Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lelang le Batho ba ba Lelang”

“Lelang le Batho ba ba Lelang”

“Nnang lo gomotsane lo bo lo agane.”—1 BATHES. 5:11.

PINA: 121, 75

1, 2. Ke eng fa re tlhoka go sekaseka kafa re ka gomotsang batho ba ba tlhokafaletsweng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

MOSADI mongwe yo o bidiwang Susi, o ne a re: “Ngwaga morago ga loso lwa morwaarona, re ne re sa ntse re utlwile botlhoko fela thata.” Mokeresete yo mongwe a re fa mosadi wa gagwe a sena go tlhokafala, o ne a utlwa botlhoko jo a sa kgoneng go bo tlhalosa. Ka maswabi, batho ba le bantsi le bone ba utlwa botlhoko ka tsela eno. Bakeresete ba le bantsi ba ne ba sa lebelela gore ba tla tlhokafalelwa ke batho ba ba ba ratang mo tsamaisong eno. Le fa o ka tswa o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang kgotsa o itse mongwe yo o tlhokafaletsweng, o ka ipotsa jaana: ‘Batho ba ba tlhokafaletsweng ba ka thusiwa jang gore ba gomotsege?’

2 Gongwe o kile wa utlwa mongwe a bolelelwa gore o tla ikutlwa botoka morago ga nakonyana. Le fa go ntse jalo, a ke boammaaruri gore nako ka boyone fela e ka dira gore motho yo o utlwileng botlhoko a ikutlwe botoka? Motlholagadi mongwe o ne a re: “Ke bone go le botoka go tlhalosa gore fa motho a dira sengwe ka nako e a leng mo khutsafalong ka yone, seo se tla mo thusa gore a gomotsege.” Eleruri, fela jaaka ntho, botlhoko jwa mo maikutlong bo ka okobala fa nako e ntse e ya fa fela motho a itlhokomela. Ke eng se se ka thusang batho ba ba tlhokafaletsweng gore ba gomotsege?

JEHOFA KE “MODIMO WA KGOMOTSO YOTLHE”

3, 4. Ke eng fa re ka re Jehofa o tlhaloganya tsela e motho yo o tlhokafaletsweng a ikutlwang ka yone?

3 Ga go na pelaelo gore motswedi wa konokono wa kgomotso ke Rraarona yo o lorato e bong Jehofa. (Bala 2 Bakorintha 1:3, 4.) E re ka Jehofa e le sekao se se di gaisang tsotlhe sa go amega ka batho, o raya batho ba gagwe a re: “Ke nna yo o lo gomotsang.”—Isa. 51:12; Pes. 119:50, 52, 76.

4 Rraarona yo o kutlwelobotlhoko le ene o a itse gore go ntse jang go tlhokafalelwa ke ba a ba ratang, ba ba jaaka Aborahame, Isake, Jakobe, Moshe le Kgosi Dafide. (Dipa. 12:6-8; Math. 22:31, 32; Dit. 13:22) Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore Jehofa o tlhologelelwa nako e mo go yone a tlileng go ba tsosa mo baswing. (Jobe 14:14, 15) Batho bano ba tlile go itumela le go nna le botsogo jo bo molemo. Gape gopola gore Morwa yo o rategang wa Modimo “yo o neng a ratwa ke ene ka tsela e e kgethegileng,” o ne a swa loso lo lo botlhoko. (Dia. 8:22, 30) Eleruri ga re ka ke ra kgona go tlhalosa kafa Jehofa a tshwanetseng a bo a ile a utlwa botlhoko ka gone.—Joh. 5:20; 10:17.

5, 6. Jehofa a ka re gomotsa jang?

5 Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re thusa. Ka jalo, ga re a tshwanela go okaoka go mmulela mafatlha ka thapelo re mo tlhalosetsa kutlobotlhoko e re lebaneng le yone. Ruri go a gomotsa go itse gore Jehofa o tlhaloganya botlhoko jo re bo utlwang le gore o re naya kgomotso e re e tlhokang! Mme gone, o dira seo jang?

6 Tsela nngwe e Modimo a re thusang ka yone ke ka go re ‘gomotsa ka moya o o boitshepo.’ (Dit. 9:31) Maatla ano a Modimo a ka re gomotsa fela thata. Jesu o ne a re solofetsa gore Rraarona yo o kwa legodimong o tla “naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang.” (Luke 11:13) Susi, yo re buileng ka ene pelenyana, a re: “Go nnile le dinako tse dintsi tse mo go tsone re ileng ra rapela Jehofa re mo kopa gore a re gomotse. Nako le nako, kagiso ya Modimo e ne e disa dipelo tsa rona le mogopolo wa rona.”—Bala Bafilipi 4:6, 7.

JESU KE MOPERESITI YO MOGOLO YO O KUTLWELOBOTLHOKO

7, 8. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jesu o tla re gomotsa?

7 Tsela e Jehofa a leng kutlwelobotlhoko ka gone, e ne ya bonala sentle mo dilong tse Morwawe yo o lorato e bong Jesu a neng a di bua le tse a neng a di dira fa a ne a le mo lefatsheng. (Joh. 5:19) Jesu o ne a romelwa gore a tle a gomotse “ba ba dipelo di phatlogileng” le “botlhe ba ba hutsafetseng.” (Isa. 61:1, 2; Luke 4:17-21) Ka jalo, go ne go itsege gore ke motho yo o kutlwelobotlhoko, e leng boikutlo jwa go itse tsela e ba bangwe ba bogang ka yone le go nna le keletso e kgolo ya go fedisa pogo eo.—Baheb. 2:17.

8 Fa Jesu a sa ntse a le monnye, ga go pelaelo gore o ne a tshwanelwa ke go itshokela go tlhokafalelwa ke ba masika le ditsala. Go bonala rraagwe yo o mo godisitseng e bong Josefa, a ile a tlhokafala fa Jesu a sa ntse a le monnye. * Akanya kafa Jesu yo gongwe a neng a le mo dingwageng tsa bolesome kgotsa mo masimologong a dingwaga tsa bo20, a ileng a tshwanelwa ke go itshokela kutlobotlhoko ya gagwe, ya ga mmaagwe le ya bana ba kwa gabone.

9. Jesu o ne a bontsha kutlwelobotlhoko jang fa Lasaro a sena go tlhokafala?

9 Fa Jesu a ne a ya go rera, o ne a dira jalo a na le temogo e kgolo e bile a utlwela ba bangwe botlhoko. Ka sekai, akanya ka nako ya loso lwa tsala ya gagwe e bong Lasaro. Le fa gone Jesu a ne a itse gore o tlile go tsosa Lasaro, o ne a utlwa botlhoko jwa go tlhokafalelwa jo Marea le Maratha ba neng ba le mo go jone. O ne a amegile maikutlo thata jaana mo a neng a rothisa keledi.—Joh. 11:33-36.

10. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jesu o tla re utlwela botlhoko?

10 Tsela e Jesu a neng a le kutlwelobotlhoko ka yone le mafoko a gagwe a kgomotso, a re thusa jang gompieno? Baebele e re tlhomamisetsa gore “Jesu Keresete e ntse ke ene maabane le gompieno, le ka bosaengkae.” (Baheb. 13:8) E re ka “Moemedi yo Mogolo wa botshelo” a itse gore go ntse jang go tlhokafalelwa, “o kgona go tswa ba ba lekwang thuso.” (Dit. 3:15; Baheb. 2:10, 18) Ka jalo, re ka tlhomamisega gore Keresete o sa ntse a amiwa ke kutlobotlhoko ya batho ba bangwe, o tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone e bile o kgona go ba gomotsa “ka nako e e tshwanetseng.”—Bala Bahebera 4:15, 16.

“KGOMOTSO YA DIKWALO”

11. Ke ditemana dife tsa Baebele tse di go gomotsang thata?

11 Pego e e tlhalosang kafa Jesu a ileng a utlwa botlhoko ka gone ka nako ya loso lwa ga Lasaro, ke nngwe ya dipego tse dintsi tsa Baebele tse di gomotsang. Mme seo ga se gakgamatse “gonne dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Bar. 15:4) Fa e le gore o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang, o ka kgona go gomodiwa ke ditemana tse di tshwanang le tseno:

  • “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pes. 34:18, 19.

  • “Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa gago [Jehofa] di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.”—Pes. 94:19.

  • “E kete Morena wa rona Jesu Keresete ka boene le Modimo Rraarona, yo o neng a re rata a ba a naya kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, a ka gomotsa dipelo tsa lona a ba a lo nitamisa.”—2 Bathes. 2:16, 17. *

PHUTHEGO KE MOTSWEDI WA KGOMOTSO E E KGOLO

12. Tsela ya botlhokwa e re ka gomotsang ba bangwe ka yone ke efe?

12 Selo se sengwe se se ka gomotsang batho ba ba tlhokafaletsweng, ke phuthego ya Bokeresete. (Bala 1 Bathesalonika 5:11.) O ka nonotsha le go gomotsa jang batho ba ba “moya o o hutsafetseng”? (Dia. 17:22) Gopola gore go na le “nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Mor. 3:7) Motlholagadi mongwe yo o bidiwang Dalene a re: “Batho ba ba tlhokafaletsweng ba tlhoka go ntsha se se mo mafatlheng a bone. Ka jalo, selo sa botlhokwa se o ka se dirang go ba thusa, ke go ba reetsa o sa ba tsene ganong.” Junia yo kgaitsadie a ileng a ipolaya, a re: “Le fa gone o sa kgone go tlhaloganya sentle gore motho yoo o utlwile botlhoko go le kae, sa botlhokwa ke gore o batla go tlhaloganya gore o ikutlwa jang.”

13. Ke eng se re tshwanetseng go se gopola ka kutlobotlhoko?

13 Gape gopola gore batho ba utlwa botlhoko ka ditsela tse di sa tshwaneng. Ka dinako dingwe, ke motho yoo fela a tlhaloganyang botlhoko jo a leng mo go jone mme go ka nna thata gore a kgone go ntsha se se mo mafatlheng a gagwe. Lefoko la Modimo le a re: “Pelo e lemoga botlhoko jwa moya wa motho, mme ga go na motswakwa ope yo o tla itlhakanyang le go ipela ga yone.” (Dia. 14:10) Le fa gone motho yoo a ka leka go tlhalosa gore o ikutlwa jang, ga se ka metlha go leng motlhofo go tlhaloganya se a se buang.

14. Re ka reng go gomotsa batho ba ba tlhokafaletsweng?

14 Ka jalo, go a tlhaloganyesega gore go ka nna thata go itse gore o tshwanetse go reng fa o na le motho yo o utlwileng botlhoko thata. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re “loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” (Dia. 12:18) Batho ba le bantsi ba ile ba dirisa mafoko a a gomotsang a a mo boroutšhareng jwa setlhogo se se reng, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. * Le fa go ntse jalo, go le gantsi selo se se molemo se o ka se dirang, ke go ‘lela le batho ba ba lelang.’ (Bar. 12:15) Gaby, yo monna wa gagwe a tlhokafatseng, a re: “Selelo se nkama pelo tota. Ke ka moo ke gomotsegang thata fa ditsala tsa me di lela le nna. Seo se dira gore ke ikutlwe ke ratiwa.”

15. Re ka gomotsa ba bangwe jang fa re bona go le thata go bua le bone ka tlhamalalo? (Bona lebokoso le le reng, “ Mafoko a a Gomotsang.”)

15 Fa e le gore o bona go le thata go bua sengwe ka tlhamalalo, gongwe go ka nna motlhofo gore o romelele motho yoo karata e e gomotsang, e-mail, molaetsa wa founo kgotsa o mo kwalele lekwalo. O ka nna wa nopola temana nngwe e e gomotsang, wa umaka nonofo nngwe e e molemo e motho yo o tlhokafatseng a neng a na le yone kgotsa wa bua ka tiragalo nngwe e e itumedisang kaga gagwe. Junia a re: “Go amogela molaetsa o o kgothatsang kgotsa go lalediwa ke Mokeresete mongwe gore ke ye go fetsa fetsa nako le ene, ruri go a nthusa. Seno se dira gore ke ikutlwe ke ratiwa.”

16. Ke tsela efe e e molemo e o ka gomotsang ba bangwe ka yone?

16 O se ka wa nyatsa botlhokwa jwa go rapela le Mokeresetemmogo le wena yo o tlhokafaletsweng kgotsa go mo rapelela. Le fa gone go le thata go rapela fa o le mo maemong ao, fa o rapela go tswa pelong, gongwe e bile o dira jalo o lela kgotsa o kwakwaetsa, seno se ka gomotsa motho yo o tlhokafaletsweng fela thata. Dalene a re: “Ka dinako dingwe fa bokgaitsadi ba tlile go nkgomotsa, ke ba kopa gore ba rapele. Gantsi fa ba simolola go rapela, ba thatafalelwa ke go bua, mme fa ba ntse ba tsweletse, ba simolola go bua sentle ba bo ba rapela ka tsela e e amang pelo tota. Tumelo ya bone e e nonofileng, lorato lwa bone le tsela e ba amegang ka nna ka yone, ruri di ile tsa nonotsha tumelo ya me.”

NNA O GOMOTSA BA BANGWE

17-19. Ke eng fa go tlhokega gore re nne re gomotsa ba bangwe?

17 Batho ba hutsafala ka ditsela tse di sa tshwaneng. Ka jalo, nna o iketleeleditse go ba ema nokeng, e seng fela ka malatsi a ntlha a le mmalwa fa ba masika le ditsala ba le gone, mme dira jalo le mo dikgweding tsa morago ga moo fa ba bangwe ba setse ba tsamaile. Baebele ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Dia. 17:17) Bakeresete ba ka kgona go gomotsa motho yo o tlhokafaletsweng go sa kgathalasege gore go tsaya motho yoo nako e e kana kang gore a ikutlwe botoka.—Bala 1 Bathesalonika 3:7.

18 Gopola gore batho ba ba tlhokafaletsweng ba ka utlwa botlhoko fa e nna malatsi mangwe a a rileng jaaka letsatsi la lenyalo, fa ba utlwa mmino mongwe, ba bona ditshwantsho dingwe, ba dira ditiro dingwe kgotsa le e leng monko o o rileng kgotsa paka nngwe mo ngwageng. Go na le dilo di le dintsi tse molekane yo o tlhokafaletsweng a simololang go di dira a le nosi, jaaka go ya kwa kopanong kgotsa kwa Segopotsong, mme seno se ka mo utlwisa botlhoko tota. Mokaulengwe mongwe yo o tlhokafaletsweng ke mosadi, a re: “Ke ne ke solofetse gore letlha la letsatsi la rona la lenyalo morago ga loso lwa gagwe lo ne lo tla utlwisa botlhoko, ruri go ne go le thata. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba rulaganya kokoano e nnye ya ditsala tsa me gore ke se ka nna ke le nosi.”

19 Le fa go ntse jalo, gopola gore batho ba ba tlhokafaletsweng ba tlhoka go kgothadiwa ka dinako tsotlhe. Junia a re: “Gantsi fa motho yo o tlhokafaletsweng a newa thuso e bile a bontshiwa lorato ka nako ya fa e se malatsi mangwe a a kgethegileng, seo se mo solegela molemo tota. Dinako tse di ntseng jalo tse di sa rulaganngwang di a itumedisa e bile di a gomotsa.” Gone ke boammaaruri gore re ka se fedise kutlobotlhoko yotlhe e motho yo o tlhokafeletsweng a e utlwang, le fa go ntse jalo, re ka kgona go mo gomotsa ka go mo direla dilo dingwe. (1 Joh. 3:18) Gaby a re: “Ruri ke leboga Jehofa ka ntlha ya bagolwane ba ba lorato ba ba ileng ba nthusa kgato ka kgato le fa gone go ne go le boima. Ba dirile gore ke lemoge gore ruri Jehofa o a nthata.”

20. Ke eng fa ditsholofetso tsa ga Jehofa di gomotsa thata?

20 Ruri go a itumedisa go itse gore Modimo wa kgomotso yotlhe e bong Jehofa, o tla fedisa kutlobotlhoko yotlhe le go gomotsa ba ba tlhokafaletsweng go ya go ile fa ‘botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba utlwa lentswe la ga Keresete mme ba tswa’! (Joh. 5:28, 29) Modimo o solofetsa gore “o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.” (Isa. 25:8) Ka nako eo, batho botlhe mo lefatsheng ga ba kitla ba tlhoka go ‘lela le batho ba ba lelang,’ go na le moo, ba tla ‘ipela le batho ba ba ipelang.’—Bar. 12:15.

^ ser. 8 Lekgetlo la bofelo go buiwa ka Josefa, ke fa Jesu a ne a na le dingwaga di le 12. Fa Jesu a ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha ya go fetola metsi go nna beine, ga go buiwe sepe ka Josefa ka nako eo kgotsa ka nako epe morago ga moo. Fa Jesu a ne a le mo koteng ya tlhokofatso, o ne a kopa moaposetoloi Johane gore a tlhokomele Marea. O ne a ka se ka a dira jalo fa e le gore Josefa o ne a sa ntse a tshela.—Joh. 19:26, 27.

^ ser. 14 Gape bona setlhogo se se reng, “Gomotsa ba ba Swetsweng, Jaaka Jesu A ne A Dira” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 1, 2010.