Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

“Ba Tlhagafetse e Bile Ba na Le Lorato go Feta Pele”

“Ba Tlhagafetse e Bile Ba na Le Lorato go Feta Pele”

KA Labotlhano September 1922, go ne go le mogote thata fa batho ba le 8 000 ba ne ba simolola go kokoana mo holong e kgolo. Modulasetulo o ne a itsise batho gore fa thulaganyo e ntse e tsweletse, mongwe le mongwe yo o batlang go tsamaya, o gololesegile go dira jalo mme gone, a ka se letlelelwe go tsena gape.

Fa thulaganyo ya kopano e simologa, go ne ga opelwa dipina di le mmalwa mme morago ga moo, Joseph F. Rutherford o ne a ya kwa seraleng. Batho ba le bantsi ba ne ba swegaswega pelo. Ba bangwe ba ne ba sa nnisege ka ntlha ya mogote. Mokaulengwe Rutherford o ne a ba kopa gore ba nne fa fatshe mme ba reetse. A go na le mongwe yo o neng a bona letsela le legolo le le neng le potokilwe bontle kwa godimo ga serala?

Mokaulengwe Rutherford o ne a neela puo ya setlhogo se se reng, “Bogosi jwa legodimo bo atametse.” Puo eo e ne ya tsaya ura le metsotso e le 30 mme Mokaulengwe Rutherford o ne a tlhalosa gore baporofeti ba bogologolo ba ne ba itsise batho ka go tla ga Bogosi mme ba sa boife sepe. Fa a tloga a wetsa puo ya gagwe o ne a botsa jaana: “A lo dumela gore Kgosi ya kgalalelo e simolotse go busa?” Batho ba ne ba goela kwa godimo ba re: “Ee!”

Mokaulengwe Rutherford o ne a buela kwa godimo a re: “Jalo boelang kwa tshimong, lona barwa ba Modimo mogodimodimo! Bonang, Kgosi e a busa! Lo baemedi ba yone ba ba e itsiseng batho. Ka gone, itsiseng, itsiseng, itsiseng.”

Ka nako eo, letsela le ne la phuthuloga ka matsetseleko mme le kwadilwe mafoko a a reng: “Itsiseng, Kgosi le Bogosi.”

Ray Bopp o ne a re: “Batho ba ne ba itumetse tota.” Anna Gardner o ne a tlhalosa jaana: “Batho ba ne ba opa diatla thata jaana mo marulelo a neng a roroma.” Fred Twarosh o ne a re: “Batho ba ne ba ema botlhe ka nako e le nngwe.” Evangelos Scouffas o ne a bua jaana: “Go ne go ntse jaaka e kete sengwe se se maatla se ne se re emisa mo ditulong, re ne ra ema re geletse dikeledi.”

Batho ba le bantsi kwa kopanong eo ba ne ba setse ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Mme jaanong ba ne ba na le lebaka le le utlwalang sentle la gore ba rere. Ethel Bennecoff a re Baithuti ba Baebele ba ne ba tswa kwa kopanong eo “[ba] tlhagafetse e bile [ba] na le lorato go feta pele.” Odessa Tuck yo o neng a na le dingwaga di le 18 o ne a tswa kwa kopanong a ikemiseditse go tsibogela potso e e reng, “Ke mang yo o tla yang?” O ne a re: “Ke ne ke sa itse gore ke ya go dira kabelo efe, kwa kae le gone jang. Mme gone, ke ne ke itse gore ke batla go tshwana le Isaia yo o neng a re: ‘Ke fano! Roma nna.’” (Isa. 6:8) Ralph Leffler o ne a re: “Letsatsi leo le le sa lebalesegeng e ne e le tshimologo ya letsholo la go itsise batho ka Bogosi mme gone jaanong tiro eno e dirwa mo lefatsheng lotlhe.”

Tota ga go gakgamatse go bo kopano eo ya 1922 ya kwa Cedar Point, Ohio e le nngwe ya ditiragalo tse di itsegeng thata mo hisitoring ya batho ba ga Jehofa! George Gangas o ne a re: “Kopano eo e ne ya dira gore ke ikemisetse go ya dikopanong ka metlha.” Mme a re o ne a dira fela jalo. Julia Wilcox o ne a kwala jaana: “Nako le nako fa ke bala ka kopano ya 1922 ya kwa Cedar Point mo dikgatisong tsa rona, ke itumela tota. Ka metlha ke batla go re, ‘Ke a leboga Jehofa go bo o ntetlile gore ke nne teng kwa kopanong eo.’”

Ga go pelaelo gore bontsi jwa rona re na le dikopano tse re sa di lebaleng, segolobogolo tse di ileng tsa re tlhotlheletsa go rata le go direla Modimo wa rona le Kgosi e a e tlhomileng. Fa re akanya ka dikopano tseo, le rona re tlhotlheletsega go re: “Ke a leboga Jehofa, go bo o ntetlile gore ke nne teng kwa kopanong eo.”