Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Go na le bosupi bofe jo bongwe jo bo bontshang gore Baiseraele e ne e le makgoba kwa Egepeto?

Baebele ya re fa Bamidiana ba sena go isa Josefa kwa Egepeto, Jakobe le ba lelapa la gagwe ba ne ba fudugela teng. Ba ile ba nna kwa motseng wa Goshene o o neng o le mo molomong wa Noka ya Nile. (Gen. 47:1, 6) Baebele ya re Baiseraele ba ne “ba nna ba ntsifala ba bo ba nna thata go feta pele.” Baegepeto ba ne ba simolola go boifa Baiseraele ka jalo, ba ile ba ba dira makgoba.—Ekes. 1:7-14.

Batho bangwe ga ba dumele pego eno ya Baebele e bile ba re ke tlhamane fela. Le fa go ntse jalo, go na le bosupi jo bo bontshang gore ditlogolwana tsa ga Sheme * e ne e le makgoba kwa Egepeto wa bogologolo.

Ka sekai, baithutamarope ba ile ba fitlhela marope a metse ya bogologolo kwa bokone jwa Egepeto. John Bimson a re go na le bosupi jwa gore go ne go na le metse ya ditlogolwana tsa ga Sheme e ka nna 20 kgotsa go feta kwa kgaolong eo. James K. Hoffmeier a re: “Mo dingwageng tsa bo1800 go ya go 1540 B.C., batho ba kwa Asia bophirima ba ba buang Se-Semite ba ne ba rata go fudugela kwa Egepeto.” Gape a re: “Dingwaga tseno di tsamaisana le dingwaga tse Aborahame, Isake le Jakobe ba tshetseng ka tsone e bile di tsamaisana le se go buiwang ka sone mo bukeng ya Genesise.”

Go na le bosupi jo bongwe gape jo bo tswang kwa borwa jwa Egepeto. Go na le papirase kgotsa pampiri e e tshwanang le letlalo ya dingwaga tsa bo2000 go ya go 1600 B.C.E. e e nang le maina a makgoba a a neng a bereka mo ntlong nngwe kwa borwa jwa Egepeto. Maina a feta 40 mo go one ke a Se-Semite. Makgoba ao e ne e le baapei, balogi gape ba ne ba dira ditiro tse dingwe. Hoffmeier a re: “E re ka go ne go na le makgoba a feta 40 a Ba-Semite mo ntlong e le nngwe kwa borwa jwa Egepeto, ga go pelaelo gore go ne go na le makgoba a le mantsi thata mo Egepeto yotlhe.”

Moithutamarope mongwe e bong David Rohl a re maina mangwe a makgoba ao, a tshwana le maina a go buiwang ka one mo Baebeleng. Ka sekai, a re papirase eo e na le maina a a tshwanang le maina a a jaaka Isakare, Ashera le Shifera. (Ekes. 1:3, 4, 15) Gape a re: “Seno ke bosupi jwa gore Baiseraele e ne e le makgoba kwa Egepeto.”

John Bimson a re: “Go na le bosupi jo bo bontshang gore pego ya Baebele e e tlhalosang gore Baiseraele e ne e le makgoba kwa Egepeto le gore ba ile ba fuduga ke boammaaruri.”

^ ser. 4 Sheme e ne e le mongwe wa barwa ba bararo ba ga Noa. Ditlogolwana tsa ga Sheme di ka tswa di ne di akaretsa Baelama, Baasiria, Bakaladia, Bahebera, Baaramaika le ditso tse dingwe tsa Baarabia.