Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe le Tlhakatlhakane—Se se Ka go Thusang

Lefatshe le Tlhakatlhakane—Se se Ka go Thusang

A o na le mathata ka ntlha ya se se diragalang gone jaanong mo lefatsheng? A kwa o nnang teng go diragala dilo tse di latelang?

  • dintwa

  • malwetse a leroborobo

  • masetlapelo a tlholego

  • tshotlego

  • tlhaolele

  • bokebekwa

Fa go diragala dilo tse di bosula, batho ba le bantsi ba a tshoga ba bo ba felelwa ke tsholofelo. Ka dinako tse dingwe batho ba bangwe ga ba tsiboge ka tsela epe. Le fa go ntse jalo, fa go na le masetlapelo mme motho yo o tshogileng a bo a sa tsiboge ka tsela epe fela, seo se ka dira gore seemo se nne maswe le go feta.

Fa o diragalelwa ke selo se se bosula, go botlhokwa gore o sireletse batho ba o atamalaneng thata le bone, botsogo jwa gago, se o itshedisang ka sone le boitumelo jwa gago.

Ke eng se se ka go thusang fa lefatshe leno le ntse le tlhakatlhakana?