Matsapa a go Ranola Baebele ka Segerika sa Segompieno
Matsapa a go Ranola Baebele ka Segerika sa Segompieno
O ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore kwa Gerika, naga e ka dinako dingwe e bidiwang boremelelo jwa kgololesego ya go akanya, go ile ga tlhokega matsapa a a tsereng lobaka lo loleele e bile a le boima go ranola Baebele ka puo ya batho fela. Le fa go ntse jalo, ke mang yo o neng a ka ganetsa go gatisiwa ga Baebele ya Segerika e e motlhofo go tlhaloganngwa? Ke ka ntlha yang fa mongwe a ne a ka batla go go thibela?
MOTHO a ka nna a akanya gore batho ba ba buang Segerika ba lesego ka gonne karolo e kgolwane ya Dikwalo Tse di Boitshepo e ne e kwadilwe ka puo ya bone kwa tshimologong. Le fa go ntse jalo, Segerika sa segompieno se farologane thata le Segerika sa thanolo ya Septuagint ya Dikwalo Tsa Sehebera le sa thanolo ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Tota e bile, mo dingwageng di le makgolo a le marataro tse di fetileng, bontsi jwa batho ba ba buang Segerika ba ile ba lemoga gore Segerika se se dirisiwang mo Baebeleng se thata go tlhaloganngwa jaaka e kete ke puo e sele. Go dirisiwa mareo a masha mo boemong jwa a bogologolo, mme go fetotswe mafoko a a dirisiwang, thutapuo le mokgwa wa go bopa diele.
Mekwalo ya Segerika ya lekgolo la bo3 go ya go la bo16 la dingwaga e supa gore go ile ga dirwa matsapa go ranola thanolo ya Septuagint ka Segerika se se neng se dirisiwa ka nako eo. Mo lekgolong la boraro la dingwaga, bishopo wa kwa Neocaesarea e bong Gregory (wa mo e ka nnang ka 213 C.E. go ya go mo e ka nnang ka 270 C.E.), o ne a ranola buka ya Moreri ka Segerika se se motlhofo go tswa mo thanolong ya Septuagint. Mo lekgolong la bo11 la dingwaga, Mojuda mongwe e bong Tobias ben Eliezer yo o neng a nna kwa Makedonia o ne a ranola dikarolo dingwe tsa Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano Tsa Baebele tsa thanolo ya Septuagint ka Segerika se se tlwaelegileng. O ne a ba a dirisa mokwalo wa Sehebera go thusa Bajuda ba kwa Makedonia ba ba neng ba bua Segerika fela mme ba bala mokwalo wa Sehebera. Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano tse di feletseng tsa mofuta ono di ne tsa gatisiwa kwa Constantinople ka 1547.
Matlhasedi a Lesedi mo Gare ga Lefifi
Mo lekgolong la bo15 la dingwaga fa Ba-Ottoman ba sena go gapa mafelo a a neng a dirisa Segerika a Mmusomogolo wa Byzantium, bontsi jwa batho ba koo ba ne ba nna ba sa rutega. Le fa Kereke ya Orthodox e ne e na le ditshiamelo tse dikgolo mo Mmusomogolong wa ga Ottoman, e ne ya dumelela gore balatedi ba yone ba humanege le gore ba nne batho ba ba sa rutegang ba maemo a a kwa tlase. Mokwadi mongwe wa Mogerika e bong Thomas Spelios o ne a akgela jaana: “Mokgele o mogolo thata wa Kereke ya Orthodox le thulaganyo ya yone ya thuto e ne e le go sireletsa maloko a yone mo tlhotlheletsong ya dikgopolo tsa Boiselamo le tsa Katoliki ya Roma. Seno se ne sa felela ka gore thuto ya Gerika e se ka ya gatela pele ka tsela nngwe.” Mo nakong eno e e sa itumediseng, batho ba ba ratang Baebele ba ne ba bona go tshwanela gore ba nametse batho ba ba tlaletsweng le go ba gomotsa ka buka ya Baebele ya Dipesalema. Go tloga ka 1543 go ya go 1835, go ne go na le dithanolo di le 18 tsa buka ya Dipesalema tse di ranotsweng ka Segerika se se buiwang ke batho fela.
Thanolo ya ntlha ya Segerika ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e ne ya ranolwa ka 1630 ke Maximus Callipolites, yo e neng e le moitlami wa Mogerika wa kwa Callipolis. Seno se ne sa direga ka kaelo le tshegetso ya ga Cyril Lucaris, bishopomogolo * O ne a bolawa ka go kgwagediwa go twe ke mooki. Le fa go ntse jalo, go ne ga gatisiwa dikhopi di ka nna 1 500 tsa thanolo ya ga Maximus ka 1638. Dingwaga di le 34 moragonyana, phuthego ya batsamaisi ba kereke ya Orthodox kwa Jerusalema e ne ya ntsha maikutlo a yone malebana le thanolo eno ka go bolela gore Dikwalo “ga di a tshwanela go balwa ke mongwe le mongwe fela mme di tshwanetse go balwa fela ke batho ba ba sekasekang dilo tse di kwa teng tsa semoya ba sena go dira dipatlisiso tse di tshwanetseng.” Seno se ne se kaya gore Dikwalo di tshwanetse go balwa fela ke baruti ba ba rutegileng.
wa kwa Constantinople yo moragonyana a neng a tla tlisa diphetogo mo Kerekeng ya Orthodox. Le fa go ntse jalo, Lucaris o ne a na le baganetsi mo kerekeng ba ba neng ba sa amogele maiteko ape a go dira diphetogo kgotsa gore Baebele e ranolelwe mo puong e e buiwang ke batho fela.Ka 1703, moitlami mongwe wa Mogerika wa kwa setlhaketlhakeng sa Lesbos e bong Seraphim, o ne a leka go gatisa thanolo e e boeleditsweng ya ga Maximus kwa Lontone. Fa lekgotla le le busang la kwa Engelane le sa mo thuse ka madi jaaka le ne le solofeditse, o ne a dirisa madi a gagwe go gatisa thanolo eno. Seraphim o ne a dirisa mafoko a a bogale mo ketapeleng ya gagwe go gatelela kafa go tlhokegang ka teng gore “Mokeresete mongwe le mongwe yo o ineetseng” a bale Baebele, mme a latofatsa baruti ba kereke ba maemo a a kwa godimo ka gore “ba batla go bipa maitshwaro a bone a a sa siamang ka go dira gore batho ba nne ba sa rutega.” Fela jaaka go ne go ka lebelelwa, baganetsi ba gagwe ba Ba-Orthodox ba ne ba dira gore a tshwarwe kwa Russia le go isiwa botshwarwa kwa Siberia, kwa a neng a swela gone ka 1735.
Moruti mongwe wa Mogerika o ne a bolela mafoko a a latelang malebana le thanolo e e boeleditsweng moragonyana ya ga Maximus a akgela ka tsela e batho ba ba buang Segerika ba neng ba le mo tlaleng ya semoya ka yone mo nakong eo: “Bagerika ba ne ba amogela Baebele eno e e Boitshepo mmogo le dithanolo tse dingwe ka lorato le ka tlhologelo. Ba ne ba e bala. Mme ba ne ba utlwa kutlobotlhoko ya bone e kokobetse le tumelo ya bone mo Modimong . . . e ne ya nonofa.” Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba ba etelela pele mo dilong tsa semoya ba ne ba boifa gore fa batho ba ne ba ka simolola go tlhaloganya Baebele, ditumelo le ditiro tsa baruti tse e seng tsa Dikwalo di ne di tla senoga. Ka jalo, ka 1823 le ka 1836, kantoro ya bishopomogolo ya kwa Constantinople e ne ya ntsha taelo ya gore go fisiwe dikhopi tsotlhe tsa dithanolo tseno tsa Baebele.
Moranodi yo o Pelokgale
Mo nakong eno ya kganetso e e bogale e mo go yone batho ba neng ba batla ka tlhoafalo go nna le kitso ya Baebele, go ne ga tlhaga motho mongwe wa maemo a a kwa godimo yo o neng a tla nna le seabe se segolo mo go ranoleng Baebele ka Segerika sa segompieno. Motho yono yo o pelokgale e ne e le Neofitos Vamvas, moitsedipuo yo o tlhomologileng le mokanoki wa Baebele yo o itsegeng tota, yo gantsi a tsewang e le mongwe wa “Barutisi ba Setšhaba.”
Vamvas o ne a bona sentle gore Kereke ya Orthodox e ne e le yone e e dirileng gore batho ba se ka ba itse dilo tsa semoya. O ne a dumela gore Baebele e ne e tshwanetse go ranolwa ka Segerika se se neng se buiwa ka nako eo gore batho ba tsoge semoyeng. Ka 1831, o ne a simolola go ranola Baebele ka Segerika se se rutiwang kwa dikolong, a thusiwa ke bakanoki ba bangwe. Thanolo ya gagwe e e feletseng e ne ya gatisiwa ka 1850. E re ka Kereke ya Orthodox ya Gerika e ne e sa batle go mo thusa, o ne a dirisana mmogo le Lekgotla la Baebele la Boritane le Dipuo Tsa Dinaga Tse Dingwe (BFBS [British and Foreign Bible Society]) go gatisa le go anamisa thanolo ya gagwe. Kereke e ne ya mmitsa “Moporotesetanta,” mme go ise go ye kae o ne a iphitlhela a kgaphetswe kwa thoko.
Thanolo ya ga Vamvas e ne e tsamaisana thata le thanolo ya King James Version mme e ne e tlhaela dilo dingwe fela jaaka thanolo eno ka gonne ka nako eo batho ba ne ba se na kitso e kalo ya Baebele le ya dipuo. Le fa go ntse jalo, go ne ga feta dingwaga di le dintsi e le yone Baebele e e kwadilweng ka Segerika Genesise 22:14; Ekesodo 6:3; 17:15; Baatlhodi 6:24.
se se gaufi thata le sa segompieno e batho ba neng ba ka nna le yone. Se se kgatlhang ke gore leina la Modimo le tlhaga ka makgetlho a le manè mo go yone, le kwadilwe e le “Ieová.”—Batho ka kakaretso ba ne ba ikutlwa jang ka thanolo eno ya Baebele le tse dingwe tse di neng di le motlhofo go tlhaloganngwa? Ba ne ba itumela fela thata! Mo seketswaneng sengwe gaufi le sengwe sa ditlhaketlhake tsa kwa Gerika, morekisi mongwe wa Dibaebele wa lekgotla la BFBS o ne a “farafarwa ke diketswana tse di tletseng bana ba ba neng ba tlile go reka [Dibaebele], mo a neng a tshwanelwa ke . . . go laela motsamaisi wa seketswana gore ba tsamaye” e seng jalo a ka tloga a tshwanelwa ke go di tlogela tsotlhe mo lefelong le le lengwe fela! Le fa go ntse jalo, baganetsi ga ba a ka ba nna fela ba sa dire sepe.
Baruti ba Ba-Orthodox ba ne ba tlhagisa batho gore ba se nne le dithanolo tse di ntseng jalo. Ka sekai, kwa motseng wa Athena, batho ba ne ba amogiwa Dibaebele. Ka 1833, bishopo wa Orthodox wa kwa Kereta o ne a fisa Dibaebele tsa “Tesetamente e Ntšha” tse a neng a di fitlhetse kwa lefelong la baitlami. Moruti mongwe o ne a fitlha khopi e le nngwe, mme batho ba ba nnang mo metseng e e fa gaufi ba ne ba fitlha dikhopi tsa bone go fitlha bishopo a tloga mo setlhaketlhakeng seo.
Dingwaga di le mmalwa moragonyana kwa setlhaketlhakeng sa Corfu, thanolo ya Baebele ya ga Vamvas e ne ya thibelwa ke Phuthego e e Boitshepo ya Batsamaisi ba Kereke ya Orthodox ya Gerika. Go ne ga ilediwa gore e se ka ya rekisiwa mme dikhopi tsa yone tse di neng di sa ntse di le teng di ne tsa senngwa. Kwa setlhaketlhakeng sa Chios, sa Síros le sa Mykonos, letlhoo la baruti ba mafelo ano le ne la dira gore Dibaebele di fisiwe. Le fa go ntse jalo, tiro ya go ranola Baebele e ne e sa ntse e tlile go thibelwa go ya pele.
Kgosigadi e Kgatlhegela Baebele
Mo dingwageng tsa bo1870, Kgosigadi Olga wa kwa Gerika o ne a lemoga gore batho ba kwa Gerika ka kakaretso ba ne ba sa ntse ba se na kitso e kalo ya Baebele. E re ka a ne a dumela gore go itse Dikwalo go ne go tla nametsa setšhaba le go se lapolosa, o ne a leka ka natla go dira gore Baebele e ranolwe ka puo e e motlhofo go feta e e dirisitsweng mo thanolong ya ga Vamvas.
Bishopomogolo wa kwa Athena le tlhogo ya Phuthego e e Boitshepo ya Batsamaisi ba Kereke e bong Prokopios, ba ne ba kgothatsa kgosigadi eno kwa thoko gore e tswelele ka tiro eo. Le fa go ntse jalo, Phuthego e e Boitshepo ya Batsamaisi ba Kereke e ne ya gana fa a kopa tetla ya semolao. Mme ga a ka a ineela, o ne a dira kopo e nngwe gape, e le yone e neng ya ganwa ka 1899. O ne a itlhokomolosa kgang ya gore ga a newa tetla mme a swetsa ka gore a dirise madi a gagwe go gatisa thanolo e e neng e tla gatisiwa ka dikhopi di le mmalwa fela. Seno se ne sa dirwa ka 1900.
Baganetsi Ba ba Sa Ineeleng Motlhofo
Ka 1901, lokwalodikgang lo lo itsegeng thata kwa Athena lwa The Acropolis, lo ne lwa gatisa Efangele
ya ga Mathaio e e neng e ranotswe ka Segerika se se Tlwaelegileng ke Alexander Pallis, moranodi yo o dirang kwa Liverpool, Engelane. Go bonala maitlhomo a ga Pallis le badiri ka ene e ne e le go ‘ruta Bagerika’ le go “namola setšhaba” mo tshenyegong.Baithuti ba thutabodumedi ya Orthodox le boporofesa ba bone ba ne ba bitsa thanolo eno ba re ke “go nyatsa dilo tsa botlhokwatlhokwa tsa kobamelo ya setšhaba,” go tlontlolola Dikwalo Tse di Boitshepo. Bishopomogolo Joakim III wa kwa Constantinople o ne a ntsha lekwalo le le ganang thanolo eno. Kgang eno e ne ya simolola go amana le dipolotiki, mme e ne ya dirisiwa ka boferefere ke ditlhopha tse di lwantshanang tsa dipolotiki.
Batho bangwe ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo ba ba anamisang dikgang kwa Athena ba ne ba simolola go tlhasela thanolo ya ga Pallis, ba bitsa batshegetsi ba yone ba re ke “balatolamodimo,” “baoki” le “badiredi ba dipuso tsa dinaga di sele” ba ba neng ba ikaeletse go senya setšhaba sa Bagerika. Go tloga ka November 5 go ya go November 8, 1901, baithuti ba ne ba tsosa dikhuduego kwa Athena ba tlhotlhelediwa ke batho ba ba ngangatletseng mekgwa ya bogologolo ya Kereke ya Orthodox ya Gerika. Ba ne ba tlhasela dikantoro tsa The Acropolis, ba gwantela kwa ntlong ya segosi, ba simolola go laola Yunibesithi ya Athena ba bo ba laela gore babusi ba role marapo. Fa dikhuduego di gakala, batho ba le robedi ba ne ba swa fa go ne go lowa le masole. Mo letsatsing le le latelang, kgosi e ne ya laela gore Bishopomogolo Prokopios a role marapo mme malatsi a le mabedi moragonyana maloko otlhe a Palamente a ne a leboga tiro.
Kgwedi moragonyana baithuti ba ne ba dira mogwanto gape ba bo ba fisa khopi ya thanolo ya ga Pallis phatlalatsa. Ba ne ba dira maitlamo kgatlhanong le go anamisiwa ga thanolo eno ba bo ba kopa gore motho ope yo o ka lekang go e anamisa mo isagweng a newe kotlhao e e botlhoko. Seno se ne sa tlhotlheletsa gore go dirisiwa ga thanolo epe ya Baebele ka Segerika sa segompieno go ilediwe. A bo eo e ne e le nako e e tletseng bosula jang ne!
‘Lefoko la ga Jehofa le Nnela Ruri’
Ka 1924, thibelo ya gore go se ka ga dirisiwa Baebele ka Segerika sa segompieno e ne ya tlosiwa. Fa e sa le ka nako eo, maiteko a Kereke ya Orthodox ya Gerika a go thibela batho go nna le Baebele a ile a itaya se fololetse. Go ntse go le jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba etelela pele mo tirong ya go ruta batho Baebele kwa Gerika, fela jaaka ba ile ba dira le mo dinageng tse dingwe tse dintsi. Fa e sa le ka 1905, ba ile ba dirisa thanolo ya ga Vamvas go thusa batho ba le diketekete ba ba buang Segerika gore ba itse boammaaruri jwa Baebele.
Mo dingwageng tse di ntseng di feta, bakanoki ba le bantsi le boporofesa ba ile ba dira maiteko a magolo a go ranola Baebele ka Segerika sa segompieno. Gompieno go na le dithanolo di ka nna 30 tsa Baebele, e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone, tse Bagerika fela ba ba tlwaelegileng ba kgonang go di bala. Letlotlo la boammaaruri le ba nang le lone ke thanolo ya Segerika ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, e e neng ya gololwa ka 1997 gore batho ba le dimilione di le 16 ba ba buang Segerika mo lefatsheng lotlhe ba solegelwe molemo. Thanolo eno e e gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa, e baya Lefoko la Modimo ka tsela e e motlhofo go balwa le go tlhaloganngwa, mme e latela mokwalo wa ntlhantlha ka tlhomamo.
Matsapa a a tserweng go ranola Baebele ka Segerika sa segompieno a bontsha ntlha nngwe ya botlhokwa. A bontsha sentle gore le fa maiteko a batho a ka nna bosula jang, ‘lefoko la ga Jehofa le nnela ruri.’—1 Petere 1:25.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 7 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Cyril Lucaris bona Tora ya Tebelo ya February 15, 2000, tsebe 26-9.
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Ka 1630, Cyril Lucaris o ne a kaela tiro ya go ranola thanolo ya ntlha e e feletseng ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika
[Motswedi wa Setshwantsho]
Bib. Publ. Univ. de Genève
[Ditshwantsho mo go tsebe 28]
Dingwe tsa dithanolo tsa Segerika se se buiwang: Dipesalema tse di gatisitsweng ka: (1) 1828 ke Ilarion, (2) 1832 ke Vamvas, (3) 1643 ke Julianus. “Tesetamente e Kgologolo” e e gatisitsweng ka: (4) 1840 ke Vamvas
Kgosigadi Olga
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Bibles: National Library of Greece; Queen Olga: Culver Pictures
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]
Papyrus: Reproduced by kind permission of The Trustees of the Chester Beatty Library, Dublin
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]
Papyrus: Reproduced by kind permission of The Trustees of the Chester Beatty Library, Dublin