Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direla ka Moya Otlhe Le fa Go na Le Mathata

Go Direla ka Moya Otlhe Le fa Go na Le Mathata

Kgang ya Botshelo

Go Direla ka Moya Otlhe Le fa Go na Le Mathata

JAAKA GO BOLETSE RODOLFO LOZANO

Ke tsholetswe kwa Mexico, kwa motseng wa Gómez Palacio, kwa Durango State, ka September 17, 1917. Dikhuduego tsa Menolopuso tsa kwa Mexico di ne di gaketse ka nako eo. Le fa gone menolopuso e ne ya fela ka 1920, dikgaruru tsa lefelo le re neng re nna kwa go lone di ile tsa tswelela pele dingwaga di le dintsi morago ga foo, di dira gore botshelo bo nne boima.

KA LEKGETLHO lengwe, fa Mmè a ne a utlwa gore go tlile go nna le ntwa gare ga marabele le masole, o ne a dira gore nna le bomorwarre ba le bararo le bokgaitsadiake ba le babedi re nne mo ntlong ka malatsi a sekae. Re ne re se na dijo tse di lekaneng mme ke gakologelwa ke iphitlha le nnake kafa tlase ga bolao. Morago ga foo, Mmè o ne a swetsa ka gore a ise rona bana kwa United States, koo rre a neng a tla kopana le rona gone moragonyana.

Re ne ra fitlha kwa California ka 1926, pelenyana fela ga Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi e fitlha kwa United States. Re ne ra ya gongwe le gongwe koo re neng re ka kgona go bona tiro gone, re ya kwa mafelong a a tshwanang le San Joaquin Valley, Santa Clara, Salinas le King City. Re ne ra ithuta go bereka mo masimong le go roba mefuta yotlhe ya maungo le merogo. Le mororo ka nako ya me ya bosha ke ne ke dira tiro e e boima, e ne e le nako e e itumedisang thata mo botshelong jwa me.

Fa Boammaaruri Jwa Baebele bo Fitlha mo go Rona

Ka March 1928, Moithuti mongwe wa Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ka nako eo, o ne a re etela. E ne e le monna yo o neng a setse a godile, yo a neng a bua Se-Spain, go twe ke Esteban Rivera. Setlhogo sa bukana e a neng a e tlogela e leng “Baswi ba Kae?,” se ne sa nkgatlha fela jaaka diteng tsa yone. Le mororo ke ne ke le mmotlana, ke ne ka tswelela go ithuta Baebele mme ka kopanela le Baithuti ba Baebele. Fa nako e ntse e tsamaya, mmè le kgaitsadiake e bong Aurora le bone ba ne ba nna babaki ba ba tlhoafetseng ba ga Jehofa.

Mo magareng a bo1930 phuthego ya batho ba ba buang Seesemane e ne ya agelwa Holo ya Bogosi kwa San Jose. E re ka go ne go na le Ba-Hispanic ba bantsi ba ba neng ba bereka mo dipolaseng tsa lefelo leo, re ne ra simolola go ba rerela le go tshwara Thuto ya Tora ya Tebelo. Re ne ra dira seno re thusiwa ke Basupi ba Ba-Hispanic ba ba tswang San Francisco, e e bokgakala jwa dikilometara di le 80. Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga nna le batho ba ba ka nnang 60 ba ba nnang teng mo dipokanong tsa batho ba ba buang Se-Spain kwa Holong ya Bogosi ya San Jose.

Kgabagare, ka February 28, 1940, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing kwa kopanong ya kwa San Jose. Mo ngwageng o o latelang, ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela, modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Mme ka April 1943, ke ne ka lalediwa go fudugela kwa Stockton, motse mongwe o o bokgakala jwa dikilometara di le 130, gore ke ye go tlhoma phuthego ya batho ba ba buang Se-Spain. Ka nako eo, ke ne ke le molebedi yo o okamelang mo phuthegong e e buang Seesemane kwa San Jose mme e bile ke ne ke tlhokomela Basupi ba ba buang Se-Spain koo. Fa ke sena go rulaganya gore ba bangwe ba tlhokomele maikarabelo ano, ke ne ka fudugela kwa Stockton.

Bothokgami Jwa Me bo A Lekiwa

Go simologa ka 1940, ke ne ka nna ka bidiwa kgapetsakgapetsa ke setlhopha se se kwadisetsang batho bosole, mme nako le nako boemo jwa me jwa go nna motho yo o ganang go nna le seabe ka ntlha ya segakolodi bo ne bo tlotliwa. Ka bonako morago ga gore United States e tsenelele mo ntweng ya bobedi ya lefatshe ka December 1941, kgatelelo go tswa mo setlhopheng se se kwadisetsang batho bosole e ne ya oketsega. Kgabagare ka 1944, ke ne ka tsenngwa mo kgolegelong. Fa ke ntse ke letile gore ke atlholwe, ke ne ka tsenngwa kwa phaposing e e kwa tlasetlase le dikebekwa. E ne ya re fa ba le bantsi ba bone ba utlwa gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba mpotsa dipotso tse di malebana le gore ditiro tsa bokebekwa tse ba di dirileng di tla ama jang boemo jwa bone fa pele ga Modimo.

Basupi ba kwa San Jose ba ile ba duela beile ya me gore ke tle ke gololwe fa ke sa ntse ke letile tsheko. Mmueledi mongwe wa kwa Los Angeles yo o neng a emela balatofadiwa mo dikgetsing tsa ditshwanelo tsa setšhaba o ne a dumela go tshwara kgetsi ya me kwantle ga go ntuedisa. Moatlhodi o ne a swetsa ka gore o tla nkgolola fa nka dumela gore ke tla tlogela go bula tsela, ke dire tiro ya boitshediso mme ke ipege kgwedi nngwe le nngwe kwa balaoding ba puso. Ga ke a ka ka dumalana le tshwetso eo, ka gone ke ne ka atlholelwa dingwaga di le pedi kwa kgolegelong ya McNeil Island kwa Washington State. Fa ke le koo ke ne ka dirisa nako ya me go ithuta Baebele ka tlhoafalo. Mme ke ne ka ithuta le go tlanya. Ke ne ka gololwa mo nakong e e kwa tlase ga dingwaga di le pedi ka ntlha ya boitsholo jo bo siameng. Ke ne ka dira dithulaganyo ka bonako go tswelela pele ka bodiredi jwa bobulatsela.

Tirelo e e Oketsegileng

Mo marigeng a 1947, ke ne ka fiwa kabelo ya go bereka mo gare ga batho ba ba buang Se-Spain ba kwa Colorado City, kwa Texas, ke bereka le mmulatsela yo mongwe. Mme go ne go le tsididi thata mo e leng gore re ne ra ya kwa San Antonio kwa go leng mogotenyana. Le fa go ntse jalo, pula e ne e na thata jaana koo mo e leng gore bodiredi jwa rona jwa ntlo le ntlo bo ne jwa kgoreletsega thata. Go ise go ye kae madi a rona a ne a fela. Go ne ga feta dibeke re tshela ka disementšhisi tsa khabetšhe e tala le tee ya alfalfa. Mmulatselakanna o ne a boela gae, mme nna ke ne ka sala. Fa Basupi ba ba buang Seesemane ba lemoga gore go na le dilo tse ke di tlhokang, ba ne ba simolola go nthusa.

Ka dikgakologo tsa ngwaga o o latelang, ke ne ka boela kwa kabelong ya me kwa Colorado City mme kgabagare go ne ga tlhomiwa phuthego e nnye ya batho ba ba buang Se-Spain. Morago ga foo ke ne ka fudugela kwa Sweetwater kwa Texas, koo ke neng ka thusa gone go tlhoma phuthego e nngwe ya batho ba ba buang Se-Spain. Fa ke ntse ke le kwa Sweetwater, ke ne ka amogela lekwalo le le ntaletsang go nna teng kwa setlhopheng sa bo15 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate se se neng se thapisa barongwa se se neng sa simolola ka February 22, 1950. Fa ke sena go aloga ka selemo seo kwa kopanong ya ditšhabatšhaba e e neng e tshwaretswe kwa Yankee Stadium kwa New York City, ke ne ka nna dikgwedi di le tharo kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn. Fa ke le koo ke ne ka thapisediwa kabelo ya me ya kwa ofising ya lekala ya Mexico.

Tiro ya Kwa Mexico

Ke ne ka fitlha kwa Mexico City ka October 20, 1950. Mo e ka nnang dibeke tse pedi moragonyana, ke ne ka tlhomiwa go nna mookamedi wa lekala, ya nna kabelo ya me ka dingwaga di le nnè le sephatlo. Maitemogelo a ke ileng ka nna le one mo tirelong ya bobulatsela, kwa kgolegelong, kwa Gileate le kwa Brooklyn a ne a nna mosola thata. Fa ke fitlha kwa Mexico, ke ne ka lemoga ka bonako gore go tlhokega gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba kwa Mexico ba agiwe mo semoyeng. Ba ne ba tlhoka go thusiwa thata gore ba boloke ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo tsa Lefoko la Modimo.

Kwa dinageng tsa Latin-America, go akaretsa le Mexico, go ne go tlwaelegile gore baratani ba nne mmogo ba sa nyalana kafa molaong. Ditumelo tsa Labokeresete, segolobogolo Kereke ya Roma Katoliki, e ne e letleletse tlwaelo eno e e seng ya dikwalo gore e ate. (Bahebera 13:4) Ka gone, bangwe ba ile ba nna maloko a diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa, le mororo ba ne ba sa nyalana kafa molaong. Mme go ne ga dirwa thulaganyo ya gore batho ba ba ntseng jalo ba fiwe dikgwedi di le thataro gore ba baakanye maemo a bone. Fa ba sa dire jalo ba ne ba se kitla ba tlhola ba tsewa e le Basupi ba ga Jehofa.

Mo go ba le bantsi, go baakanya matshelo a bone go ne go le motlhofo. Ba ne ba tlhoka fela go dira gore dikamano tsa bone di nne kafa molaong ka go nyalana. Ba bangwe ba ne ba na le maemo a a raraaneng thata. Ka sekai, bangwe ba ne ba nyetse gabedi tota le e leng gararo, mme ba sa tlhala kafa molaong. Kgabagare fa maemo a lenyalo a batho ba ga Jehofa a sena go nna tumalanong le dithuto tsa Lefoko la Modimo, go ne ga nna le masego a a molemo a semoya mo diphuthegong.—1 Bakorintha 6:9-11.

Ka dinako tseo, boemo jwa thuto ya lefatshe bo ne bo le kwa tlase kwa Mexico. Tota le pele ga ke fitlha ka 1950, ofisi ya lekala e ne e setse e simolotse go rulaganya ditlelase tsa go bala le go kwala mo diphuthegong. Jaanong ditlelase tseno di ne tsa rulaganngwa sesha mme ga dirwa dithulaganyo tsa gore di kwadisiwe mo pusong. Fa e sa le ka 1946, fa go ne go simololwa go bolokiwa direkoto, batho ba ba fetang 143 000 kwa Mexico ba ile ba rutiwa go bala le go kwala mo ditlelaseng tse di neng di tshwarwa ke Basupi!

Melao ya kwa Mexico e ne e na le dithibelo tse dintsi malebana le bodumedi. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng, go ile ga nna le diphetogo tse di botlhokwa malebana le seno. Ka 1992 go ne ga tlhomiwa molao o mosha ka dikgang tsa bodumedi, ka gone, ka 1993, Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico ba ile ba kwadisiwa e le mokgatlho wa bodumedi.

Diphetogo tseno di ile tsa intumedisa thata, ka gonne mo nakong e e fetileng e ne e le selo se ke neng ke se kitla ke akanya gore se ka direga. Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, ke ne ka etela diofisi tsa puso gangwe le gape mme ba ne ba sa ntshepe. Le fa go ntse jalo, go a itumedisa go bona kafa Lephata la Semolao la ofisi ya lekala la rona le ileng la rarabolola dikgang tseno ka teng, gore gone jaanong re bo re kgona go dira tiro ya rona ya go rera re sa kgorelediwe.

Go Dira le Molekane wa Morongwa

Fa ke fitlha kwa Mexico, go ne go setse go na le baalogi ba bantsi ba ditlhopha tse di fetileng tsa Gileate kwa nageng eo. Mongwe wa bano e ne e le Esther Vartanian, Mosupi mongwe wa Mo-Armenia yo o neng a simolotse go bula tsela kwa Vallejo, kwa California ka 1942. Re ne ra nyalana ka July 30, 1955, mme morago ga foo ra tswelela mo kabelong ya rona kwa Mexico. Esther o ne a tswelela pele mo tirong ya borongwa kwa Mexico City mme re ne re nna mo lekaleng mo ke neng ka tswelela ke direla gone.

Ka 1947, Esther o ne a fitlha kwa kabelong ya gagwe ya ntlha ya borongwa kwa Monterrey, kwa Nuevo León, Mexico. Go ne go na le phuthego e le nngwe fela ya Basupi ba le 40 kwa Monterrey, mme ka nako ya fa a fudusediwa kwa Mexico City ka 1950, go ne go na le diphuthego di le nnè. Mo lekaleng la rona gaufi le Mexico City, go na le dikokomana tse pedi tsa basha ba malapa a Esther a neng a ithuta Baebele le one fa a ne a direla kwa Monterrey.

Ka 1950, tshimo ya barongwa kwa Mexico City e ne e akaretsa karolo e kgolo ya motse oo. Ba ne ba diragatsa kabelo ya bone ba ralala motse oo ka maoto kana ba dirisa dibese tse dikgologolo tse di tletseng ka batho. Fa nna ke fitlha koo kwa bofelong jwa 1950, go ne go na le diphuthego di le supa. Gone jaanong diphuthego tseo di oketsegile go nna mo e ka nnang 1 600, di na le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 90 000 kwa Mexico City mme ngwaga o o fetileng, go nnile le batho ba ba fetang 250 000 kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete koo! Fa dingwaga di ntse di feta, nna le Esther re ile ra nna le tshiamelo ya go thusa mo go di le dintsi tsa diphuthego tseno.

Fa nna le Esther re simolola thuto ya Baebele, ka metlha re leka go dira gore rre wa lelapa a kgatlhege gore lelapa lotlhe le nne le seabe. Ka gone, re ile ra bona malapa a mantsi a magolo a simolola go direla Jehofa. Ke akanya gore lebaka le lengwe la go bo kobamelo ya boammaaruri e ata ka bofefo jaana mo Mexico ke ka go bo gantsi lelapa lotlhe le kopanela mmogo mo kobamelong ya boammaaruri.

Jehofa o Segofaditse Tiro

Fa e sa le ka 1950 kgatelopele ya tiro ya kwa Mexico e ile ya bonala ka bobedi mo koketsegong ya dipalo le mo diphetogong tsa phuthego. Go itumedisa tota go bo re ile ra kgona go thusa ka tsela e potlana mo koketsegong eno, re bereka le batho ba ba ratang go amogela baeng le ba ba itumetseng.

Karl Klein, yo e leng leloko la Setlhopa se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa le mosadi wa gagwe e bong Margaret, ba ile ba re etela fa ba ntse ba le mo malatsing a boikhutso dingwaga di le mmalwa tse di fetileng. Mokaulengwe Klein o ne a batla go ikutlwela gore tiro e ntse jang kwa tshimong ya rona ya Mexico, ka gone ene le Margaret ba ne ba tla kwa Phuthegong ya San Juan Tezontla, gaufi le Mexico, koo re neng re kopanela gone ka nako eo. Holo ya rona e ne e le nnye, e le bophara jwa dimetara di le 4,5 le boleele jwa dimetara di le  5,5. Fa re fitlha koo, go ne go setse go na le batho ba le 70 mme go ne go se na le mo motho a ka emang gone. Batho ba ba godileng ba ne ba dutse mo ditulong, ba basha ba dutse mo dibankeng mme bana ba bannye ba ne ba dutse mo godimo ga ditena kana fa fatshe.

Mokaulengwe Klein o ne a kgatlhega thata ka gonne bana botlhe ba ne ba tshotse Dibaebele tsa bone ba lebelela ditemana tsa Baebele mmogo le sebui. Morago ga puo ya phatlalatsa, Mokaulengwe Klein o ne a bua ka Mathaio 13:19-23 mme a bolela gore kwa Mexico go ne go na le “mmu o o molemogolo” o montsi o Jesu a neng a bua ka one. Gone jaanong, ba le supa ba bana ba ba neng ba le teng ka letsatsi leo ba bereka mo porojekeng e kgolo ya go atolosa dikago tsa lekala la rona gaufi le Mexico City. Yo mongwe o direla kwa Bethele mme ba bangwe ba le mmalwa ke babulatsela!

Fa ke fitlha mo Mexico City, go ne go na le maloko a le 11 fela mo lekaleng la rona. Gone jaanong re na le ba ba ka nnang 1 350 ba ba berekang mo kagong, ba ba ka nnang 250 ba bone ba aga dikago tse disha tsa lekala. Fa tiro eno yotlhe e wediwa, gongwe ka 2002, re tla kgona go nna le bonno jwa batho ba ba ka nnang 1 300 mo dikagong tsa rona tse di atolositsweng. Fa re akanya fela gore ka 1950 re ne re na le baboledi ba Bogosi ba ba kwa tlase ga 7 000 mo nageng yotlhe, mme gone jaanong re na le ba ba fetang 500 000! Ke itumela thata fa ke bona tsela e Jehofa a segofaditseng maiteko a bakaulengwe ba rona ba ba ikokobeditseng ba kwa Mexico ka yone, bao ba dirang ka natla go mmaka.

Go Lebana le Kgwetlho e Kgolo

Nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse ke ileng ka nna le tsone bosheng jaana ke bolwetse. Ka kakaretso fela, ke ntse ke le motho yo o nang le botsogo jo bo siameng. Mme ka November 1988, ke ne ka itewa ke seterouku se se ileng sa ama tsela e mmele wa me o dirang ka yone thata. Ka thuso ya ga Jehofa ke ile ka fola go ya bokgakaleng jo bo rileng ka go itshidila mmele le go dirisa dikalafi tse dingwe mme le fa go ntse jalo, dikarolo tse dingwe tsa mmele wa me ga di dire ka tsela e ke ratang gore di dire ka yone. Ke sa ntse ke fiwa kalafi le tlhokomelo gore ke se ka ka tshwenngwa thata ke tlhogo e e opang le mathata a mangwe a a sa ntseng a le teng.

Le mororo ke sa tlhole ke kgona go dira go le gontsi jaaka fa ke rata, ke kgotsofadiwa ke go itse gore ke ile ka kgona go thusa ba le bantsi go ithuta ka maikaelelo a ga Jehofa le gore ba nne batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng. Mme gape ke itumelela go bua le bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ba etelang lekala la rona ba le bantsi ka mo nka kgonang ka teng; ke akanya gore re a kgothatsana.

Go itse gore Jehofa o anaanela se re se mo direlang le gore se re se dirileng ga se lefela go ile ga nnonotsha thata. (1 Bakorintha 15:58) Le mororo ke na le ditlhaelo e bile ke lwala, ke ile ka tsaya tsia mafoko a a mo go Bakolosa 3:23, 24: “Lefa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa mme e seng batho, gonne lo itse gore lo tla amogela maduo a a tshwanetseng a boswa go tswa kwa go Jehofa.” Ka go latela kgakololo eno, ke ile ka ithuta go direla Jehofa ka moya otlhe le fa go na le diteko.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ka 1942 fa ke ne ke le mmulatsela

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Mosadi wa me o ne a simolola kabelo ya gagwe ya borongwa kwa Mexico ka 1947

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ke na le Esther gompieno

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Kwa godimo kafa molemeng: Lelapa la rona la Bethele la kwa Mexico ka 1952, nna ke eme fa pele

Kwa godimo: Batho ba ba fetang 109 000 ba ne ba kopane mmogo mo setadiamong seno sa Mexico City ka kopano ya kgaolo ka 1999

Kwa tlase kafa molemeng: Dikago tsa rona tse disha tsa lekala tse di tla tlogang di wediwa go agiwa