Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ke Modimo yo o Pelotelele

Jehofa ke Modimo yo o Pelotelele

Jehofa ke Modimo yo o Pelotelele

“Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato.”—EKESODO 34:6.

1, 2. (a) Mo nakong e e fetileng ke bomang ba ba neng ba solegelwa molemo ke bopelotelele jwa ga Jehofa? (b) Lefoko “bopelotelele” le bolela eng?

BATHO ba motlha wa ga Noa, Baiseraele ba ba neng ba raletse sekaka le Moshe, Bajuda ba nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng—botlhe fela ba ne ba tshela mo maemong a a sa tshwaneng. Mme gone, botlhe fela ba ne ba solegelwa molemo ke nonofo e e molemo ya ga Jehofa—bopelotelele. Bangwe e ne ya namola botshelo jwa bone. Mme le rona bopelotelele jwa ga Jehofa bo ka namola botshelo jwa rona.

2 Bopelotelele ke eng? Jehofa o bo bontsha leng, mme ka ntlha yang? “Bopelotelele” bo ile jwa tlhalosiwa e le “go itshokela sengwe se se phoso kana go itshokela go galefisiwa, go kopane le go se felelwe ke tsholofelo ya gore dilo di tla nna botoka mo kamanong e e senyegileng.” Ka gone, nonofo eno e na le boikaelelo. E senka thatathata go thusa motho yo o bakang maemo a a sa itumediseng. Le fa go ntse jalo, go nna pelotelele ga go bolele gore motho o rotloetsa selo se se phoso. Fa boikaelelo jwa bopelotelele bo fitlheletswe kana fa go sa tlhole go tlhokega gore go itshokelwe maemo, bopelotelele bo a fela.

3. Boikaelelo jwa bopelotelele jwa ga Jehofa e ile ya nna bofe, mme bo tsaya lobaka lo lokae?

3 Le fa batho ba kgona go nna pelotelele, Jehofa ke sekao se se di fetang tsotlhe sa nonofo eno. Mo dingwageng tsa fa e sa le boleo bo senya kamano ya ga Jehofa le batho, Mmopi wa rona o ile a itshoka ka bopelotelele mme a dira dithulaganyo tse ka tsone batho ba ba ikwatlhayang ba ka tokafatsang kamano ya bone le ene. (2 Petere 3:9; 1 Johane 4:10) Mme fa bopelotelele jwa Modimo bo sena go fitlhelela boikaelelo jwa jone, o tla tsaya kgato kgatlhanong le badirabosula ba ka boomo, a fedisa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo.—2 Petere 3:7.

Bo Tsamaisana le Dinonofo Tsa Modimo Tsa Konokono

4. (a) Bopelotelele bo tlhalosiwa jang mo Dikwalong Tsa Sehebera? (Bona le mokwalo o o kwa tlase.) (b) Moporofeti Nahume o tlhalosa Jehofa jang, mme seno se senola eng ka bopelotelele jwa ga Jehofa?

4 Mo Dikwalong Tsa Sehebera, bopelotelele bo tlhalosiwa ka mafoko a mabedi a Sehebera a totatota a kayang “boleele jwa dinko” mme a ranolwa e le “go nna bonya go galefa” mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. * Fa moporofeti Nahume a ne a bua ka bopelotelele jwa Modimo o ile a re: “Jehofa o bonya go galefa e bile o na le maatla a magolo, mme le ka motlha Jehofa a ka se ithibe go otlhaya.” (Nahume 1:3) Ka gone, go nna pelotelele ga ga Jehofa ga go bolele gore o bokoa e bile ga go bolele gore o nnela pelotelele ruri. Kgang ya go bo Modimo yo o maatla otlhe a le bonya go galefa e bile a na le maatla a magolo e bontsha go nna pelotelele ka gonne a ithiba ka boomo. O na le maatla a go otlhaya, mme o ithiba ka boomo go se a dirise ka bonako a dira jalo go naya modirabosula sebaka sa go fetoga. (Esekiele 18:31, 32) Ka gone, bopelotelele jwa ga Jehofa bo bontsha lorato e bile bo supa gore o dirisa maatla a gagwe ka botlhale.

5. Go nna pelotelele ga ga Jehofa go tsamaisana jang le go nna tshiamiso ga gagwe?

5 Gape bopelotelele jwa ga Jehofa bo tsamaisana le go nna tshiamiso le go nna tshiamo ga gagwe. O ne a itshenolela Moshe a re ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa [kana “yo o pelotelele,”] le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri.” (Ekesodo 34:6) Dingwaga moragonyana, Moshe o ne a opela jaana a baka Jehofa: “Ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.” (Duteronome 32:4) Ee, boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa, bopelotelele, tshiamiso le tshiamo tsotlhe di dirisana mmogo ka kutlwano.

Bopelotelele Jwa ga Jehofa Pele ga Morwalela

6. Jehofa o bontshitse bana ba ga Adame le Efa jang bopelotelele jo bogolo?

6 Botsuolodi jwa ga Adame le Efa kwa Edene bo ile jwa senyetsa ruri kamano e e molemo e ba neng ba na le yone le Mmopi wa bone yo o lorato Jehofa. (Genesise 3:8-13, 23, 24) Go tlhobogana jalo ga bone le ene go ile ga ama bana ba bone, ba ba neng ba gotsa boleo jwa bone, bosaitekanelang le loso. (Baroma 5:17-19) Le fa banyalani ba ntlha ba batho ba ile ba nna baleofi ba ka boomo, Jehofa o ne a letla gore ba nne le bana. Moragonyana ka lorato o ile a dira dithulaganyo tse di neng di tla thusa bana ba ga Adame le Efa go boa ba letlana le ene. (Johane 3:16, 36) Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa jaana: “Mme Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela. Jalo, e re ka jaanong re boletswe re le ba ba siameng ka madi a gagwe, re tla bolokwa segolobogolo ka ene mo tšhakgalong. Gonne fa re ne ra letlana le Modimo ka loso lwa Morwawe, fa re ne re sa ntse re le baba, jaanong ka re letlane, re tla bolokwa segolobogolo ka botshelo jwa gagwe.”—Baroma 5:8-10.

7. Jehofa o ne a bontsha bopelotelele jang pele ga Morwalela, mme ke eng fa a ne a na le lebaka le le utlwalang la go fedisa kokomana ya pele ga Morwalela?

7 Bopelotelele jwa ga Jehofa bo ne jwa bonala mo motlheng wa ga Noa. Dingwaga di feta lekgolo pele ga Morwalela, “Modimo [o ne a] leba lefatshe mme, bona! le ne le senyegile, ka gonne nama yotlhe e ne e sentse tsela ya yone mo lefatsheng.” (Genesise 6:12) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a nna pelotelele le batho ka lobaka lo lo lekanyeditsweng. O ne a re: “Moya wa me ga o kitla o itshokela motho ka bosakhutleng ka gore le ene ke nama. Ka jalo malatsi a gagwe a tla fitlha go dingwaga di le lekgolo le masome a mabedi.” (Genesise 6:3) Dingwaga tseo tse 120 di ne tsa naya Noa yo o ikanyegang nako ya go nna le lelapa le gore—fa a sena go newa taelo ya Modimo—a age areka le go tlhagisa batho ba motlha wa gagwe ka Morwalela o o tlang. Moaposetoloi Petere o ile a kwala jaana: “Bopelotelele jwa Modimo bo ne bo letile mo malatsing a ga Noa, fa araka e ne e sa ntse e agiwa, e mo go yone batho ba le mmalwa, e leng, meya e le robedi, ba neng ba rwalwa ka pabalesego go ralala metsi.” (1 Petere 3:20) Ke boammaaruri gore, batho ba e neng e se ba lelapa la ga Noa ba ne ba se ka ba mo “tsaya tsia” fa a ba rerela. (Mathaio 24:38, 39) Mme Jehofa ka go dira gore Noa a age areka le go fetsa masome a dingwaga e le “moreri wa tshiamo,” o ne a naya batho ba motlha wa gagwe nako e ntsi ya gore ba ikwatlhaye ba tlogele ditsela tsa bone tsa thubakanyo mme ba simolole go Mo direla. (2 Petere 2:5; Bahebera 11:7) O ne a na le lebaka le le utlwalang fa kgabagare a senya kokomana eo e e boikepo.

Sekao sa go Nna Pelotelele mo Baiseraeleng

8. Jehofa o ne a bontsha setšhaba sa Iseraele bopelotelele jang?

8 Jehofa o ne a se ka a nna pelotelele le Baiseraele ka dingwaga di le 120 fela. Mo dingwageng tse di fetang 1 500 tse ba di feditseng e le batho ba Modimo a ba itlhophetseng, ba ne ba fetsa nako e ntsi ba leka bopelotelele jwa Modimo go feta selekanyo. Dibeke di le mmalwa fela fa ba sena go gololwa ka kgakgamatso kwa Egepeto, ba ne ba simolola go obamela medingwana, ba tlontlolola Mmoloki wa bone ka tsela e e masisi. (Ekesodo 32:4; Pesalema 106:21) Mo masomeng a dingwaga a a neng a latela, Baiseraele ba ne ba ngongoregela dijo tse Jehofa a neng a ba tlamela ka tsone ka kgakgamatso mo sekakeng, ba ngongorega ka Moshe le Arone, ba bua bosula ka Jehofa, le go dira boaka le baheitane, le e leng go obamela Baale. (Dipalo 11:4-6; 14:2-4; 21:5; 25:1-3; 1 Bakorintha 10:6-11) Jehofa o ne a ka nna le lebaka le le utlwalang la go nyeletsa batho ba gagwe, mme go na le moo, o ne a nna pelotelele.—Dipalo 14:11-21.

9. Jehofa o ile a bontsha jang gore ke Modimo yo o pelotelele mo motlheng wa Baatlhodi le mo motlheng wa dikgosi?

9 Mo motlheng wa Baatlhodi, gangwe le gape Baiseraele ba ne ba wela mo seraing sa kobamelo ya medingwana. Fa ba ne ba dira jalo, Jehofa o ne a letla gore ba tlhaselwe ke baba ba bone. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba ikwatlhaya mme ba mo kopa gore a ba thuse, o ne a nna pelotelele mme a tlhoma baatlhodi go ba namola. (Baatlhodi 2:17, 18) Mo lobakeng lo loleele lwa fa go ne go tlhongwa dikgosi, ke dikgosi di le mmalwa fela tse di neng di bontsha go ineela ka botlalo mo go Jehofa. Mme tota le mo motlheng wa dikgosi tse di ikanyegang, gantsi batho ba ne ba tswakanya kobamelo ya boammaaruri le ya maaka. Fa Jehofa a ne a tlhoma baporofeti go tlhagisa batho kgatlhanong le go se ikanyege, gantsi batho ba ne ba tlhopha go reetsa baperesiti ba ba boikepo le baporofeti ba maaka. (Jeremia 5:31; 25:4-7) Ee ruri, Baiseraele ba ne ba bogisa baporofeti ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba bo ba bolaya bangwe ba bone. (2 Ditiragalo 24:20, 21; Ditiro 7:51, 52) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tswelela pele a le pelotelele.—2 Ditiragalo 36:15.

Jehofa ga a Felelwa ke Bopelotelele

10. Bopelotelele jwa ga Jehofa bo ne jwa fitlha leng fa bo felelang teng?

10 Le fa go ntse jalo, hisitori e bontsha gore Modimo o lekanyetsa bopelotelele jwa gagwe. Ka 740 B.C.E., o ne a letla Baasiria go thankgola bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome ba bo ba isa baagi ba teng kwa botshwarong. (2 Dikgosi 17:5, 6) Mme mo bofelong jwa lekgolo le le latelang la dingwaga, o ne a letla Bababelona go tlhasela bogosi jwa Juda jwa ditso tse pedi le go senya Jerusalema le tempele ya yone.—2 Ditiragalo 36:16-19.

11. Jehofa o ile a bontsha go nna pelotelele jang tota le ka nako ya fa a diragatsa katlholo?

11 Tota le ka nako ya fa Jehofa a ne a diragatsa katlholo ya gagwe mo go Iseraele le Juda, o ne a se ka a lesa go nna pelotelele. Jehofa o ne a dirisa moporofeti wa gagwe Jeremia go bolelela pele go tsosolosiwa ga batho ba gagwe ba a ba itlhophetseng. O ne a re: “E tla re dingwaga di le masome a supa di wela kwa Babelona ke tla lebisa tlhokomelo ya me kwa go lona, mme ke tla tlhomamisa mo go lona lefoko la me le le molemo ka go lo busetsa mo lefelong leno. Ke tla itetla gore lo mpone . . . Mme ke tla phutha setlhopha sa lona sa batshwarwa ke bo ke lo phutha mmogo go tswa mo ditšhabeng tsotlhe le mo mafelong otlhe a ke lo phatlalaleditseng kwa go one.”—Jeremia 29:10, 14.

12. Go boela ga masalela a Bajuda kwa Juda go ne ga bontsha jang gore e ne e le thulaganyo ya Modimo malebana le go tla ga Mesia?

12 Go ne ga nna fela jalo gore masalela a Bajuda ba ba neng ba isitswe botshwarwa a boele kwa Juda mme a tsosolose kobamelo ya ga Jehofa mo tempeleng e e neng e agilwe sesha kwa Jerusalema. Fa maikaelelo a ga Jehofa a diragadiwa, masalela ano a ne a tla nna jaaka “monyo o o tswang kwa go Jehofa,” o o lapolosang le o o dirang gore go nne le katlego. Gape ba ne ba tla nna pelokgale le go nonofa jaaka “tau mo gare ga diphologolo tsa sekgwa.” (Mika 5:7, 8) Mafoko ano a bofelo a ka tswa a ile a diragadiwa mo motlheng wa Bamakabise fa Bajuda ba ba neng ba eteletswe pele ke booraMakabise ba ne ba leleka baba ba bone mo Nageng e e Solofeditsweng mme ba bo ba kgakola tempele sesha, morago ga gore e itshekololwe. Ka gone naga le tempele di ne tsa sirelediwa gore masalela a mangwe a a ikanyegang a kgone go amogela Morwa Modimo fa a tla bo a tlhaga mo go yone e le Mesia.—Daniele 9:25; Luke 1:13-17, 67-79; 3:15, 21, 22.

13. Jehofa o ne a tswelela pele jang a bontsha bopelotelele tota le morago ga gore Bajuda ba bolaye Morwawe?

13 Jehofa o ne a tswelela pele a le pelotelele le Bajuda ka lobaka lwa dingwaga di le tharo le sephatlo tota le morago ga gore ba bolaye Morwawe, a ba naya tshono e e kgethegileng ya go lalediwa go nna karolo ya losika lwa semoya lwa ga Aborahame. (Daniele 9:27) * Pele ga ngwaga wa 36 C.E. le morago ya one, Bajuda bangwe ba ne ba amogela taletso eno, mme ka gone, jaaka Paulo a ile a tlhalosa seno moragonyana, ‘go ne ga nna le masalela tumalanong le go tlhopha ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.’—Baroma 11:5.

14. (a) Ka 36 C.E., tshiamelo ya go nna karolo ya losika lwa semoya lwa ga Aborahame e ne ya fetisediwa mo go bomang? (b) Paulo o ile a tlhalosa jang kafa a ikutlwang ka teng ka tsela e Jehofa a tlhophang maloko a Iseraele wa semoya ka teng?

14 Ka 36 C.E., tshiamelo ya go nna karolo ya losika lwa semoya lwa ga Aborahame e ne ya fetisediwa la ntlha mo bathong ba e neng e se Bajuda kana ba ba sokologetseng mo Sejudeng. Batho bape fela ba ba neng ba arabela le bone ba ne ba amogela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa le bopelotelele jwa gagwe. (Bagalatia 3:26-29; Baefeso 2:4-7) Paulo o ile a khutsa jaana a bontsha go anaanela botlhale le boikaelelo jo bo amanang le go nna pelotelele ga ga Jehofa, jo ka jone a tlhagisang palo e e feletseng ya batho ba ba bileditsweng go tlatsa palo ya Iseraele wa semoya: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa!”—Baroma 11:25, 26, 33; Bagalatia 6:15, 16.

Go Nna Pelotelele ka Ntlha ya Leina la Gagwe

15. Lebaka la konokono la go bo Modimo a le pelotelele ke lefe, mme ke kgang efe e e neng ya batla nako gore e rarabololwe?

15 Ke ka ntlha yang fa Jehofa a le pelotelele? Segolobogolo ke ka gonne a batla go godisa leina la gagwe le le boitshepo le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe. (1 Samuele 12:20-22) Kgang e Satane a neng a e tsosa malebana le tsela e Jehofa a dirisang bolaodi jwa Gagwe ka yone e ne e tlhoka nako gore e rarabololwe ka tsela e e tla kgotsofatsang popo yotlhe. (Jobe 1:9-11; 42:2, 5, 6) Ka gone, fa batho ba gagwe ba ne ba gateletswe kwa Egepeto, Jehofa o ne a raya Faro a re: “Ke go tlogetse o ntse o le gone ka lebaka leno, gore ke go bontshe maatla a me le gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.”—Ekesodo 9:16.

16. (a) Bopelotelele jwa ga Jehofa bo ile jwa dira jang gore go kgonege gore go rulaganngwe batho ba leina la gagwe? (b) Leina la ga Jehofa le tla itshepisiwa jang mme bolaodi jwa gagwe bo tla tlotlomadiwa jang?

16 Fa moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa seabe sa bopelotelele jwa Modimo mo go galalediweng ga leina la Gagwe, o ne a nopola mafoko a Jehofa a neng a a bua le Faro. Go tswa foo Paulo o ile a kwala jaana: “Jaanong, fa Modimo, le mororo a na le thato ya go bontsha tšhakgalo ya gagwe le go itsise maatla a gagwe, a ne a leseletsa dijana tsa tšhakgalo tse di dirilweng gore di tshwanele tshenyego ka go nna pelotelele thata, gore a itsise dikhumo tsa kgalalelo ya gagwe mo dijaneng tsa kutlwelobotlhoko, tse a neng a di baakanya go sa le pele a di baakanyetsa kgalalelo, e bong, rona, ba a neng a ba bitsa, e seng fela mo Bajudeng mme gape mo ditšhabeng, molato wa gone ke eng? Go ntse jaaka a bolela gape mo go Hosea a re: “Ba e seng batho ba me ke tla ba bitsa ‘batho ba me.”’” (Baroma 9:17, 22-25) Jehofa ka ntlha ya go nna pelotelele o ile a kgona go itseela “batho ba leina la gagwe” mo ditšhabeng. (Ditiro 15:14) “Baitshepi” bano ba ba eteletsweng pele ke Tlhogo ya bone Jesu Keresete ba tla nna baruaboswa mo Bogosing jo Jehofa a tla bo dirisang go itshepisa leina la Gagwe le legolo le go tlotlomatsa bolaodi jwa Gagwe.—Daniele 2:44; 7:13, 14, 27; Tshenolo 4:9-11; 5:9, 10.

Bopelotelele Jwa ga Jehofa bo Felela ka Poloko

17, 18. (a) Re ka iphitlhela re tshwaya Jehofa phoso ya go bo a le pelotelele fa re dira eng? (b) Re kgothalediwa gore re nne le pono efe ka bopelotelele jwa ga Jehofa?

17 Jehofa o ile a itshupa e le Modimo yo o pelotelele go tloga ka nako ya fa motho a ne a dira boleo jwa ntlha jo bo neng jwa mo tsenya mo mahutsaneng go fitlha gone jaanong. Bopelotelele jwa gagwe pele ga Morwalela bo ile jwa dira gore go nne le nako ya go tlhagisa batho le gore go agiwe selo se ba neng ba tla bolokwa ka sone. Mme gone bopelotelele jwa gagwe bo ne jwa fitlha mo selekanyong sa jone, ka jalo Morwalela o ne wa tla. Le gompieno, Jehofa o bontsha bopelotelele jo bogolo mme bo tsaya lobaka thata go feta ka fa bangwe ba neng ba solofetse ka teng. Le fa go ntse jalo, seno ga se a tshwanela go dira gore re fele pelo. Go dira jalo go tshwana fela le go tshwaya Modimo phoso ka ntlha ya go nna pelotelele ga gagwe. Paulo o ile a botsa jaana: “A o nyatsa dikhumo tsa bopelonomi jwa gagwe le boiphapaanyo le go itshwara ka bopelotelele, ka gonne o sa itse gore nonofo ya bopelonomi ya Modimo e leka go go gogela boikwatlhaong?”—Baroma 2:4.

18 Ga go ope wa rona yo o ka itseng ka botlalo gore re tla tlhoka bopelotelele jo bo kana kang jwa Modimo go tlhomamisa gore a re tseye re le batho ba ba tshwanelwang ke poloko. Paulo o re gakolola gore re ‘nne re direle poloko ya rona ka poifo le go roroma.’ (Bafilipi 2:12) Moaposetoloi Petere o ile a kwalela Bakeresete ka ene jaana: “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.”—2 Petere 3:9.

19. Re ka solegelwa molemo jang ke bopelotelele jwa ga Jehofa?

19 Ka gone, a re se fedisiweng pelo ke tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone. Go na le moo, a re lateleng kgakololo ya ga Petere mme ‘re tseye bopelotelele jwa Morena wa rona e le poloko.’ Poloko ya ga mang? Ya rona, le ya batho ba bangwe ba bantsintsi ba ba sa ntseng ba tlhoka go utlwa ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (2 Petere 3:15; Mathaio 24:14) Seno se tla re thusa go anaanela tsela e Jehofa a leng pelotelele thata ka yone mme ga re tlhotlheletsa gore le rona re dirisane le batho ba bangwe ka bopelotelele.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Ka Sehebera, lefoko le le ranolwang e le “nko” (‘aph) gantsi le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso go kaya kgalefo. Seno ke ka gonne fa motho a galefile o hemela kwa godimo thata.

^ ser. 13 Go bona tlhaloso e e oketsegileng ya boporofeti jono, bona buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!, ditsebe 191-4, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Tlhalosa?

• Lefoko “bopelotelele” le kaya eng mo Baebeleng?

• Jehofa o ne a bontsha bopelotelele jang pele ga Morwalela, morago ga botshwarwa jwa Babelona le mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?

• Jehofa o ile a bontsha bopelotelele ka mabaka afe a botlhokwa?

• Re tshwanetse go nna le pono efe ka bopelotelele jwa ga Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bopelotelele jwa ga Jehofa pele ga Morwalela bo ne jwa naya batho tshono e ntsi ya gore ba ikwatlhaye

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Fa Babelona e sena go wa, Bajuda ba ne ba solegelwa molemo ke bopelotelele jwa ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bajuda le batho ba e seng Bajuda ba ne ba solegelwa molemo ke bopelotelele jwa ga Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Bakeresete gompieno ba dirisa bopelotelele jwa ga Jehofa ka tsela e e molemo