Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dirisa Madi Sentle

Go Dirisa Madi Sentle

Baebele e thusitse batho ba le bantsi gore ba kgone go dirisa madi a bone sentle.

DIRA DILO TSA GAGO KA THULAGANYO

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.”—Diane 21:5.

SE MOLAOMOTHEO ONO O SE KAYANG: O tlhoka go dira thulaganyo o bo o tlhomamisa gore o a e latela. Gopola gore o ka se kgone go reka sengwe le sengwe se o se batlang, ka jalo, dirisa madi a gago sentle.

SE O KA SE DIRANG:

  • Dirisa madi jaaka o rulagantse. Dira lenaane la dilo tse o batlang go di reka. Di kwale go ya ka manaaneo a tsone gore a ke dijo kgotsa diaparo. Kwala gore o tla dirisa bokae mo dijong mo diaparong le mo dilong tse dingwe tse o di kwadileng. Fa ele gore ka sekai o ile wa dirisa madi a mantsi mo dijong go feta ka fa o neng o rulagantse, o tla tlhoka go tsaya mo mading a o neng o rulagantse go a dirisa mo selong se se seng botlhokwa.

  • O se ka wa itsenya mo dikolotong. Dira sotlhe se se mo maatleng a gago gore o se ka wa nna le dikoloto. Go na le moo, ipolokele madi gore o reke dilo tse o di tlhokang. Fa ele gore o dirisa credit card, leka go duela madi otlhe a o a kolotang fa kgwedi e fela gore o se ka wa tlhoka go duela madi a a fetang a o a dirisitseng. Fa ele gore o mo dikolotong rulanganya gore o tla dirang gore o kgone go di duela.

    Go lemogilwe gore fa batho ba reka ba dirisa credit card ba reka sengwe le sengwe fela le dilo tse ba sa di tlhokeng. Ka jalo fa o na le credit card e dirise sentle.

NNA LE MEKGWA E E SIAMENG

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Setshwakga ga se na go lema ka ntlha ya mariga; se tla bo se kopa ka nako ya thobo, mme go tla bo go se na sepe.”—Diane 20:4.

SE MOLAOMOTHEO ONO O SE KAYANG: Go nna setshwakga go ka dira gore motho a sotlege. Ka jalo, dira ka natla mme o dirise madi a gago sentle.

SE O KA SE DIRANG:

  • Dira ka natla. Dira sotlhe se o ka se kgonang gore o se ka wa latlhegelwa ke tiro ya gago, ka gonna senatla le motho yo batho ba ka mo ikanyang. Bathapi ba rata motho yo o dirang ka natla.

  • Ikanyege. O se ka wa utswa kwa o berekang teng. Fa o utswa o ka latlhegelwa ke tiro go bo go se na ope yo o batlang go go hira.

  • O seka wa rata madi thata. Fa o ntse o lwela go nna le madi a mantsi batho bangwe ba ka feleletsa ba sa batle go itsalanya le wena gape o ka lwala. Gopola gore, botshelo bo botlhokwa go na le madi.

MELAOMETHEO E MENGWE YA BAEBELE

Bala Baebele mo Internet. E gone ka dipuo di le dintsi mo jw.org

O SE KA WA SENYA MADI MO DILONG TSE DI SENG BOTLHOKWA.

“Letagwa le yo o jang bobe ba tla humanega, mme kotselo e tla apesa motho dikatana.”—DIANE 23:21.

O SE KA WA TSHWENYEGA THATA KA MADI.

“Tlogelang go tlhobaela ka meya ya lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa kaga mebele ya lona gore lo tla apara eng.”—MATHAIO 6:25.

O SE KA WA FUFEGELA BA BANGWE.

“Motho yo o leitlho le tswelang dilo pelo o itlhaganelela dilo tse di tlhwatlhwakgolo, mme ga a itse gore o tla tlelwa ke letlhoko.”—DIANE 28:22.