Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Eletsa go Nna mo Lefatsheng Le le Se Nang Poifo?

A o Eletsa go Nna mo Lefatsheng Le le Se Nang Poifo?

A o Eletsa go Nna mo Lefatsheng Le le Se Nang Poifo?

“Re tshela mo nakong e mo go yone ‘re tlhokang go nna re ntshitse matlho dinameng . . . le e go tletseng boitlhobogo mo go yone,’ mme seno se bakwa ke ‘kotsi nngwe e e sa tlhaloganngweng sentle . . . e e ka itayang nako nngwe le nngwe ka tsela epe fela go sa lebelelwa.’”

MAFOKO ao, a a nopotsweng ngwaga o o fetileng mo makasineng wa Newsweek, a tlhalosa maikutlo a batho ba bantsi ba ba tshelang mo lefatsheng la gompieno le le sa iketlang. Jesu Keresete o ne a bontshitse gore maikutlo a a ntseng jalo a ne a tla oketsega mo nakong e e neng e sa ntse e tla. O ne a bolelela pele nako e go tla bong go na le tlalelo e kgolo mo ditšhabeng, gore di ne di se kitla di nna le kgoro ya botso mme batho ba ne ba tla tepelela ka ntlha ya poifo le dilo tse di tlelang lefatshe. Le fa go ntse jalo, ga go tlhokege gore rona re boife kgotsa re itlhoboge ka gonne Jesu o ne a oketsa ka go re: “Fa dilo tseno di simolola go diragala, emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.”—Luke 21:25-28.

Jehofa Modimo o ne a bolela jaana fa a ne a tlhalosa maemo a batho ba gagwe mo lefatsheng ba neng ba tlile go tshela mo go one fa ba sena go gololwa: “Batho ba me ba tla nna mo lefelong la bonno le le nang le kagiso le mo maagong a tshepo e e feletseng le mo mafelong a boikhutso a a nnang a sa tshwenyege.” (Isaia 32:18) Jehofa o ne a bua jaana a dirisa moporofeti wa gagwe Mika: “Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.”—Mika 4:4.

A bo tlhaloso eo e farologane thata jang le kafa botshelo bo ntseng ka teng gompieno! Go tla bo go se na kotsi epe e e tshosetsang batho. Go na le gore batho ba nne ba ntshitse matlho dinameng le go itlhoboga, ba tla nnela ruri mo kagisong ba itumetse.