Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba-Waldo—Ba Tlogela Bokgelogi ba Nna Baporotesetanta

Ba-Waldo—Ba Tlogela Bokgelogi ba Nna Baporotesetanta

Ba-Waldo—Ba Tlogela Bokgelogi ba Nna Baporotesetanta

E ne e le ka ngwaga wa 1545 mo kgaolong e ntle ya Lubéron ya Provence, kwa borwa jwa Fora. Mophato wa masole o ne o phuthegile go tla go diragatsa tlhaselo e e setlhogo e e neng e tlhotlheleditswe ke letlhoo la bodumedi. Go ne ga latela beke ya tshololo ya madi.

METSE e ne ya ripitlwa, mme baagi ba yone ba tsenngwa mo kgolegelong kgotsa ba bolawa. Masole a a setlhogo a ne a dira ditiro tsa bosetlhogo jo bo feteletseng mo polaong ya kgailo e e neng ya tsenya Yuropa letshogo. Go ne ga bolawa banna ba ka nna 2 700, ba le 600 ba ne ba romelwa gore ba ye go bereka mo dikepeng tsa ntwa, re sa bue sepe ka go sotlega ga basadi le bana. Molaodi wa masole yo o neng a eteletse letsholo leno la tshololo ya madi pele o ne a bakwa ke kgosi ya Fora le ke mopapa.

Phetogo e Kgolo ya Bodumedi e ne e setse e tsoseditse Jeremane mathata fa Kgosi ya Mokatoliki e bong Francis I wa kwa Fora, yo o neng a tshwenngwa ke go anama ga Boporotesetanta, a ne a dira dipatlisiso ka batho ba go neng go twe ke bakgelogi mo bogosing jwa gagwe. Go na le gore balaodi ba kwa Provence ba bone batho ba le mmalwa fela ba e neng e le bakgelogi, ba ne ba lemoga gore go ne go na le metse e e tletseng ka majelathoko a bodumedi. Go ne ga ntshiwa taolo ya gore bokgelogi jono bo nyelediwe mme taolo eno e ne kgabagare ya diragadiwa ka polao ya kgailo ka 1545.

Bakgelogi bano e ne e le bomang? Mme ke ka ntlha yang fa ba ne ba tlhaselwa ka letlhoo jaana ka mabaka a bodumedi?

Go Tswa Khumong go ya Khumanegong

Ba ba neng ba bolawa mo polaong eno ya kgailo e ne e le ba mokgatlho wa bogologolo wa bodumedi wa lekgolo la bo12 la dingwaga mme ba tswa mo karolong e kgolo ya Yuropa. Tsela e mokgatlho ono o neng wa anama ka yone wa ba wa tswelela o ntse o le teng ka makgolo a le mmalwa a dingwaga e o dira o o tlhomologileng mo hisitoring ya majelathoko a bodumedi. Borahisitori ba le bantsi ba dumela gore mokgatlho ono o simolotse mo e ka nnang ka ngwaga wa 1170. Kwa motseng wa Fora wa Lyons, rakgwebo mongwe yo o humileng e bong Vaudès o ne a kgatlhegela thata go ithuta kafa a neng a ka itumedisa Modimo ka gone. E re ka go bonala a ne a amilwe ke kgakololo e Jesu Keresete a neng a e naya monna mongwe wa mohumi ya gore a rekise dilo tsa gagwe mme a abele bahumanegi, Vaudès o ne a tlhomamisa gore lelapa la gagwe le eme sentle mo go tsa madi mme a aba dikhumo tsa gagwe gore a rere Efangele. (Mathaio 19:16-22) Go ise go ye kae, o ne a nna le balatedi ba moragonyana ba neng ba bidiwa Ba-Waldo. *

Vaudès o ne a amegile thata ka lehuma, go rera le Baebele mo botshelong jwa gagwe. Go nna kgatlhanong le go huma ga baruti e ne e se selo se sesha. Majelathoko a baruti a le mmalwa a ne a feditse nakonyana a kgala ditiro tse di maswe tse di dirwang ke kereke le go sa dirise taolo ga yone ka tsela e e tshwanetseng. Mme Vaudès e ne e se moruti, fela jaaka balatedi ba gagwe ba bantsi. Seno se bontsha sentle lebaka la go bo a ne a bona go tlhokega gore go nne le Baebele ka puo ya gabone e batho ba neng ba kgona go e tlhaloganya sentle. E re ka e ne e le baruti fela ba ba neng ba dirisa Baebele ya Selatine ya kereke, Vaudès o ne a laela gore Diefangele le dibuka tse dingwe tsa Baebele di ranolelwe mo puong ya Sefora sa batho ba kwa Provence, e leng puo e e tlhaloganngwang ke batho fela ba ba tlwaelegileng kwa botlhabagare jwa Fora. * Bahumanegi ba kwa Lyons ba ne ba dirisa taelo ya ga Jesu ka go rera molaetsa wa bone phatlalatsa mo mebileng. (Mathaio 28:19, 20) Rahisitori Gabriel Audisio o tlhalosa gore go rera ga bone phatlalatsa ba sa kgaotse ke yone kgang ya konokono e e bopileng maikutlo a kereke ka Ba-Waldo.

Bakatoliki ba Nna Bakgelogi

Mo metlheng eo, tiro ya go rera e ne e dirwa ke baruti fela, mme kereke ke yone e e neng e naya batho tetla ya go rera. Baruti ba ne ba tsaya Ba-Waldo e le batho ba ba sa rutegang e bile ba sa itse go bala le go kwala, mme ka 1179, Vaudès o ne a kopa tetla ya semolao ya go rera mo go Mopapa Alexander III. O ne a mo naya tetla eo—mme e ne e ikaegile ka gore baruti ba mo lefelong la gaabo ba dumalane. Rahisitori e bong Malcolm Lambert o bolela gore “seno se ne se batlile se tshwana fela le gore go gannwe gotlhelele.” Eleruri, Bishopomogolo e bong Jean Bellesmains wa kwa Lyons o ne a iletsa kafa molaong gore batho ba e seng baruti ba se ka ba rera. Vaudès o ne a arabela ka go nopola Ditiro 5:29: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” E re ka Vaudès a ne a sa dumalane le thibelo eo, o ne a kgaolwa mo kerekeng ka 1184.

Le mororo Ba-Waldo ba ne ba kobiwa mo kgaolong e e laolwang ke bishopo wa Lyons ba bo ba lelekwa mo motseng, go lebega katlholo eo e ne e sa gagamadiwa go le kalo kwa tshimologong. Batho ba le bantsi ba ba tlwaelegileng fela ba ne ba rata Ba-Waldo ka ntlha ya bopeloephepa jwa bone le tsela e ba neng ba tshela ka yone, tota le babishopo ba ne ba sa kgaotse go bua le bone.

Go ya ka rahisitori e bong Euan Cameron, go bonala bareri ba Ba-Waldo ba ne ba sa “ganetse Kereke ya Roma ka boyone.” Ba ne fela ba “batla go rera le go ruta.” Borahisitori ba re melawana e mentsi e e neng e tswelela pele go ba kganela ka dinako tsotlhe e ne ya dira gore mokgatlho ono e nne wa bakgelogi. Go kgalwa ga Kereke go ne ga felela ka thibelo e Lekgotla la Bonè la Lateran le neng la e ntsha kgatlhanong le Ba-Waldo ka 1215. Seno se ne sa ama jang go rera ga bone?

Ba Rera ka go Iphitlha

Vaudès o ne a tlhokafala ka ngwaga wa 1217, mme pogiso ya gasamisetsa balatedi ba gagwe kwa mekgatšheng ya dithaba tsa Fora, kwa Jeremane, kwa Italy bokone le kwa Botlhaba le kwa Bogare jwa Yuropa. Gape, pogiso e ne ya dira gore Ba-Waldo ba nne mo metseselegaeng, mme seno se ne sa dira gore ba se ka ba kgona go rera mo mafelong a le mantsi.

Ka 1229, Kereke ya Katoliki e ne ya wetsa Botlhabanelatumelo jwa yone kgatlhanong le Ba-Cathar, kgotsa Ba-Albi, kwa borwa jwa Fora. * Morago ga moo ya tlhasela Ba-Waldo. Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi e ne e tlile go atlhola setlhogo botlhe ba ba ganetsang kereke. Poifo e ne ya dira gore Ba-Waldo ba rere ka go iphitlha. Ka ngwaga wa 1230, ba ne ba sa tlhole ba rera phatlalatsa. Audisio o tlhalosa jaana: “Go na le gore ba ye go batla dinku tse disha . . . , ba ne ba tshwarega thata ka go tlhokomela basokologi, ba ba tshegetsa mo tumelong fa ba ntse ba lebane le kgatelelo le pogiso e e tswang kwa ntle.” O oketsa ka go re “go rera go ne ga sala go ntse go le botlhokwa mme go ne go fetogile gotlhelele, go dirwa ka mokgwa o sele.”

Tumelo ya Bone le Mekgwa ya Bone

Go na le gore banna le basadi ba nne le seabe mo tirong ya go rera, mo lekgolong la bo14 la dingwaga, Ba-Waldo ba ne ba dirile pharologanyo fa gare ga bareri le badumedi. Banna ba ba thapisitsweng sentle ke bone fela ba ka nako eo ba neng ba nna le seabe mo tirong ya go ruta. Baruti bano ba ba neng ba tsamaya ba ruta mo mafelong a a farologaneng ba ne ba simolola go bidiwa bo-barbe (bomalome).

Go na le gore bo-barbe bano ba ba neng ba etela malapa a Ba-Waldo kwa magaeng a bone ba anamise mokgatlho ono, ba ne ba tshwarega thata ka go dira gore o se ka wa nyelela. Bo-barbe botlhe ba ne ba kgona go bala le go kwala, mme thapiso ya bone e e neng e tsaya dingwaga di le thataro, e ne e remeletse thata mo Baebeleng. Go dirisa Baebele ka puo ya bone go ne go ba thusa go e tlhalosetsa matsomane a bone. Tota le baganetsi ba ne ba dumela gore Ba-Waldo mmogo le bana ba bone, ba ne ba dumela thata mo Baebeleng mo e leng gore ba ne ba kgona go nopola ditemana tse dintsi tsa Dikwalo.

Dingwe tsa dilo tse Ba-Waldo ba neng ba le kgatlhanong le tsone e ne e le go aka, pakatori, mokete wa Mmisa wa baswi, go ipobola mo go bomopapa le go itlhapedisa, le go obamela Marea le “baitshepi.” Gape ba ne ba keteka moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Sejo sa Morena sa Maitseboa, kgotsa Selalelo sa Bofelo. Go ya ka Lambert, mofuta wa kobamelo ya bone “tota e ne e le bodumedi jwa batho fela ba e seng baruti.”

“Botshelo Jwa Boitimokanyi”

Setšhaba sa Ba-Waldo se ne se utlwana thata. Batho ba ne ba nyalelana gone mo mokgatlhong wa bone, mme go ralala makgolokgolo a dingwaga, seno se ne sa dira gore go nne le difane tsa Ba-Waldo. Le fa go ntse jalo, Ba-Waldo ba ne ba sa batle go ntsha megopolo ya bone ka gone ba kgaratlhela gore ba se ka ba nyelela. Sephiri sa bodumedi jwa bone le mekgwa ya bone se ne se dira gore go nne motlhofo gore baganetsi ba ba latofatse ka tsela e e feteletseng, ka sekai, ba bolela gore ba obamela Diabolo. *

Tsela e nngwe e Ba-Waldo ba neng ba lebana le ditatofatso tse di ntseng jalo ka yone e ne e le ka go ineela ba bo ba dira se rahisitori Cameron a se bitsang “go dumalana go sekae fela” le kobamelo ya Katoliki. Ba-Waldo ba le bantsi ba ne ba ipobola mo baruting ba Katoliki, ba nna gone mo meletlong ya Mmisa, ba dirisa metsi a a rapeletsweng e bile ba tsaya maeto a sedumedi. Lambert o akgela jaana: “Ba ne ba dira dilo di le dintsi ka tsela e baagelani ba bone ba Bakatoliki ba neng ba di dira ka yone.” Audisio o tlhalosa a sa fitlhe sepe gore fa nako e ntse e tsamaya, Ba-Waldo “ba ne ba tshela botshelo jwa boitimokanyi.” O oketsa jaana: “Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ne ba itshwara jaaka Bakatoliki gore ba sireletse kagisonyana e ba neng ba na le yone; mo letlhakoreng le lengwe, ba ne ba boloka dingwao dingwe di le mmalwa le mekgwa mengwe e e neng e tlhomamisa gore setšhaba sa bone se se ka sa nyelela.”

Bakgelogi ba Nna Baporotesetanta

Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, Phetogo e Kgolo ya Bodumedi e ne ya fetola bodumedi jwa Yuropa fela thata. Batho ba ba neng ba bogisiwa ke ba ba sa rateng bodumedi jwa bone ba ne ba ka kopa molao mo nageng ya bone gore o ba thuse kgotsa ba ne ba ka falalela kwa dinageng tse dingwe tse ba neng ba se kitla ba tshwenngwa kwa go tsone. Kgang fela ya bokgelogi le yone e ne ya se ka ya tlhola e tsewa tsia go le kalo e re ka batho ba le bantsi ba ne ba setse ba simolotse go belaela dithuto tsa motheo tsa bodumedi.

Bogologolo ka 1523, Modiradiphetogo yo o itsegeng thata e bong Martin Luther o ne a bua ka Ba-Waldo. Ka 1526, mongwe wa bo-barbe ba Ba-Waldo o ne a tlisa dikgang kwa Alps tsa kafa bodumedi bo neng bo tsweletse pele ka gone kwa Yuropa. Morago ga seno Baporotesetanta ba ne ba naana dikgopolo le Ba-Waldo ka lobakanyana. Baporotesetanta ba ne ba kgothaletsa Ba-Waldo gore ba etleetse thanolo ya ntlha ya Baebele ka madi go tswa mo dipuong tsa ntlha go ya mo puong ya Sefora. E ne ya gatisiwa ka 1535 mme moragonyana ya itsiwe jaaka Baebele ya Olivétan. Le fa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore Ba-Waldo ba le bantsi ba ne ba sa tlhaloganye Sefora.

Fa Kereke ya Katoliki e ntse e bogisa Ba-Waldo, ba le bantsintsi ba bone ba ne ba nna mo kgaolong e e sireletsegileng ya Provence kwa borwa jwa Fora, jaaka bafaladi ba Baporotesetanta. Go ise go ye kae balaodi ba puso ba ne ba lomiwa tsebe kaga bofaladi jono. Go sa kgathalesege dipego di le dintsi tse di molemo ka mokgwa wa botshelo le boitsholo jwa Ba-Waldo, batho bangwe ba ne ba belaela boikanyegi jwa bone e bile ba ba latofatsa ka la gore ba senya kagiso e ba nang le yone. Go ne ga ntshiwa taolo ya Mérindol, e e neng ya felela ka tshololo e e seng kana ka sepe ya madi e go begilweng ka yone kwa tshimologong ya setlhogo seno.

Kamano fa gare ga Bakatoliki le Ba-Waldo e ne ya senyegela pele. E ne ya re fa Ba-Waldo ba tsibogela ditlhaselo tse ba neng ba tlhaselwa ka tsone, ba dirisa le dibetsa go itshireletsa. Ntwa eno e ne ya dira gore ba tsene mo letsomaneng la Baporotesetanta. Ka jalo Ba-Waldo ba ne ba itsalanya le kereke e kgolo ya Porotesetanta.

Fa makgolokgolo a dingwaga a ntse a kgabaganya, dikereke tsa Ba-Waldo di ile tsa tlhongwa kwa dinageng tse di kgakala le Fora jaaka Uruguay le United States. Le fa go ntse jalo, borahisitori ba le bantsi ba dumalana le Audisio, yo o bolelang gore “Tumelo ya Ba-Waldo e ne ya khutla ka nako ya Phetogo e Kgolo ya Bodumedi,” fa e ne e “komediwa” ke Bodumedi jwa Porotesetanta. Tota e bile, go ne go setse go fetile makgolo a se kae a dingwaga mokgatlho wa Ba-Waldo o feletswe ke tlhagafalo ya one ya kwa tshimologong. Seno se ne sa direga fa maloko a bone a ne a boifa a bo a tlogela tiro e e theilweng mo Baebeleng ya go rera le go ruta.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Vaudès o bidiwa ka maina a a farologaneng a a jaaka Valdès, Valdesius kgotsa Waldo. “Ba-Waldo” ba teeletswe ka leina leno la bofelo. Ba-Waldo ba ne gape ba itsiwe e le Bahumanegi ba kwa Lyons.

^ ser. 8 Mo masimologong a 1199, bishopo wa kwa Metz, kwa bokonebotlhaba jwa Fora, o ne a ngongorega mo go Mopapa Innocent III gore batho ba ne ba bala Baebele le go tlotla ka yone ba dirisa puo ya bone. Bishopo yo o tshwanetse a bo a ne a bua ka Ba-Waldo.

^ ser. 15 Bona “Ba-Cathar—A e Ne e Le Baswelatumelo ba Bakeresete?” mo go Tora ya Tebelo, ya September 1, 1995, ditsebe 27-30.

^ ser. 21 Go nna Ba-Waldo ba senngwa leina jaana go ne ga dira gore go nne le lefoko le lesha la vauderie (le le tswang mo lefokong la Sefora la vaudois). Le dirisiwa go tlhalosa batho ba go belaelwang gore ke bakgelogi kgotsa ke baobamedi ba ga Diabolo.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Mafelo a a tlhotlheleditsweng ke Ba-Waldo

FORA

Lyons

PROVENCE

Lubéron

Strasbourg

Roma

Milan

Berlin

Prague

Vienna

[Setshwantsho]

Ba-Waldo ba ne ba etleetsa go ranolwa ga Baebele ya Olivétan ya 1535 ka madi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Bible: © Cliché Bibliothèque nationale de France, Paris

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

VAUDÈS

Basadi ba babedi ba ba godileng ba Ba-Waldo ba a fisiwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pages 20 and 21: © Landesbildstelle Baden, Karlsruhe