabelo a a oketsegileng, mme ke ka ntlha yang fa seo se le botlhokwa? (2 Tim. 2:2) Sa bobedi, ke eng fa go le botlhokwa gore ba basha ba nne le boikutlo jo bo siameng fa ba ntse ba thusa bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo le fa ba ntse ba ithuta mo go bone? Mma re simolole ka go sekaseka kafa Kgosi Dafide a ileng a thusa morwawe ka gone gore a kgone go dira kabelo nngwe ya botlhokwa.
DAFIDE O NE A THUSA SOLOMONE GORE A IPAAKANYE
6. Kgosi Dafide o ne a batla go dira eng, mme Jehofa o ne a ntsha taelo efe?
6 Morago ga dingwaga Dafide a ntse a tshelela go tshaba, o ne a nna kgosi e bile a nna mo 1 Ditir. 17:1-4, 8, 11, 12; 29:1.
ntlong ya manobonobo. E re ka go ne go se na “ntlo” kgotsa tempele e e agetsweng Jehofa, o ne a tshwenyegile e bile a utlwile botlhoko, ka jalo, o ne a batla go e aga. O ne a bolelela moporofeti Nathane jaana: “Bona, ke nna mo ntlong ya masedara, mme letlole la kgolagano ya ga Jehofa le kafa tlase ga matsela a mogope.” Nathane o ne a mo araba a re: “Sengwe le sengwe se se mo pelong ya gago, se dire, gonne Modimo wa boammaaruri o na le wena.” Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a batla gore go direge sengwe se se farologaneng. O ne a laela Nathane gore a bolelele Dafide jaana: “Ga e kitla e nna wena yo o tla nkagelang ntlo e ke tla nnang mo go yone.” Le fa gone Jehofa a ile a tlhomamisetsa Dafide gore O tla tswelela a mo segofatsa, Modimo o ne a laela gore morwa Dafide e bong Solomone e nne ene a agang tempele. Dafide o ne a dira eng?—7. Dafide o ne a dira eng fa a sena go utlwa taelo ya ga Jehofa?
7 Dafide o ne a thusa morwawe mme ga a ka ngongoregela gore ga a newa tshiamelo ya go aga tempele. Tota e bile, tempele eo e ne ya bidiwa ka leina la ga Solomone e seng la ga Dafide. Le fa gone Dafide a ne a kgobegile marapo, o ile a tshegetsa tiro eo ya go aga. O ne a rulaganya badiri ba ba tla agang mme a phutha tshipi, kgotlho, selefera, gouta le dikota tsa mosedara. Mo godimo ga moo, o ne a kgothatsa Solomone jaana: “Jaanong morwaaka, e kete Jehofa a ka nna le wena, mme o atlege o age ntlo ya ga Jehofa Modimo wa gago, fela jaaka a buile kaga gago.”—1 Ditir. 22:11, 14-16.
8. Ke eng fa Dafide a ka tswa a ne a akanya gore Solomone ga a tshwanelege, le fa go ntse jalo, o ne a dira eng?
8 Bala 1 Ditiragalo 22:5. Dafide a ka tswa a ne a akanya gore Solomone ga a tshwanelege go okamela tiro e e botlhokwa jalo. Kana e bile, tempele e ne e tlile go nna “kgolo [go] gaisa” mme ka nako eo, Solomone o ne a le “mmotlana e bile [a le] bokoa [kgotsa a se na maitemogelo].” Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a itse gore Jehofa o ne a tla thusa Solomone gore a kgone go dira tiro e a e abetsweng. Ka jalo, Dafide o ne a tlhoma mogopolo mo tirong e a neng a ka kgona go e dira, e leng go phutha dilwana tse dintsi tsa go aga.
ITUMELELE GO THAPISA BA BANGWE
9. Bakaulengwe ba ba godileng ba ka itumelela jang go naya ba bangwe maikarabelo a bone? Naya sekai.
9 Bakaulengwe ba ba godileng ga ba a tshwanela go kgobega marapo fa ba tshwanelwa ke go abela bakaulengwe ba basha dikabelo tsa bone. Go na le moo, fa ba basha ba thapisiwa gore ba kgone go sikara maikarabelo, seo se tla dira gore tiro e kgone go tsamaya sentle. Bakaulengwe ba ba eteletseng pele ba tshwanetse go kgotsofala fa ba basha ba ba ba thapisitseng ba tshwanelegela go dira tiro e e kileng ya bo e dirwa ke bone. Ka sekai, akanya ka rre yo o rutang morwawe go kgweetsa koloi. Fa mosimane yono a sa ntse a le monnye, o lebelela fela se rraagwe a se dirang. Mme fa a gola, rraagwe o mo supetsa se a se dirang. Go tswa foo, fa mosimane yoo a tshwara dingwaga tse di mo molaong tsa go kgweetsa, o simolola go kgweetsa koloi fa rraagwe a ntse a mo ruta mo go oketsegileng. Ka dinako tse dingwe ba ka nna ba refosana fa ba kgweetsa, mme
kwa bofelong morwa yono ke ene a tlileng go kgweetsa bontsi jwa nako e re ka rraagwe a setse a tsofala. Rre yono yo o botlhale o itumelela gore morwawe o mo thusa go kgweetsa mme ga a ikutlwe a patelesega go kgweetsa nako yotlhe. Ka tsela e e tshwanang, bakaulengwe ba ba godileng ba motlotlo ka ba basha ba ba ba thapisitseng gore ba nne le maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong.10. Moshe o ne a ikutlwa jang ka maemo kgotsa maikarabelo?
10 Bakaulengwe ba ba godileng ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba se ka ba nna lefufa. Ela tlhoko se Moshe a ileng a se dira fa batho bangwe mo bothibelelong jwa Iseraele ba ne ba simolola go itshwara jaaka baporofeti. (Bala Dipalo 11:24-29.) Modiredi wa ga Moshe e bong Joshua, o ne a batla go ba thiba. O ne a akanya gore batho bano ba batla go tseela Moshe maemo kgotsa maikarabelo. Le fa go ntse jalo Moshe o ne a re: “A lo a mphufegela? Nnyaa, ke eletsa e kete batho botlhe ba ga Jehofa e ka bo e le baporofeti, ka gonne Jehofa o ne a tla baya moya wa gagwe mo go bone!” Moshe o ne a lemoga gore Jehofa ke ene a neng a dirile gore seo se direge. Go na le gore Moshe a ipatlele kgalalelo, o ne a tlhalosa gore o eletsa gore batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba newe dikabelo. Fela jaaka Moshe, a ga re itumele fa ba bangwe ba newa ditshiamelo tse gongwe re ka bong re di neilwe?
11. Mokaulengwe mongwe o ne a reng ka go naya mokaulengwe yo mongwe maikarabelo a gagwe?
11 Gompieno go na le bakaulengwe ba le bantsi ba ba ileng ba dira ka natla dingwaga di le dintsi mme ba thusa ba bangwe gore ba nne le maikarabelo a a oketsegileng. Ka sekai, mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Peter o ne a le mo tirelong ya nako e e tletseng dingwaga di le 74, mme dingwaga di le 35 tsa dingwaga tseo, o ne a di fetsa a le kwa ofising ya lekala ya kwa Yuropa. Go fitlha ga jaana, Peter e ntse e le molebedi wa Lefapha la Tirelo. Le fa go ntse jalo, gone jaanong mokaulengwe yo monnye mo go ene e bong Paul, yo o ileng a bereka le ene dingwaga di le mmalwa, ke ene a dirang kabelo eno. Fa Peter a bodiwa gore o ikutlwa jang e re ka kabelo ya gagwe e dirwa ke motho yo mongwe, o ne a re: “Ke itumetse tota ka gonne go na le bakaulengwe ba ba thapiseditsweng go nna le maikarabelo a a oketsegileng le gore ba dira dikabelo tsa bone ka tsela e e molemo.”
ANAANELA BA BA GODILENG
12. Re ithuta eng mo pegong ya ga Rehoboame e e kwadilweng mo Baebeleng?
12 Fa Solomone a sena go tlhokafala, morwawe e bong Rehoboame o ne a nna kgosi. Fa Rehoboame a ne a tlhoka kgakololo ya gore a ka dira maikarabelo a gagwe jang, o ne a botsa pele banna ba ba godileng. Mme o ne a gana kgakololo ya bone! Go na le moo, o ne a reetsa kgakololo ya makawana a a godileng le ene a jaanong a neng a mo direla. Go ne ga nna maswe. (2 Ditir. 10:6-11, 19) Re ithuta eng? Go molemo go batla le go tsaya tsia kgakololo ya bakaulengwe ba ba godileng e bile ba na le maitemogelo. Le fa gone ba basha ba sa tshwanela go ikutlwa ba patelesega go dirisa mekgwa ya bogologolo ya go dira dilo, ga ba a tshwanela go nna bonako go gana kgakololo ya ba ba godileng.
13. Bakaulengwe ba basha ba tshwanetse go dirisana jang le ba ba godileng?
13 Bakaulengwe bangwe ba basha ba ka tswa ba eteletse pele ditiro dingwe tse mo go tsone go nang le bakaulengwe ba ba godileng. Le fa gone bakaulengwe bao e le bone ba eteletseng pele, ba ka solegelwa molemo ke go kopa dikgakololo mo bakaulengweng ba ba godileng fa ba dira ditshwetso. Paul, yo o umakilweng pelenyana, yo jaanong a dirang kabelo e e neng e dirwa ke Peter ya go okamela lefapha lengwe la Bethele, a re: “Ke ne ka ipha nako ya go kopa kgakololo mo go Peter mme ke ne ka kgothaletsa ba bangwe mo lefapheng la rona gore ba dire se se tshwanang.”
14. Re ithuta eng mo tseleng e Timotheo le moaposetoloi Paulo ba neng ba dirisana ka yone?
14 Lekawana lengwe le le bidiwang Timotheo, le ne le dira mmogo le moaposetoloi Bafilipi 2:20-22.) Paulo o ne a kwalela Bakorintha jaana: “Ke [roma] Timotheo kwa go lona, ka e le ngwanake yo o rategang le yo o ikanyegang mo Moreneng; mme o tla lo gopotsa mekgwa ya me ka ga Keresete Jesu, fela jaaka ke ruta gongwe le gongwe mo phuthegong nngwe le nngwe.” (1 Bakor. 4:17) Mafoko ano a bontsha gore Paulo le Timotheo ba ne ba atamalane thata. Paulo o ne a iphile nako ya go ruta Timotheo “mekgwa ya [gagwe] ka ga Keresete.” Timotheo o ne a reetsa ka kelotlhoko se Paulo a neng a mo ruta sone e bile Paulo o ne a mo rata fela thata, ka jalo, o ne a tlhomamisegile gore Timotheo a ka kgona go nonotsha tumelo ya bakaulengwe ba kwa Korintha. Ruri seno ke sekao se se molemo se bagolwane ba ka se etsang fa ba ntse ba thapisa bakaulengwe ba bangwe gore ba etelele pele mo phuthegong!
Paulo dingwaga di le dintsi. (BalaROTLHE RE NA LE SEABE SA BOTLHOKWA
15. Kgakololo e Paulo a neng a e naya Bakeresete ba kwa Roma, e tshwanetse go re thusa jang fa go nna le diphetogo?
15 Re tshela mo dinakong tse di itumedisang. Karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa, e gola ka ditsela tse dintsi mme seno se dira gore dilo dingwe di fetolwe. Fa diphetogo di ntse di dirwa, a re nneng boikokobetso, e bile re nne re etse tlhoko gore re dira dilo tse Jehofa a di batlang e seng tse rona re di batlang. Go dira jalo go dira gore re nne seoposengwe. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone; mme a akanye gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle, mongwe le mongwe kafa Modimo a mo abetseng selekanyo sa tumelo ka gone. Gonne fela jaaka re na le ditokololo di le dintsi mo mmeleng o le mongwe, mme e se ditokololo tsotlhe tse di dirang tiro e le nngwe fela, jalo rona, le mororo re le bantsi, re mmele o le mongwe o o seoposengwe le Keresete.”—Bar. 12:3-5.
16. Bakaulengwe ba ba godileng, bakaulengwe ba basha le basadi ba bone, ba ka dira eng gore go nne go na le kagiso le kutlwano mo phuthegong ya ga Jehofa?
16 Ka jalo, go sa kgathalesege maemo a re leng mo go one, a rotlhe re tlhomeng mogopolo mo dilong tse di direlwang Bogosi Jwa ga Jehofa. Lona bakaulengwe ba ba godileng, thapisang ba basha go dira tiro e lo e dirang. Lona bakaulengwe ba basha, amogelang maikarabelo, nnang boingotlo mme lo nne lo tlotle bakaulengwe ba ba godileng. Mme lona basadi, etsang sekao sa mosadi wa ga Akhwila, e bong Perisila yo o neng a tsamaya le Akhwila le go mo ema nokeng fa maemo a bone a ntse a fetoga.—Dit. 18:2.
17. Jesu o ne a itse gore barutwa ba gagwe ba tla dira eng, mme o ile a ba thapisa gore ba dire eng?
17 Jesu o tlhomile sekao se sentle fa go tla mo kgannyeng ya go thapisa ba bangwe gore ba nne le maikarabelo a a oketsegileng. O ne a itse gore tiro ya gagwe ya mo lefatsheng e ne e tla tloga e khutla le gore ba bangwe ba ne ba tla tsweletsa tiro eo. Le fa gone barutwa ba gagwe ba ne ba sa itekanela, o ne a ba tshepa e bile o ne a ba bolelela gore ba tla dira ditiro tse di gaisang tse a di dirileng. (Joh. 14:12) O ile a ba thapisa sentle, mme ba ne ba rera dikgang tse di molemo mo mafelong a mantsi.—Bakol. 1:23.
18. Re tlile go nna le isagwe e e ntseng jang, mme ke eng se re ka se dirang gone jaanong?
18 Fa Jesu a sena go swa loso lwa go intsha setlhabelo, o ne a tsosediwa kwa legodimong mme a newa tiro e e oketsegileng le taolo “kwa godimodimo ga puso nngwe le nngwe le taolo le maatla le borena.” (Baef. 1:19-21) Fa re swa re ikanyega pele Haramagedona e tla, re tla tsosediwa mo lefatsheng le lesha la tshiamo, le mo go lone go tla bong go na le tiro e ntsi e e kgotsofatsang. Le fa go ntse jalo, gone jaanong go na le tiro e e botlhokwa e rotlhe re tshwanetseng go e dira e leng tiro ya go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa. E ka ne re basha kgotsa re godile, e kete rotlhe re ka tswelela re “na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.”—1 Bakor. 15:58.
^ ser. 3 Mo setlhogong seno, polelwana e e reng ‘ba basha’ ga e bue ka basha fela mme gape e akaretsa batho ba ba setseng ba godile mme ba ise ba nne le maikarabelo mo phuthegong.