“Ba ba Pelonolo ba Tla Rua Lefatshe”—Jang?
“Ba ba Pelonolo ba Tla Rua Lefatshe”—Jang?
“O KA tswa o tlwaetse mafoko a ga Jesu a a itumedisang a gore ‘ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe.’ Mme ka ntlha ya tsela e batho ba tshwaranang ka yone le e ba tshwarang lefatshe ka yone, o akanya gore go tla sala eng se ba ba pelonolo ba ka se ruang?”—Mathaio 5:5; Pesalema 37:11.
Myriam, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa, o ne a dirisa potso eo go simolola motlotlo wa Baebele. Monna yo a neng a bua le ene o ne a araba ka gore fa e le gore ke Jesu a dirileng tsholofetso eo, go raya gore lefatshe e tla bo e le lefelo le le tshwanelwang ke go bidiwa boswa e seng lefelo le le swafaditsweng kgotsa thotobolo e go ka se nniweng mo go yone.
Eleruri eo e ne e le karabo ya motho yo o nang le tsholofelo. A mme re na le lebaka la go leba pele kwa isagweng ka tsholofelo jalo? Ee, re na le lone, ka gonne Baebele e re naya mabaka a a utlwalang tota a go dumela gore tsholofetso eo e tla diragadiwa. Tota e bile, go diragadiwa ga tsholofetso eo go amana thata le boikaelelo jwa Modimo ka batho le ka lefatshe. Mme re tlhomamisediwa gore Modimo o tla diragatsa maikaelelo a gagwe. (Isaia 55:11) Ka jalo, boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho e ne e le eng mme bo tla diragadiwa jang?
Boikaelelo Jwa Modimo jo bo Nnelang Ruri ka Lefatshe
Jehofa Modimo o dirile lefatshe ka boikaelelo bongwe. “Jehofa o buile jaana, Mmopi wa magodimo, Ene Modimo wa boammaaruri, Mmopi wa lefatshe le Modiri wa lone, Ene Yo o le tlhomamisitseng thata, yo o sa le bopelang lefela, yo o le bopetseng go nniwa: ‘Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.’” (Isaia 45:18) Ka jalo lefatshe le ne le bopetswe gore batho ba nne mo go lone. Gape boikaelelo jwa Modimo ke gore lefatshe le nne legae le le nnelang ruri la batho. “O thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng; ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.”—Pesalema 104:5; 119:90.
Boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe gape bo bonala sentle mo go se a neng a laela batho ba ntlha ba babedi gore ba se dire. Jehofa o ne a raya Adame le Efa a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.” (Genesise 1:28) Lefatshe, le Modimo a neng a le beile mo tlhokomelong ya ga Adame le Efa, le ne le tlile go nna legae la bone le bana ba bone. Mopesalema o ne a bua jaana makgolokgolo a dingwaga moragonyana: “Fa e le magodimo, magodimo ke a ga Jehofa, mme lefatshe o le neile bana ba batho.”—Pesalema 115:16.
Gore Adame le Efa mmogo le bana ba bone ba nne le tsholofelo eno e e molemolemo, ba ne ba tshwanetse go amogela Jehofa Modimo, Genesise 2:16, 17) Gore Adame le Efa ba tswelele ba nna mo tshingwaneng ya Edene, ba ne ba tshwanetse go ikobela taelo eno e e neng e utlwala sentle. Fa ba dira jalo ba ne ba tla bo ba bontsha gore ba lebogela sotlhe se Rre yo o kwa legodimong a se ba diretseng.
Mmopi le Moneibotshelo e le Molaodimogolo wa bone e bile ba tshwanetse go iketleeletsa go mo ikobela. Jehofa o ne a bua seno ka tlhamalalo fa a ne a naya motho taelo eno: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Fa Adame le Efa ba ne ba sa utlwe Modimo ka boomo ka go se ikobele taelo e ba neng ba e neilwe, ba ne ba furalela ene yo o ba neileng sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone. (Genesise 3:6) Ka go dira jalo, ba ne ba latlhegelwa ke legae la bone le lentle la Paradaise, bone le bana ba bone. (Baroma 5:12) A go tlhoka kutlo ga banyalani ba ntlha go ne ga kgoreletsa boikaelelo jwa Modimo jwa go bopa lefatshe?
Modimo yo o Iseng a Fetoge
Modimo o ne a bolela jaana a dirisa moporofeti wa gagwe Malaki: “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.” (Malaki 3:6) Fa mokanoki wa Baebele wa Mofora L. Fillion a ne a akgela ka temana eno o ne a re mafoko ano a amana thata le go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo. Fillion o ne a kwala jaana: “Jehofa o ne a ka nyeletsa batho ba gagwe ba ba tsuologang, mme ka gonne a sa fetoge mo ditsholofetsong tsa gagwe, le fa go ka diregang o tla ikanyega mo ditsholofetsong tse a di dirileng mo nakong e e fetileng.” Modimo a ka se lebale sepe se a se solofetsang motho, setšhaba kgotsa batho botlhe, mme o tla se diragatsa ka nako ya gagwe e a e beileng. “O gakologetswe kgolagano ya gagwe ka bosakhutleng, lefoko le a le laotseng, go fitlha dikokomaneng tse di sekete.”—Pesalema 105:8.
Ka jalo re ka tlhomamisega jang gore Jehofa ga a ise a fetole boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong malebana le lefatshe? Re ka tlhomamisega ka seno ka gonne mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng, Baebele, go nna go umakiwa gore boikaelelo jwa Modimo ke go naya batho ba ba kutlo lefatshe. (Pesalema 25:13; 37:9, 22, 29, 34) Gape Dikwalo di tlhalosa gore batho ba ba segofadiwang ke Jehofa ba nna mo polokesegong, mongwe le mongwe a ntse “kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige” go se na “ope yo o ba boifisang.” (Mika 4:4; Esekiele ) Ba ba tlhophiwang ke Jehofa “ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one.” Ba tla nna mo kagisong le dibatana tsa naga tota.— 34:28Isaia 11:6-9; 65:21, 25.
Baebele e re thusa go bona gore se Modimo a se solofetsang se tlile go nna jang. Ka nako ya fa go ne go busa Kgosi Solomone, setšhaba sa Iseraele se ne se le mo kagisong e bile se atlegile. Mo pusong ya gagwe, “batho ba Juda le ba Iseraele ba tswelela go nna ka polokesego, mongwe le mongwe ka fa tlase ga mofine wa gagwe le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, go tswa Dana go ya Beere-sheba, malatsi otlhe a ga Solomone.” (1 Dikgosi 4:25) Baebele ya re Jesu o ‘feta Solomone,’ mme fa mopesalema a bua ka puso ya ga Jesu, o ne a bua jaana ka tsela ya boporofeti: “Mo metlheng ya gagwe mosiami o tla tlhoga, le letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng.” Ka nako eo, “go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Luke 11:31; Pesalema 72:7, 16.
Ka gonne Jehofa Modimo a batla go ikanyega mo go se a se buileng, o tla tlhomamisa gore boswa jo bo solofeditsweng bo nna teng mme gape o re naya jone bo na le kgalalelo yotlhe e bo neng bo na le yone pele. Mo go Tshenolo 21:4, Lefoko la Modimo le re bolelela gore mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng, Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [batho], mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” Se se solofeditsweng e tla bo e le Paradaise tota.—Luke 23:43.
Kafa o ka Bonang ka Teng Boswa jo bo Solofeditsweng
Go fetolwa ga lefatshe go nna paradaise go tla dirwa ke puso e e laolang e le kwa legodimong, Bogosi jo Jesu Keresete e tla bong e le Kgosi ya jone. (Mathaio 6:9, 10) Sa ntlha, Bogosi joo bo tla “senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18; Daniele 2:44) Go tswa foo “Kgosana ya Kagiso,” Jesu Keresete, o tla diragatsa mafoko ano a boporofeti: “Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela.” (Isaia 9:6, 7) Mo Bogosing joo, batho ba le dimilione, go akaretsa ba ba tla busediwang botshelong ka go tsosiwa mo baswing, ba tla bulegelwa ke sebaka sa go rua lefatshe.—Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.
Ke bomang ba ba tla jang boswa joo jo bo molemolemo? Sekaseka mafoko ano a ga Mathaio 5:5) Go nna bonolo go kayang? Gantsi didikishinare di tlhalosa “bonolo” di re ke “go nna pelonolo, bokgwabo, bopelonomi.” Le fa go ntse jalo, lefoko la ntlhantlha la Segerika le le dirisitsweng le raya se se fetang seo. New Testament Wordbook, ya ga William Barclay ya re: “Lefoko leno le na le bonolo mo go lone, mme mo bonolong jono, go na le nonofo e e tshwanang le ya tshipi.” Le kaya boikutlo jwa mogopolo jo bo dirang gore motho a kgone go itshokela go utlwisiwa botlhoko mme a sa nne le letlhoo e bile a sa batle go ipusolosetsa. O dira seno sotlhe ka go bo a na le kamano e e molemo le Modimo, mme kamano eo e a mo nonotsha.—Isaia 12:2; Bafilipi 4:13.
Jesu: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Motho yo o bonolo o dirisa melao ya Modimo ka boikokobetso mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa gagwe; ga a gatelele gore dilo di dirwe ka tsela e ene a lebang dilo ka yone kgotsa go ya ka tsela e batho ba bangwe ba lebang dilo ka yone. Gape ke motho yo o iketleeleditseng go rutwa, go rutwa ke Jehofa. Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana: “[Jehofa] o tla dira gore ba ba pelonolo ba tsamaye mo tshwetsong ya gagwe ya boatlhodi, mme o tla ruta ba ba pelonolo tsela ya gagwe.”—Pesalema 25:9; Diane 3:5, 6.
A o tla nna mongwe wa batho ba ba “pelonolo” ba ba tla ruang lefatshe? Le wena o ka nna le tsholofelo ya go rua lefatshe la paradaise le go tshelela ruri mo go lone ka go ithuta ka Jehofa le ka thato ya gagwe, mme seo o ka se dira ka go ithuta Lefoko la gagwe ka tlhoafalo le go dirisa se o se ithutang.—Johane 17:3.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Re kgona go bona boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe fa re leba tiro e a neng a e naya Adame le Efa go e dira
[Setshwantsho mo go tsebe 6, 7]
Kagiso le polokesego tsa puso ya ga Solomone di re thusa go bona gore boswa jo re bo solofeditsweng bo tla bo bo ntse jang
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Dinku le thaba e e kwa morago: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.; Arabian oryx: Hai-Bar, Yotvata, Israel; molemi a lema: Garo Nalbandian
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
A o tla bo o le teng kwa lefatsheng le lesha la tshiamo le le tlang?